Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1 • DITIRO 1:1–6:7

“Lo Tladitse Jerusalema ka Thuto ya Lona”

“Lo Tladitse Jerusalema ka Thuto ya Lona”

DITIRO 5:28

Go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E., fela fa barutwa ba ga Jesu ba sena go tshololelwa moya o o boitshepo, ba ne ba tshwarega thata ka tiro ya go naya bosupi ka Bogosi jwa Modimo. Mo karolong eno, re tlile go sekaseka pego e e itumedisang ya fa phuthego ya Bokeresete e ne e simololwa, bosupi jo bo maatla jo bo neng jwa neelwa kwa Jerusalema le bopelokgale jo baaposetoloi ba neng ba nna le jone fa ba ne ba ganediwa setlhogo.