Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 5

“Re Tshwanetse go Ikobela Modimo e le Mmusi”

“Re Tshwanetse go Ikobela Modimo e le Mmusi”

Baaposetoloi ba tlhoma sekao se Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetseng go se latela

E tswa mo go Ditiro 5:12–6:7

1-3. (a) Ke eng fa baaposetoloi ba tlisitswe fa pele ga Sanehederine, mme totatota kgangkgolo ke eng? (b) Ke eng fa re kgatlhegela thata go itse se baaposetoloi ba neng ba se dira?

 BAATLHODI ba Sanehederine ba ntse ba tlala bogale! Baaposetoloi ba ga Jesu ba sekisiwa mo kgotlatshekelong eno e kgolo. Ka ntlha yang? Josefa Kaiafase, yo e leng moperesiti yo mogolo e bile e le molaodi wa Sanehederine, o bua le bone jaana ka bogale: “Re ne ra lo laela thata gore lo se ka lwa nnela go ruta ka leina leno.” Molaodi yono o galefile mo a sa kgoneng le go bitsa leina la ga Jesu. Kaiafase o tswelela ka go re, “lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona, e bile lo batla gore re bonwe molato wa loso lwa monna yono.” (Dit. 5:28) Tota o ba raya a re: Tlogelang go rera—go seng jalo!

2 Baaposetoloi ba tla dira eng? Tiro eno ya go rera ba e neilwe ke Jesu, yo taolo ya gagwe e neng e tswa kwa Modimong. (Math. 28:18-20) A baaposetoloi ba tla ineela ka ntlha ya go boifa batho mme ba tlogele go rera? Kgotsa a ba tla nna le bopelokgale jwa go nna ba nitame mme ba tswelele pele ba rera? Totatota kgangkgolo ke go re: A ba tla utlwa Modimo kgotsa motho? Moaposetoloi Petere o buelela baaposetoloi botlhe a sa okaoke. Mafoko a gagwe a utlwala sentle e bile ke a bopelokgale.

3 Rona Bakeresete ba boammaaruri, re kgatlhegela thata go itse gore baaposetoloi ba ne ba dira eng fa Sanehederine e ne e ba tshosetsa. Le rona re neilwe tiro ya go rera. Re ka nna ra lebana le kganetso fa re ntse re diragatsa tiro eno e re e neilweng ke Modimo. (Math. 10:22) Baganetsi ba ka nna ba leka go re beela dithibelo kgotsa go emisa tiro ya rona gotlhelele. Re tla dira eng? Re ka solegelwa molemo ke go sekaseka se baaposetoloi ba neng ba se dira le maemo a a dirileng gore ba feleletse ba le mo tshekong fa pele ga Sanehederine. a

“Moengele wa ga Jehofa O ne A Bula Dikgoro” (Ditiro 5:12-21a)

4, 5. Ke eng fa Kaiafase le Basadukae ba ne ba ‘galefa’?

4 O tla gakologelwa gore lekgetlo la ntlha fa Petere le Johane ba ne ba laelwa gore ba tlogele go rera, ba ne ba araba ba re: “Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” (Dit. 4:20) Fa Petere le Johane ba tloga fa pele ga Sanehederine, bone le baaposetoloi ba bangwe botlhe ba ne ba tswelela pele ba rera mo tempeleng. Baaposetoloi ba ne ba dira ditshupo tse dikgolo, tse di jaaka go fodisa balwetse le go leleka madimona. Ba ne ba dira dilo tseno “mo Mathuding a ga Solomone,” e leng lefelo le le ruletsweng le le kafa botlhaba jwa tempele, kwa Bajuda ba le bantsi ba neng ba kokoana gone. Tota e bile, go bonala batho ba ne ba fola fa moriti wa ga Petere o ne o ba wela! Batho ba le bantsi ba ba neng ba fodisiwa mo mmeleng ba ne ba amogela lefoko la Modimo la boammaaruri. Ka ntlha ya moo, “ba ba dumelang mo Moreneng ba ne ba tswelela ba oketsega, banna le basadi ba le bantsintsi.”—Dit. 5:12-15.

5 Kaiafase le lekoko la bodumedi la Basadukae le a neng a le leloko la lone, ba ne ba ‘galefa’ mme ba latlhela baaposetoloi mo kgolegelong. (Dit. 5:17, 18) Ke eng fa Basadukae ba ne ba galefile jaana? Baaposetoloi ba ne ba ruta gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing, mme Basadukae bone ba ne ba sa dumele mo kgannyeng ya tsogo. Baaposetoloi ba ne ba re motho a ka bolokwa fela fa a dumela mo go Jesu, mme Basadukae ba ne ba tshaba go otlhaiwa ke Baroma fa batho ba ne ba ka tsaya Jesu e le ene Moeteledipele wa bone. (Joh. 11:48) Ke gone ka moo Basadukae ba neng ba ikemiseditse go didimatsa baaposetoloi!

6. Ke bomang gompieno ba totatota ba tlhotlheletsang go bogisiwa ga batlhanka ba ga Jehofa, mme ke eng fa seno se sa tshwanela go re gakgamatsa?

6 Le gompieno, batho ba tota ba tlhotlheletsang gore batlhanka ba ga Jehofa ba bogisiwe ke baganetsi ba bodumedi. Gantsi batho bano ba leka go tlhotlheletsa balaodi ba puso le metswedi ya tshedimosetso go dira gore re kgaotse go rera. A seo se tshwanetse sa re gakgamatsa? Nnyaa. Molaetsa wa rona o senola bodumedi jwa maaka. Fa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba amogela boammaaruri jwa Baebele, ba gololwa mo ditumelong le mo ditlwaelong tse e seng tsa Dikwalo. (Joh. 8:32) Ka jalo, ga go gakgamatse fa gantsi molaetsa wa rona o dira gore baeteledipele ba bodumedi ba tlale lefufa le go re tlhoa.

7, 8. Taelo ya moengele e ne ya ama baaposetoloi jang, mme re tshwanetse go ipotsa potso efe?

7 Fa baaposetoloi ba ntse ba le mo kgolegelong ba emetse go sekisiwa, ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore a baba ba bone ba ne ba tla tloga ba ba bolaela tumelo ya bone. (Math. 24:9) Mme mo bosigong joo, go ne ga direga sengwe se se neng se sa lebelelwa—“moengele wa ga Jehofa o ne a bula dikgoro tsa kgolegelo.” b (Dit. 5:19) Go tswa foo, o ba laela jaana: ‘Emang mo tempeleng’ mme ‘lo tswelele lo bua.’ (Dit. 5:20) Ga go pelaelo gore taelo eo e ne ya tlhomamisetsa baaposetoloi gore ba ne ba ntse ba dira se se siameng. Gape mafoko a moengele a ka tswa a ne a ba nonotsha gore ba nne ba nitame go sa kgathalesege se se diregileng. Baaposetoloi ba ne “ba tsena mo tempeleng fa letsatsi le tlhaba mme ba simolola go ruta,” ba nonofile mo tumelong e bile ba le pelokgale.—Dit. 5:21.

8 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ke ne ke tla nna le tumelo le bopelokgale jo bo tlhokegang gore ke tswelele pele ke rera mo maemong a a tshwanang le ano?’ Re ka nonotshiwa ke go itse gore tiro eno e e botlhokwa ya go “ntsha bosupi jo bo tletseng ka Bogosi Jwa Modimo” e tshegediwa le go kaelwa ke baengele.—Dit. 28:23; Tshen. 14:6, 7.

“Re Tshwanetse go Ikobela Modimo e le Mmusi Go na Le go Ikobela Batho” (Ditiro 5:21b-33)

“Ba ne ba tla le bone ba bo ba ba emisa fa pele ga Sanehederine.”—Ditiro 5:27

9-11. Baaposetoloi ba ne ba arabela jang fa lekgotla la Sanehederine le ne le ba laela gore ba tlogele go rera, mme ke jang seno se neng sa tlhomela Bakeresete ba boammaaruri sekao se ba tshwanetseng go se latela?

9 Jaanong Kaiafase le baatlhodi ba bangwe ba Sanehederine ba ne ba ipaakanyeditse go sekisa baaposetoloi. E re ka kgotla e ne e sa itse se se diregileng kwa kgolegelong, e ne ya roma badiredi gore ba tlise magolegwa. Akanya fela gore badiredi ba ne ba gakgamala jang fa ba fitlhela magolegwa a seyo, le fa gone kgolegelo e ne e ‘lotletswe thata, mme badisa ba eme fa dikgorong.’ (Dit. 5:23) Moragonyana molaodi wa tempele o ne a utlwa gore baaposetoloi ba ne ba boetse gape kwa tempeleng, ba naya bosupi ka Jesu Keresete—sone se se dirileng gore ba latlhelwe mo kgolegelong! Molaodi wa tempele le badiredi ba gagwe ba ne ba ya kwa tempeleng ka bonako go ya go tsaya magolegwa mme ba ba isa kwa lekgotleng la Sanehederine.

10 Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong ya kgaolo eno, baeteledipele ba ba galefileng ba bodumedi ba ne ba laela baaposetoloi gore ba tlogele go rera. Baaposetoloi ba ne ba dira eng? Petere o ne a bua ka bopelokgale mo boemong jwa bone botlhe a re: “Re tshwanetse go ikobela Modimo e le mmusi go na le go ikobela batho.” (Dit. 5:29) Ka go dira jalo, baaposetoloi ba ne ba tlhomela Bakeresete botlhe ba boammaaruri sekao se ba tshwanetseng go se latela. Fa babusi ba batho ba re ganela go dira se Modimo a reng re se dire kgotsa ba batla gore re dire se Modimo a se iletsang, ba latlhegelwa ke tshwanelo e Modimo a ba neileng yone ya gore re ba utlwe. Ka jalo, le mo motlheng wa rona, fa “balaodi ba bagolo” ba thibela tiro ya rona ya go naya bosupi, ga re ka ke ra tlogela go dira tiro eno ya rona e re e neilweng ke Modimo ya go rera dikgang tse di molemo. (Bar. 13:1) Go na le moo, re tla batla ditsela tse di botlhale tse di tla re thusang gore re tswelele re naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo.

11 Ga go gakgamatse go bo tsela e baaposetoloi ba neng ba nna pelokgale ka yone e ile ya tlhotlheletsa baatlhodi ba ba shakgetseng gore ba galefe le go feta. Ba ne ba ikemiseditse go “bolaya” baaposetoloi. (Dit. 5:33) Jaanong go ne go bonala sentle gore basupi bao ba ba pelokgale le ba ba tlhagafetseng ba ne ba tlile go bolaelwa tumelo ya bone. Mme gone, ba ne ba tla tloga ba thusiwa ka tsela e e neng e sa lebelelwa!

“Ga lo Kitla lo Kgona go ba Fenya” (Ditiro 5:34-42)

12, 13. (a) Gamaliele o ne a naya badirikaene kgakololo efe, mme ba ne ba dira eng? (b) Jehofa a ka tsenelela jang go thusa batho ba gagwe gompieno, mme re ka tlhomamisega ka eng fa a letla gore re ‘boge ka gonne re dira se se siameng’?

12 Gamaliele, yo e neng e le “morutisi wa Molao yo batho botlhe ba neng ba mo tseela kwa godimo,” o ne a ema mme a bua sengwe. c Ramolao yono o tshwanetse a bo a ne a tlotliwa thata ke badirikaene, ka gonne o ne a tsaya marapo, a bo a “laela gore [baaposetoloi] ba ntshediwe kwa ntle ka nakonyana.” (Dit. 5:34) Fa Gamaliele a ne a umaka dikai tsa nako e e fetileng tsa makoko a a neng a tsoga a bo a phutlhama fela fa baeteledipele ba one ba sena go swa, o ne a kopa kgotlatshekelo gore e nne pelotelele le go itshoka fa e dirisana le baaposetoloi, ba Moeteledipele wa bone, Jesu, a neng a sa tswa go bolawa. Gamaliele o ne a bua mafoko ano a a tlhatswang pelo: “Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, ba tlogeleng. Ka gonne fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla fela; mme fa e tswa kwa Modimong, ga lo kitla lo kgona go ba fenya. Go seng jalo, lo ka nna lwa feleletsa lo lwantsha Modimo ka boene.” (Dit. 5:38, 39) Baatlhodi ba ne ba tsaya kgakololo ya gagwe tsia. Mme gone, ba ne ba kgwathisa baaposetoloi mme ba ba laela gore “ba tlogele go bua ka leina la ga Jesu.”—Dit. 5:40.

13 Le gompieno, Jehofa a ka nna a dira gore banna ba ba tlotlegang jaaka Gamaliele ba tsereganye e le go thusa batho ba Gagwe. (Diane 21:1) Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe go tlhotlheletsa babusi ba ba maatla, baatlhodi, kgotsa badiri ba molao go dira dilo go dumalana le thato ya gagwe. (Neh. 2:4-8) Mme fa a letla gore re ‘boge ka gonne re dira se se siameng,’ re ka tlhomamisega ka dilo di le pedi. (1 Pet. 3:14) Sa ntlha, Modimo a ka re naya nonofo ya go itshoka. (1 Bakor. 10:13) Sa bobedi, baganetsi ‘ga ba kitla ba kgona go fenya’ tiro ya Modimo.—Isa. 54:17.

14, 15. (a) Baaposetoloi ba ne ba itshwara jang fa ba ne ba kgwathisiwa, mme ka ntlha yang? (b) Bolela maitemogelo a a bontshang gore batho ba ga Jehofa ba itshoka ka boipelo fa ba bogisiwa.

14 A baaposetoloi ba ne ba kgobega marapo kgotsa ba tlogela go rera fa ba sena go kgwathisiwa? Le e seng! Ba ne “ba tswa fa pele ga Sanehederine ba itumetse.” (Dit. 5:41) Goreng ba ne “ba itumetse”? Ba ne ba sa itumelele botlhoko jo ba neng ba bo utlwa fa ba ne ba kgwathisiwa. Go na le moo, ba ne ba itumela ka gonne ba ne ba itse gore ba bogisiwa ka ntlha ya bothokgami jwa bone mo go Jehofa le ka go bo ba ne ba latela sekao sa Motlhomasekao wa bone e bong Jesu.—Math. 5:11, 12.

15 Fela jaaka bakaulengwe ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le rona re itshoka ka boipelo fa re boga ka ntlha ya dikgang tse di molemo. (1 Pet. 4:12-14) Ke boammaaruri gore ga re ipelele go tshosediwa, go bogisiwa kana go tsenngwa mo kgolegelong. Mme gone re ipela thata fa re boloka bothokgami. Ka sekai, akanya ka Henryk Dornik, yo ka dingwagangwaga a neng a itshokela go bogisiwa botlhoko ke dipuso tsa bobusaesi. A re ka August 1944, balaodi ba ne ba romela ene le morwarraagwe kwa kampeng ya pogisetso. Baganetsi ba ne ba re: “Ga re kgone go ba tlhotlheletsa gore ba dire sepe fela se ba sa batleng go se dira. Ba itumedisiwa ke go swela tumelo ya bone.” Mokaulengwe Dornik a re: “Le fa gone ke ne ke sa eletse go nna moswelatumelo, go boga jalo ke le pelokgale e bile ke na le seriti ka ntlha ya go bo ke ikanyega mo go Jehofa, go ne ga intumedisa.”—Jak. 1:2-4.

Fela jaaka baaposetoloi, re rera “ka ntlo le ntlo”

16. Baaposetoloi ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba ikemiseditse go naya bosupi ka botlalo, mme re latela jang mokgwa wa bone wa go rera?

16 Baaposetoloi ba ne ba tswelela pele ka tiro ya bone ya go rera, ga ba a ka ba senya nako. ‘Letsatsi le letsatsi ba ne ba tswelela ba ruta mo tempeleng e bile ba tsamaya ka ntlo le ntlo’ ba ne ba tswelela pele ka tiro ya go “bolela dikgang tse di molemo ka Keresete.” d (Dit. 5:42) Bareri bano ba ba tlhagafetseng ba ne ba ikemiseditse go naya bosupi ka botlalo. Ela tlhoko gore ba ne ba isetsa batho molaetsa kwa matlong a bone, fela jaaka Jesu Keresete a ne a ba laetse. (Math. 10:7, 11-14) Ga go pelaelo gore ke sone se se dirileng gore ba kgone go tlatsa Jerusalema ka thuto ya bone. Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka go latela mokgwa ono wa go rera o baaposetoloi ba neng ba o dirisa. Fa re tsena mo matlong otlhe a a mo tshimong ya rona, re bontsha gore le rona re batla go dira tiro ya rona ka botlalo, re naya batho botlhe tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo. A Jehofa o segofaditse bodiredi jwa rona jwa ntlo le ntlo? Ee! Mo motlheng ono wa bofelo, batho ba le dimilione ba ile ba amogela molaetsa wa Bogosi mme bontsi jwa bone ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha fa Mosupi mongwe a ne a ba etetse kwa legaeng la bone.

Banna ba ba Tshwanelegang go Okamela ‘Kgang ya Botlhokwa’ (Ditiro 6:1-6)

17-19. Go ne ga tsoga kgang efe e e neng e baka kgaogano, mme baaposetoloi ba ne ba laela gore go dirwe eng go rarabolola kgang eno?

17 Jaanong phuthego e nnye eno e ne ya lebana le kotsi e e bofitlha e e neng e runtse mo teng. E ne e le efe? Bontsi jwa barutwa ba ba neng ba kolobeditswe e ne e le baeng mo Jerusalema, mme ba ne ba batla go oketsa kitso ya bone ka Keresete pele ba boela magaeng a bone. Barutwa ba ba nnang mo Jerusalema ba ne ba ntsha meneelo ka go rata gore ba kgone go reka dijo le dilo dingwe tse di tlhokegang. (Dit. 2:44-46; 4:34-37) Mo nakong eno, go ne ga tsoga boemo bongwe jo bo masisi. “Letsatsi le letsatsi fa go abiwa dijo,” batlholagadi ba ba buang Segerika “ba ne ba tlodisiwa matlho.” (Dit. 6:1) Le fa go ntse jalo, batlholagadi ba ba buang Sehebera bone ba ne ba sa tlodisiwe matlho. Ka jalo, go bonala bothata e ne e le tlhaolele. Tlhaolele ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse di ka bakang dikgaogano.

18 Baaposetoloi, ba ba neng ba direla e le setlhopha se se laolang sa phuthego eo e e golang, ba ne ba lemoga gore go ne go ka se nne botlhale gore ba “tlogele lefoko la Modimo mme [ba] abe dijo.” (Dit. 6:2) Ka jalo, go baakanya bothata jono, ba ne ba laela barutwa gore ba senke banna ba le supa “ba ba tletseng moya le botlhale,” ba baaposetoloi ba neng ba ka ba tlhoma go okamela “kgang eno ya botlhokwa.” (Dit. 6:3) Go ne go tlhokega banna ba ba tshwanelegang ka gonne tiro eo e ka tswa e ne e sa akaretse fela go aba dijo, mme gape e ka tswa e ne e akaretsa le go bereka ka madi, go reka dilwana le go boloka direkoto ka kelotlhoko. Banna botlhe ba ba neng ba tlhophiwa ba ne ba na le maina a Segerika, se gongwe se neng sa dira gore batlholagadi ba ba kgopisegileng bano ba ba amogele. Fa baaposetoloi ba sena go rapela ka kgang eno, ba ne ba tlhoma banna ba le supa gore ba okamele “kgang eno ya botlhokwa.” e

19 A go okamela tiro ya go aba dijo go ne go raya gore banna bano ba le supa ba ba tlhomilweng ba ne ba sa tshwanela go rera dikgang tse di molemo? Nnyaa le e seng! Mongwe wa banna bano ba ba tlhophilweng e ne e le Setefane, yo o neng a tla itshupa e le mosupi yo o pelokgale le yo o maatla. (Dit. 6:8-10) Filipo le ene e ne e le mongwe wa banna bano ba le supa, mme o bidiwa “moefangele.” (Dit. 21:8) Ka gone, go bonala sentle gore banna bano ba le supa ba ne ba tswelela pele e le bareri ba ba tlhagafetseng ba Bogosi.

20. Batho ba Modimo gompieno ba etsa jang sekao sa baaposetoloi?

20 Gompieno batho ba ga Jehofa ba etsa sekao sa baaposetoloi. Banna ba ba buelelwang go rwala maikarabelo a phuthego ba tshwanetse ba bontsha gore ba na le botlhale jwa bomodimo le gore moya o o boitshepo o a dira mo go bone. Banna ba ba nang le ditshwanelego tsa Dikwalo ba tlhomiwa ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang go nna bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi mo diphuthegong. f (1 Tim. 3:1-9, 12, 13) Tota re ka re banna ba ba nang le ditshwanelego tseo ba tlhomilwe ke moya o o boitshepo. Banna bano ba dira ka natla go tlhokomela dikgang tseno tsa botlhokwa. Ka sekai, bagolwane ba ka dira dithulaganyo tsa gore bagodi ba ba ikanyegang ba newe thuso e ba e tlhokang. (Jak. 1:27) Bagolwane bangwe ba nna le seabe se segolo mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi, go rulaganya dikopano tse dikgolo kgotsa ba dira le Komiti ya Puisano le Dikokelo. Batlhanka ba bodiredi ba na le maikarabelo a mantsi a a sa amaneng ka tlhamalalo le tiro ya bodisa kgotsa ya go ruta. Banna bano botlhe ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go nna tekatekano fa ba dira maikarabelo a bone a phuthego le tiro e ba e neilweng ke Modimo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—1 Bakor. 9:16.

“Lefoko la Modimo Le ne La Tswelela le Anama” (Ditiro 6:7)

21, 22. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a segofatsa phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa?

21 Ka thuso ya ga Jehofa, phuthego eno e e sa tswang go tlhomiwa e ne ya fenya pogiso e e tswang mo bathong ba ba kwa ntle le bothata jo bo batlileng bo baka dikgaogano jo bo neng jwa runya mo teng ga yone. Go ne go bonala gore Jehofa o ne a e segofatsa, ka gonne re bolelelwa jaana: “Lefoko la Modimo le ne la tswelela le anama, le palo ya barutwa ya nna ya oketsega fela thata mo Jerusalema; mme baperesiti ba bantsintsi ba ne ba nna badumedi.” (Dit. 6:7) Eno ke nngwe ya dipego tse dintsi tse di mo bukeng ya Ditiro tse di bontshang kafa phuthego e neng e gola ka gone. (Dit. 9:31; 12:24; 16:5; 19:20; 28:31) Gompieno, a ga re kgothadiwe ke go utlwa dipego tse di ka ga tiro ya go rera ka Bogosi e e ntseng e gola mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe?

22 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., baeteledipele ba bodumedi ba ba shakgetseng ba ne ba sa ikaelela go emisa pogiso ya bone. Go ne go tla tloga go tsoga pogiso e e setlhogo. Go ise go ye kae, Setefane o ne a nna mongwe wa ba ba neng ba ganediwa setlhogo, jaaka re tla bona mo kgaolong e e latelang.

a Bona lebokose le le reng, “ Sanehederine—Kgotlakgolo ya Bajuda”.

b Leno ke lekgetlo la ntlha mo go a a ka nnang 20 a mo go one buka ya Ditiro e umakang baengele ka tlhamalalo. Pelenyana, mo go Ditiro 1:10, baengele ga ba umakwe ka tlhamalalo, go na le moo ba bidiwa ‘banna ba ba apereng diaparo tse ditshweu.’

d Bona lebokose le le reng, “ Go Rera ‘ka Ntlo le Ntlo’”.

e Banna bano ba ka tswa ba ne ba na le ditshwanelego tse di batlegang mo bagolwaneng, ka gonne “kgang eno” e ne e le masisi tota. Le fa go ntse jalo, Dikwalo ga di re bolelele gore banna ba simolotse leng go tlhomiwa go nna bagolwane kgotsa balebedi mo phuthegong ya Bokeresete.

f Mo lekgolong la ntlha la dingwaga banna ba ba tshwanelegang ba ne ba neilwe taolo ya go tlhoma bagolwane. (Dit. 14:23; 1 Tim. 5:22; Tito 1:5) Gompieno Setlhopha se se Laolang se tlhomile balebedi ba potologo mme balebedi bano ba potologo ba na le maikarabelo a go tlhoma bagolwane le batlhanka ba bodiredi.