Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Mmoledi wa Bogosi yo o Rategang:

Akanya fela o le mongwe wa baaposetoloi, o eme mo Thabeng ya Lotlhware. Jesu o bonala fa go lona. Fela fa a tloga a tlhatlogela kwa legodimong, a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Dit. 1:8) O ne o tla ikutlwa jang?

Gongwe o ne o ka ikutlwa o neilwe kabelo e e boima tota. O ka tswa o ipotsa gore, ‘Rona setlhopha se sennye jaana sa barutwa re tla kgona jang go naya bosupi go ya kwa “dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe”?’ Gongwe o gakologelwa tlhagiso eno e Jesu a neng a e ntsha mo bosigong jwa pele a swa: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; fa ba ikobetse lefoko la me, ba tla ikobela le la lona. Mme ba tla lo dira dilo tseno tsotlhe ka ntlha ya leina la me, ka gonne ga ba itse Ene yo o nthomileng.” (Joh. 15:20, 21) Fa o akanya ka mafoko ao, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Nka ntsha jang bosupi jo bo tletseng fa ke lebane le kganetso le pogiso?’

Re ipotsa dipotso tse di tshwanang le gompieno. Le rona Basupi ba ga Jehofa re neilwe thomo e e re tlhokang gore re ntshe bosupi jo bo tletseng go fitlha kwa “dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe,” mo ‘bathong ba ditšhaba tsotlhe.’ (Math. 28:19, 20) Tiro eno e ka wediwa jang, segolobogolo fa re akanya ka kganetso e go boleletsweng pele ka yone?

Buka ya Ditiro tsa Baaposetoloi e na le pego e e kgatlhang ya kafa Jehofa a neng a thusa ka gone baaposetoloi le Bakeresete ka bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. go diragatsa kabelo ya bone. Buka eno e o e balang e diretswe go go thusa go sekaseka pego eo le go dira gore o ikutlwe o le karolo ya ditiragalo tse di kgatlhang tse di mo bukeng eo ya Ditiro. O tla gakgamadiwa ke go lemoga gore go na le dilo di le dintsi tse di tshwanang mo tseleng e batlhanka ba Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba dira dilo ka yone le e batlhanka ba gagwe ba gompieno ba dirang ka yone. O tla lemoga gore go tshwana gono ga go akaretse fela tiro e re e dirang mme go akaretsa le tsela e re rulagantsweng ka yone go dira tiro eno. Ga go pelaelo gore seo se tla nonotsha tumelo e o nang le yone ya gore Jehofa Modimo o sa ntse a kaela karolo ya mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe.

Re rapela ka tlhoafalo e bile re solofela gore go sekaseka buka ya Ditiro go tla nonotsha tsela e o ikanyang Jehofa ka yone gore o tla go thusa le gore moya wa gagwe o o boitshepo o tla go naya maatla. Ka jalo, e kete buka eno e ka go kgothatsa gore o tswelele pele o “ntsha bosupi jo bo tletseng” ka Bogosi jwa Modimo mme o thuse ba bangwe go bona tsela e e isang polokong.—Dit. 28:23; 1 Tim. 4:16.

Bakaulengwe ba gago,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa