Kaedi ya Ditshwantsho
Ditshwantsho Tse di mo Khabareng
Ditshwantsho Tse di mo Khabareng Paulo, Tabitha, Galio, Luke, modiredimogolo wa tempele a na le baaposetoloi, Mosadukae, Paulo a isiwa kwa Kaesarea le batho ba ba neelang bosupi mo motlheng wa rona ba dirisa koloi e e nang le sebuelagodimo le fonokerafa.
Tsebe 1 Paulo, a bofilwe ka dikeetane mme ene le Luke ba pagama sekepe se se rwalang dithoto se se yang kwa Roma.
Ditsebe 2, 3 Mokaulengwe J. E. Barr le Mokaulengwe T. Jaracz ba Setlhopha se se Laolang ba eme mo mmapeng wa lefatshe.
Tsebe 11 Jesu o mo thabeng ya Galalea o na le baaposetoloi ba le 11 ba ba ikanyegang mmogo le balatedi ba bangwe ba gagwe mme o ba naya ditaelo.
Tsebe 14 Jesu o tlhatlogela kwa legodimong. Baaposetoloi ba mo tlhomile matlho.
Tsebe 20 Ka Pentekosete, barutwa ba simolola go bua le baeng ka dipuo tsa bone.
Tsebe 36 Baaposetoloi ba eme fa pele ga ga Kaiafase yo o shakgetseng. Badiredibagolo ba tempele ba ema nokeng tshwetso ya Sanehederine ya gore ba golege baaposetoloi.
Tsebe 44 Kwa tlase: Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, kgotlatshekelo ya kwa Jeremane Botlhaba e ne ya atlhola Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e sa tshwanelang e re ke ditlhola tsa Amerika.—Makasine wa Neue Berliner Illustrierte, October 3, 1950.
Tsebe 46 Sanehederine e sekisa Setefane. Basadukae ba ba humileng ba eme kwa morago, mme Bafarasai ba ba ratang dingwao ka tsela e e feteletseng ba eme kwa pele.
Tsebe 54 Petere o baya morutwa yo mosha diatla; Simone o tshwere kgetsana ya madi.
Tsebe 75 Petere le batho ba a tsamayang le bone ba tsena mo legaeng la ga Korenelio. Korenelio o apere seaparo se se kgethegileng go bontsha gore ke molaodi wa masole mme o se lepeleditse mo legetleng la molema.
Tsebe 83 Petere o kaelwa ke moengele; Tora ya Antonia e leng lefelo le Petere a ka tswang a ne a golegilwe kwa go lone.
Tsebe 84 Kwa tlase: Segopa se se tletseng thubakanyo gaufi le Montreal kwa Quebec, ka 1945.—Kgatiso ya Weekend Magazine, July 1956.
Tsebe 91 Paulo le Barenabase ba latlhelwa kwa ntle ga Antioka ya kwa Pisidia. Mosele o mosha wa metsi wa mo motseng ono o bonala kwa morago, o ka tswa o agilwe mo masimologong a lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.
Tsebe 94 Paulo le Barenabase ba gana go tlotlomadiwa kwa Lisetera. Fa go ntshiwa ditlhabelo phatlalatsa, gantsi go ne go dirwa mekgabiso ya mebalabala, go nna le modumo o mogolo le mmino o montsi.
Tsebe 100 Kwa godimo: Silase le Judase ba kgothatsa phuthego ya kwa Antioka wa Siria. (Dit. 15:30-32) Kwa tlase: Molebedi wa potologo o bua le phuthego kwa Uganda.
Tsebe 107 Phuthego ya Jerusalema e kopane mo legaeng la mongwe.
Tsebe 124 Paulo le Timotheo ba tsamaya ka sekepe sa kgwebo sa kwa Roma. Kgakala le bone go bonala ntlo e kgolo ya dipone tse di kaelang dikepe.
Tsebe 139 Paulo le Silase ba bontshiwa ba le mo lolwapeng lo lo ageletsweng, ba tshaba segopa se se galefileng.
Tsebe 155 Galio o otlhaya batho ba ba latofatsang Paulo. O apere diaparo tse di tshwanelang maemo a gagwe: purapura e tshweu e e nang le mothalo o o sephara o o phepole e e aparwang ke babusibagolo le ditlhako tse di bidiwang “calcei.”
Tsebe 158 Dimeterio o bua le badiri kwa lebenkeleng le go dirwang dilwana tsa selefera mo go lone kwa Efeso. Ditempelana tsa selefera tsa ga Aretemise di rekisiwa go nna segopodiso.
Tsebe 171 Paulo le ditsala tsa gagwe ba pagama sekepe. Kwa morago go bonala Sefikantswe sa Boemakepe jo Bogolo, se se agilweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E.
Tsebe 180 Kwa tlase: Mosupi yo mmotlana o tsamaisa dibuka tsa Baebele mo sephiring ka bo1940, fa dibuka tsa rona di ne di thibetswe kwa Canada. (Setshwantsho seno se bontsha fela tsela e go neng go dirwa ka yone ka nako eo.)
Tsebe 182 Paulo o sekegela tsebe kopo ya bagolwane. Luke le Timotheo ba nnetse kwa morago, ba thusa go tsamaisa meneelo.
Tsebe 190 Setlogolo sa ga Paulo se bua le Kalaudio Lisiase kwa Toreng ya Antonia, kwa Paulo a ka tswang a ne a golegilwe gone. Tempele ya ga Herode e bonala kwa morago.
Tsebe 206 Paulo o rapelela batho ba ba latlhegetsweng ke tsholofelo ba ba pagameng sekepe se se pegang dithoto.
Tsebe 222 Paulo wa legolegwa, a bofeletswe mo lesoleng la Moroma, o lebile bontlhanngwe jwa motse wa Roma.