Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 3

“Ba ne Ba Tlala Moya o o Boitshepo”

“Ba ne Ba Tlala Moya o o Boitshepo”

Melemo e e neng ya nna gone ka ntlha ya go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete

E tswa mo go Ditiro 2:1-47

1. Tlhalosa se se diregang ka nako ya Moletlo wa Pentekosete.

 MEBILA ya Jerusalema e tlhanasela ka batho ba ba itumetseng. a Mosi o tlhatloga go tswa mo sebesong sa tempele fa Balefi ba ntse ba opela Dipesalema tse di bidiwang Hallel (Dipesalema 113 go ya go 118). Batho ba ba etileng ba tlhanasela mo mebileng. Ba tswa kwa mafelong a a kgakala a a jaaka Elama, Mesopotamia, Kapadokia, Ponto, Egepeto le Roma. b Ba tlile go dira eng? Ba tlile moletlong wa Pentekosete, o gape o bidiwang ‘letsatsi la maungo a a buduleng pele.’ (Dipa. 28:26) Moletlo ono o o tshwarwang ngwaga le ngwaga o tshwaya go fela ga thobo ya barele le go simologa ga thobo ya korong. Ke letsatsi le le itumedisang.

2. Ke ditiragalo dife tse di gakgamatsang tse di diregang ka Pentekosete ya 33 C.E.?

2 Mo e ka nnang ka ura ya borobongwe mo mosong o montle wa dikgakologo tsa 33 C.E., go direga sengwe se batho ba tla se gakgamalelang le mo makgolong a a latelang a dingwaga. Ka tshoganyetso, go utlwala “modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang,” kgotsa le wa “sefefo se segolo se se tsubutlang.” (Dit. 2:2; Baebele e e Boitshepo) Modumo oo o mogolo o tlala mo ntlong e barutwa ba ka nna 120 ba ga Jesu ba kokoaneng mo go yone. Morago ga moo, go direga sengwe se se gakgamatsang. Go bonala diteme tse e keteng tsa molelo mme nngwe le nngwe ya tsone e nna mo barutweng bano. Morago ga moo, barutwa ba ne ba “tlala moya o o boitshepo” mme ba simolola go bua dipuo di sele! Fa barutwa ba tswa mo ntlong, baeng ba ba kopanang le bone mo mebileng ya Jerusalema ba a gakgamala ka gonne barutwa ba kgona go bua le bone ka dipuo tsa bone! Eleruri, mongwe le mongwe o ba utlwa “ba bua puo ya gagwe.”—Dit. 2:1-6.

3. (a) Ke eng fa go ka twe Pentekosete ya 33 C.E. e ne e le tiragalo nngwe e e botlhokwa mo hisitoring ya kobamelo ya boammaaruri? (b) Puo e Petere a neng a e neela e ne e amana jang le go dirisiwa ga “dilotlolo tsa Bogosi”?

3 Kgang eno e e gakgamatsang e tlhalosa tiragalo nngwe ya botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri—go tsalwa ga setšhaba sa Iseraele wa semoya, e leng phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Bagal. 6:16) Mme ga se gone fela. Fa Petere a ne a bua le boidiidi jwa batho mo letsatsing leo, o ne a dirisa selotlolo sa ntlha mo go tse tharo tsa “dilotlolo tsa Bogosi,” mme selotlolo sengwe le sengwe se ne se tla dira gore batho ba ditlhopha tse di farologaneng ba nne le tshono ya go bona ditshiamelo tse di kgethegileng. (Math. 16:18, 19) Selotlolo seo sa ntlha se ne sa thusa Bajuda le basokologi ba Bajuda gore ba amogele dikgang tse di molemo le gore ba tlodiwe ka moya o o boitshepo wa Modimo. c Ka gone, ba ne ba tla nna karolo ya Iseraele wa semoya mme ba nne le tsholofelo ya go busa e le dikgosi le baperesiti mo Bogosing jwa ga Mesia. (Tshen. 5:9, 10) Fa nako e ntse e ya, tshiamelo eo e ne e tla newa Basamaria mme morago e newe Baditšhaba. Gompieno Bakeresete ba ka ithuta eng mo ditiragalong tse di botlhokwa tse di neng tsa direga ka Pentekosete ya 33 C.E.?

“Ba ne Ba le Mmogo Botlhe mo Lefelong le le Lengwe” (Ditiro 2:1-4)

4. Ke jang phuthego ya Bokeresete ya segompieno e leng karolo ya phuthego e e neng ya tlhomiwa ka 33 C.E.?

4 Fa phuthego ya Bokeresete e simologa e ne e na le barutwa ba ka nna 120 ba ba neng “ba le mmogo botlhe mo lefelong le le lengwe”—phaposi e e kwa godimo—e bile e le ba ba neng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. (Dit. 2:1) Kwa bofelong jwa letsatsi leo, maloko a a kolobeditsweng a phuthego eo a ne a balwa ka dikete. Mme seo e ne e le tshimologo ya go gola ga phuthego e le gompieno e ntseng e oketsega! Ee, Modimo o dirisa banna le basadi ba ba mmoifang—phuthego ya Bokeresete ya segompieno—go rera “dikgang tse di molemo tsa Bogosi” tse di ‘rerelwang batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe’ pele lefatshe leno le le bosula le fedisiwa.—Math. 24:14.

5. Ke masego afe a maloko a phuthego a neng a tla a bona ka go kopanela le phuthego ya Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga le gompieno?

5 Gape phuthego ya Bokeresete e ne e tla nonotsha maloko a yone semoyeng, batlodiwa mme moragonyana, ba “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Paulo o ne a bontsha gore o anaanela tsela e maloko a phuthego a tshegetsanang ka yone fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Ke tlhologeletswe go lo bona, gore ke lo neye mpho nngwe e e tswang kwa Modimong gore tumelo ya lona e nonofe; kgotsa mma ke re, gore re kgothatsane, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.”—Bar. 1:11, 12.

6, 7. Gompieno phuthego ya Bokeresete e diragatsa jang taelo ya ga Jesu ya go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe?

6 Gompieno, boikaelelo jwa phuthego ya Bokeresete bo sa ntse bo tshwana le jwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tiro e e gwetlhang mme gone e le e e itumedisang. O ne a ba raya a re: “Yang kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe mme lo ba dire barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute gore ba ikobele dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Math. 28:19, 20.

7 Gompieno Jehofa o dirisa phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa go dira tiro eo. Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go rerela batho ba dipuo tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo tse di fetang 1 000. Fa e le gore o kopanela ka tlhagafalo le phuthego ya Bokeresete e bile o nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, o na le lebaka le le utlwalang la go ipela. O mongwe wa batho ba le mmalwa mo lefatsheng gompieno ba ba nang le tshiamelo ya go naya bosupi ka botlalo ka leina la ga Jehofa!

8. Phuthego ya Bokeresete e re thusa jang?

8 Jehofa Modimo o re neile bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe go re thusa gore re itshokele dinako tseno tse di thata ka boipelo. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “A re akanyetsaneng gore re tle re tlhotlheletsane go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo. A re se ka ra tlogela go phuthega mmogo, jaaka bangwe ba tlwaetse go dira, go na le moo, a re kgothatsaneng, mme re dire jalo le go feta e re ka re bona letsatsi la Modimo le atamela.” (Baheb. 10:24, 25) Jehofa o re neile phuthego ya Bokeresete gore re kgothatse ba bangwe le gore le rona re kgothadiwe. Atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya. O se ka wa lesa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete!

‘Mongwe le Mongwe O ne A Utlwa Puo ya Gagwe’ (Ditiro 2:5-13)

“Re ba utlwa ba bua dilo tse dikgolo tsa Modimo ka dipuo tsa rona.”—Ditiro 2:11

9, 10. Baboledi bangwe ba ile ba dira maiteko afe gore ba kgone go rerela batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng?

9 Akanya fela ka boitumelo jo Bajuda le basokologi ba ba neng ba kopane mmogo ka Pentekosete ya 33 C.E. ba tshwanetseng ba bo ba ile ba nna le jone. Go ka direga gore bontsi jwa batho ba ba neng ba le teng ba ne ba bua puo e e neng e buiwa ke batho ba le bantsi, gongwe Segerika kgotsa Sehebera. Mme jaanong ‘mongwe le mongwe o ne a utlwa barutwa ba bua puo ya gagwe.’ (Dit. 2:6) Ruri bareetsi bao ba tshwanetse ba bo ba ne ba amiwa pelo thata ke go utlwa dikgang tse di molemo ka puo ya bone. Ke boammaaruri gore, gompieno Bakeresete ga ba a newa bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go bua dipuo di sele. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ile ba dira maiteko a go bolelela batho ba ditšhaba tse di farologaneng molaetsa wa Bogosi. Jang? Bangwe ba ile ba ithuta puo e nngwe gore ba kgone go direla le phuthego ya puo eo e e mo lefelong la bone kgotsa le e leng go fudugela kwa nageng e sele. Gantsi ba ile ba fitlhela gore batho ba ba buang le bone ba anaanela thata matsapa a ba a dirang go ithuta puo ya bone.

10 Akanya ka Christine le Basupi ba bangwe ba le supa ba ba neng ba ithuta Se-Gujarati. Fa Christine a kopana le modirimmogo le ene yo o buang Se-Gujarati, o ne a dumedisa mosadi yono ka puo eo. Mosadi yono o ne a kgatlhegile thata mme o ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa Christine a ne a tsaya matsapa a go ithuta puo ya Se-Gujarati mme e le thata. Christine o ne a bona tshono ya go mo rerela. Mosadi yono o ne a raya Christine a re: “Ruri o tshwanetse wa bo o na le sengwe sa botlhokwa se o batlang go se mpolelela.”

11. Re ka ipaakanyetsa jang go rerela batho ba ba buang dipuo tse dingwe molaetsa wa Bogosi?

11 Ke boammaaruri gore ga se rotlhe ba re ka kgonang go ithuta puo e nngwe. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go nna re ipaakanyeditse go rerela batho ba dipuo tse dingwe molaetsa wa Bogosi. Jang? Tsela nngwe ke ka go dirisa app ya JW Language® go ithuta tsela e e motlhofo ya go dumedisa ka puo e e buiwang mo lefelong le o nnang mo go lone. O ka ithuta go bua mafoko mangwe a a tla tsosang kgatlhego ya ba o buang le bone. Ba bolele ka websaete ya jw.org kgotsa ba bontshe dikgatiso le dibidio tse di leng teng ka puo ya bone mo websaeteng. Fa re dirisa dithulusu tseno mo bodireding, re ka nna le boitumelo jo bo tshwanang le jo bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba na le jone fa batho ba metse e sele ba ne ba gakgametse ka gonne “mongwe le mongwe o ne a ba utlwa ba bua puo ya gagwe.”

“Petere O ne A Ema” (Ditiro 2:14-37)

12. (a) Moporofeti Joele o ne a bua eng se se amanang le tiragalo e e gakgamatsang e e neng ya direga ka Pentekosete ya 33 C.E.? (b) Ke eng fa go ne go lebeletswe gore boporofeti jwa ga Joele bo diragadiwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

12 “Petere o ne a ema” gore a bue le boidiidi jwa batho ba ditšhaba tse di farologaneng. (Dit. 2:14) O ne a tlhalosetsa batho botlhe ba ba neng ba mo reeditse gore bokgoni jo bo gakgamatsang jo Modimo a neng a ba neile jone jwa go bua dipuo tse di farologaneng, e ne e le go diragatsa boporofeti jwa ga Joele jo bo reng: “Ke tla tshololela moya wa me mo bathong ba mofuta mongwe le mongwe.” (Joele 2:28) Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tla kopa Rara gore a lo neye mothusi yo mongwe”, mme Jesu o ne a re mothusi yoo ke “moya.”—Joh. 14:16,17.

13, 14. Petere o ne a dira eng gore a kgone go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gagwe, mme re ka etsa jang mokgwa oo o a neng a o dirisa?

13 Mafoko ano a bofelo a Petere a neng a a bua le boidiidi joo a ne a le maatla: “A batho botlhe ba Iseraele ba itse gore ruri Modimo o ne a dira gore Jesu e nne Morena le Keresete, ene yo lo neng lwa mmolaela mo koteng.” (Dit. 2:36) Ke boammaaruri gore bontsi jwa batho ba ba neng ba reeditse Petere ba ne ba seyo fa Jesu a ne a bolawa mo koteng ya tlhokofatso. Le fa go ntse jalo, le bone e ne e le karolo ya setšhaba sa batho ba ba neng ba dira seo. Mme gone, ela tlhoko gore Petere o bua le Bajuda ka ene ka tlotlo mme o ne a leka go fitlhelela dipelo tsa bone. Boikaelelo jwa ga Petere e ne e se go kgala bareetsi ba gagwe, go na le moo e ne e le go ba tlhotlheletsa gore ba ikwatlhaye. A mafoko a ga Petere a ne a kgopisa boidiidi jwa batho ba ba neng ba mo reeditse? Nnyaa le e seng. Go na le moo, ba ne ba “tlhabega mo pelong.” Ba ne ba botsa jaana: “Ke eng se re tshwanetseng go se dira?” Go ka direga gore tsela ya tlotlo e Petere a neng a bua le bone ka yone e ne ya ama dipelo tsa ba le bantsi mo ba neng ba tlhotlheletsega go ikwatlhaya.—Dit. 2:37.

14 Re ka etsa mokgwa o Petere a neng a o dirisa go fitlhelela dipelo tsa batho. Fa re rerela batho, ga go tlhokege gore re tlotle ka kgang nngwe le nngwe e mong wa ntlo a ka tswang a e dumela mme gone e sa dumalane le Dikwalo. Go na le moo, re tshwanetse go bua ka dintlha tse re dumalanang le ene ka tsone. Fa re sena go bona sengwe se re dumalanang ka sone le motho yo re buang le ene, re ka tlotla le ene ka Lefoko la Modimo ka tsela e e bontshang gore re a mo akanyetsa. Gantsi fa re dirisa mokgwa ono go bontsha batho ba ba peloephepa boammaaruri jo bo mo Baebeleng, ba ka nna ba amogela molaetsa wa rona.

“A Mongwe le Mongwe wa Lona a Kolobediwe” (Ditiro 2:38-47)

15. (a) Petere o ne a raya batho a reng, mme ba ne ba amogela mafoko ao jang? (b) Ke eng fa batho ba bantsintsi ba ba neng ba utlwa dikgang tse di molemo ka Pentekosete ba ile ba tshwanelega go kolobediwa mo go lone letsatsi leo?

15 Mo letsatsing le le itumedisang la Pentekosete ya 33 C.E., Petere o ne a bua jaana le Bajuda le basokologi ba ba neng ba amogetse molaetsa wa gagwe: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe.” (Dit. 2:38) Ka ntlha ya seo, batho ba ka nna 3 000 ba ne ba kolobediwa, gongwe mo makadibeng a a neng a le kwa Jerusalema kgotsa gaufi le yone. d A ba ne ba dira tshwetso eno ba sa e akanyetsa? A pego eno e tshwanetse ya dira gore baithuti ba Baebele le bana ba Bakeresete ba itlhaganelele go kolobediwa ba ise ba go siamele? Le e seng. Se lebale gore, Bajuda bao le basokologi ba Bajuda ba ba neng ba kolobediwa ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., e ne e le baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo, e bile e ne e le karolo ya setšhaba se se neng se ineetse mo go Jehofa. Mo godimo ga moo, ba ne ba setse ba bontsha gore ba tlhoafetse ka go tsamaya sekgala se seleele gore ba nne gone kwa moletlong ono o o neng o tshwarwa ngwaga le ngwaga. Fa ba sena go amogela boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo kaga seabe se Jesu Keresete a nang le sone mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo, ba ne ba ipaakanyeditse go tswelela ba direla Modimo—mme jaanong ba dira seo e le balatedi ba ba kolobeditsweng ba ga Keresete.

16. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha jang gore ba na le moya wa go intsha setlhabelo?

16 Ruri Jehofa o ne a segofatsa setlhopha seo sa batho. Pego ya re: “Botlhe ba ba neng ba nna badumedi ba ne ba le seoposengwe e bile ba tlhakanela dilo tsotlhe, mme ba ne ba rekisa dithoto tsa bone le mafatshe a bone ba bo ba abela botlhe madi ao, go ya ka se mongwe le mongwe a neng a se tlhoka.” e (Dit. 2:44, 45) Ruri Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba batla go etsa sekao seno sa bone sa go nna le moya oo wa go intsha setlhabelo ka go rata.

17. Ke dikgato dife tse motho a tshwanetseng go di tsaya gore a tshwanelegele go kolobediwa?

17 Go na le dilo di le mmalwa tsa botlhokwa tse di tswang mo Dikwalong tse motho a tshwanetseng go di dira gore e nne Mokeresete yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng. Motho o tshwanetse go nna le kitso ka Lefoko la Modimo. (Joh. 17:3) O tshwanetse go bontsha tumelo le go ikwatlhaela tsela e a neng a tshela ka yone mo nakong e e fetileng, a bontsha gore o ikwatlhaya go tswa pelong. (Dit. 3:19) Morago ga moo, o tshwanetse go fetoga kgotsa go sokologa mme a simolole go dira ditiro tse di siameng tse di dumalanang le thato ya Modimo. (Bar. 12:2; Baef. 4:23, 24) Fa a sena go dira jalo, o ineela mo Modimong ka thapelo a bo a kolobediwa.—Math. 16:24; 1 Pet. 3:21.

18. Ke tshiamelo efe e barutwa ba ba kolobeditsweng ba ga Keresete ba nang le yone?

18 A o morutwa yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jesu Keresete? Fa go le jalo, anaanela tshiamelo eo e o e neilweng. Jaaka barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba tladiwa ka moya o o boitshepo, le wena o ka dirisiwa ka tsela e e gakgamatsang go naya bosupi ka botlalo le go dira thato ya ga Jehofa!

a Bona lebokose le le reng, “Jerusalema—Boremelelo Jwa Tumelo ya Sejuda”.

b Bona lebokose le le reng, “Roma—Motsemogolo wa Mmusomogolo”; “Bajuda ba Kwa Mesopotamia le ba Kwa Egepeto”; le le le reng, “Bokeresete Kwa Ponto”.

c Bona lebokose le le reng, “Basokologi E ne E le Bomang?

d Go ne ga direga se se tshwanang ka August 7, 1993, kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa Kiev, Ukraine, kwa go neng ga kolobediwa batho ba le 7 402 mo makadibeng a le marataro. Go ile ga tsaya diura di le pedi le metsotso e le lesometlhano gore batho bao botlhe ba kolobediwe.

e Thulaganyo eno ya nakwana e ne ya tla ka nako e e neng e tlhokega thata ka yone ka gonne baeng bangwe ba ne ba sala kwa Jerusalema gore ba oketse kitso ya bone ka tumelo e ntšha e ba e boneng. Bakaulengwe bano ba ne ba sa dire seo ka ntlha ya molao mongwe o o ba pateletsang, go na le moo ba ne ba dira seo ka go rata.—Dit. 5:1-4.