Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Karolo 8 • Ditiro 21:18–28:31

‘O Ne A Rera ka Bogosi Jwa Modimo a sa Kgorelediwe ke Ope’

‘O Ne A Rera ka Bogosi Jwa Modimo a sa Kgorelediwe ke Ope’

DITIRO 28:31

Mo karolong eno re tla latela Paulo fa a lebana le digopa tse di galefileng, a itshokela go nna a tsenngwa mo kgolegelong e bile a tlhagelela fa pele ga dikgotlatshekelo tsa badiredibagolo ba ba farologaneng ba Roma. Mo maemong ano otlhe, moaposetoloi yono o tswelela a naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo. Fa o ntse o sekaseka tsela e e kgatlhang e buka eno ya Ditiro e konelwang ka yone, ipotse jaana, ‘Nka etsa jang moefangele yono yo o pelokgale le yo o tlhagafetseng?’