Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 28

“Go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”

“Go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”

Basupi ba ga Jehofa ba tsweletsa tiro e e neng ya simololwa ke balatedi ba ga Jesu Keresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona

1. Bakeresete ba bogologolo le Basupi ba ga Jehofa ba diragaletswe ke dilo dife tse di tshwanang?

 BA NE ba naya bosupi ba tlhagafetse. Dipelo tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa go amogela thuso le kaelo ya moya o o boitshepo. Pogiso ga ya ka ya ba tswala molomo. Mme Modimo o ne a ba segofatsa fela thata. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa diragalela Bakeresete ba bogologolo, fela jaaka di diragalela Basupi ba ga Jehofa le gompieno.

2, 3. Ke eng se se kgatlhang thata ka buka ya Ditiro?

2 Ga go pelaelo gore buka eno ya Baebele ya Ditiro tsa Baaposetoloi, e e nang le ditiragalo di le dintsi tse di kgatlhang, e go kgothaditse le go go nonotsha tumelo! Ga e tshwane le dibuka tse dingwe, ka gonne ke yone fela e nang le pego e e tlhotlheleditsweng ke Modimo ya hisitori ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

3 Buka ya Ditiro e umaka maina a batho ba le 95 ba ba tswang mo dinageng di le 32, metse e le 54 le ditlhaketlhake di le 9. Ke pego e e kgatlhang tota ya batho ba maemo a a kwa tlase, baikgogomosi ba bodumedi jwa maaka, boradipolotiki ba ba mabela, babogisi ba ba setlhogo. Mme sa botlhokwa le go feta, e bua ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ba neng ba lebane le mathata a a tlwaelegileng a botshelo mme gone ba tlhoafetse mo tirong ya go rera ka Bogosi.

4. Ke eng fa re itumelela go nna le kamano e e kgethegileng le batho ba ba jaaka moaposetoloi Paulo, Tabitha le basupi ba bangwe ba ba ikanyegang ba bogologolo?

4 Go setse go fetile dingwaga di ka nna 2 000 fa e sa le ka nako ya baaposetoloi ba ba tlhagafetseng e bong Petere le Paulo, ngaka e e rategang Luke, Barenabase yo o pelotshweu, Setefane yo o pelokgale, Tabitha yo o pelonomi, Lidia yo o nang le moya wa go amogela baeng, mmogo le basupi ba bangwe ba bantsi ba ba ikanyegang. Mme gone, re ipelela kamano e e kgethegileng le bone. Ka ntlha yang? Ka gonne le rona re neilwe tiro e e tshwanang le e ba neng ba e neilwe ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna le seabe mo go yone!

“. . . go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.”—Ditiro 1:8

5. Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba simolola kae go rera?

5 Akanya ka taelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe. O ne a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Dit. 1:8) Sa ntlha, moya o o boitshepo o ne wa nonotsha barutwa gore ba nne basupi “mo Jerusalema.” (Dit. 1:1–8:3) Go tswa foo, moya o ne wa ba kaela gore ba neye bosupi “mo Judea yotlhe le Samarea.” (Dit. 8:4–13:3) Mme morago ga moo, ba ne ba isa dikgang tse di molemo kwa “kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.”Dit. 13:4–28:31.

6, 7. Ke dilo dife tse di re thusang mo bodireding tse badumedi ka rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba se na tsone?

6 Badumedi ka wena ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba se na Baebele e e feletseng e ba neng ba ka e dirisa fa ba naya bosupi. Efangele ya ga Mathaio e nnile teng ka 41 C.E. Mangwe a makwalo a ga Paulo a kwadilwe pele buka ya Ditiro e konelwa, mo e ka nnang ka 61 C.E. Mme Bakeresete ba bogologolo ba ne ba se na dikhopi tsa Baebele e e feletseng ya Dikwalo Tse di Boitshepo kgotsa dikgatiso tse di farologaneng tse ba neng ba ka di naya batho ba ba neng ba ba rerela. Pele Bakeresete ba Bajuda ba nna barutwa ba ga Jesu, ba ne ba kile ba utlwa Dikwalo tsa Sehebera di balwa kwa sinagogeng. (2 Bakor. 3:14-16) Mme gone, ba ne ba tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhoafetseng, e re ka ba ne ba tla tlhoka go tshwara ka tlhogo ditemana tse ba tla di dirisang fa ba rera.

7 Gompieno, bontsi jwa rona re na le Baebele le letlepu la dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Re dira batho barutwa ka go bolela dikgang tse di molemo mo dinageng di le 240 ka dipuo tse dintsi.

Ba Nonotshiwa ke Moya o o Boitshepo

8, 9. (a) Moya o o boitshepo o ne wa thusa barutwa ba ga Jesu gore ba kgone go dira eng? (b) Motlhanka yo o boikanyego o gatisa eng ka thuso ya moya wa Modimo?

8 Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe gore ba nne basupi, o ne a ba raya a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona.” Kgabagare balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla nna basupi mo lefatsheng lotlhe, ba kaelwa ke moya wa Modimo, kgotsa maatla a a dirang. Moya o o boitshepo o ne wa thusa Petere le Paulo go alafa balwetse, go leleka madimona tota le go tsosa baswi! Mme gone, maatla a ba neng ba a newa ka moya o o boitshepo a ne a na le maikaelelo a a botlhokwa go feta ao. A ne a thusa baaposetoloi le barutwa ba bangwe go naya batho kitso e e tlhomameng e e rayang botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 17:3.

9 Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba bua “dipuo tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o dira gore ba bue.” Ka jalo, ba ne ba naya bosupi ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:1-4, 11) Gompieno ga re bue dipuo tse di farologaneng ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, moya wa Modimo o thusa motlhanka yo o boikanyego go gatisa dibuka tsa Baebele ka dipuo tse dintsi. Ka sekai, kgwedi le kgwedi go gatisiwa dikhopi di le dimilione tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mme mo websaeteng ya rona ya jw.org, go na le dikgatiso le dibidio tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 1 000. Dilo tseno tsotlhe di re thusa gore re kgone go bolelela batho ba merafe yotlhe, ditso tsotlhe le ba ba buang dipuo tse di farologaneng “dilo tse dikgolo tsa Modimo.”—Tshen. 7:9.

10. Fa e sa le ka 1989, go dirilwe eng malebana le kgang ya go ranolwa ga Baebele?

10 Fa e sa le ka 1989 motlhanka yo o boikanyego o tlhomile mogopolo thata mo go direng gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e nne gone ka dipuo di le dintsi. Baebele eno e setse e ranoletswe mo dipuong di feta 200, e bile go setse go gatisitswe dikhopi di le dimilione di le masomesome—mme go sa ntse go gatisiwa tse dingwe gape. Maiteko ano a ile a atlega fela ka ntlha ya go bo Modimo a a ema nokeng ka moya wa gagwe.

11. Ke eng se se setseng se fitlheletswe ka tiro ya go ranola dikgatiso tsa Basupi?

11 Tiro ya go ranola e ntse e dirwa ke baithaopi ba le bantsi ba Bakeresete mo dinageng tse di fetang 150. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa ka gonne ga go na mokgatlho o mongwe gape mo lefatsheng o o kaelwang ke moya o o boitshepo gore o ‘ntshe bosupi jo bo tletseng’ mo lefatsheng lotlhe ka ga Jehofa Modimo, Kgosi ya gagwe ya Bomesia le ka Bogosi jo bo tlhomilweng kwa legodimong!—Dit. 28:23.

12. Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ne ba kgona jang go dira tiro ya go naya bosupi?

12 Fa Paulo a ne a rerela Bajuda le Baditšhaba ba kwa Antioka ya kwa Pisidia, batho “ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa go amogela boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng, ba ne ba nna badumedi.” (Dit. 13:48) Luke o konela buka ya Ditiro ka go bolela gore Paulo o ‘rera ka Bogosi Jwa Modimo a le pelokgale e bile a sa kgorelediwe ke ope.’ (Dit. 28:31) Moaposetoloi o naya bosupi kae? Ebu, o bo naya kwa Roma, motsemogolo wa mmuso wa lefatshe! Le fa balatedi ba ga Jesu ba ka tswa ba ne ba naya bosupi ka go rera phatlalatsa kgotsa ba dirisa mokgwa mongwe, ba ne ba thusiwa e bile ba kaelwa ke moya o o boitshepo mo tirong eno.

Ba a Itshoka Le fa Ba Bogisiwa

13. Ke eng fa re tshwanetse go rapela fa re bogisiwa?

13 Fa barutwa ba ga Jesu ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba bogisiwa, ba ne ba kopa Jehofa gore a ba neye bopelokgale. Mme go ne ga felela jang? Ba ne ba tladiwa ka moya o o boitshepo le go nonotshiwa gore ba bue lefoko la Modimo ka bopelokgale. (Dit. 4:18-31) Le rona re rapelela botlhale le nonofo ya go tswelela re naya bosupi le fa re bogisiwa. (Jak. 1:2-8) Re tswelela re rera ka Bogosi ka gonne Modimo o a re segofatsa e bile moya wa gagwe o a re thusa. Ga go na sepe se se ka emisang tiro ya go naya bosupi—e ka tswa e le kganetso kgotsa pogiso e e setlhogo. Fa re bogisiwa, ruri re tlhoka go rapelela moya o o boitshepo le botlhale le bopelokgale jwa go bolela dikgang tse di molemo.—Luke 11:13.

14, 15. (a) Go ne ga direga eng ka ntlha ya “pogiso e e neng ya tsoga ka ntlha ya ga Setefane”? (b) Mo motlheng ono wa rona, batho ba le bantsi ba kwa Siberia ba ne ba ithuta boammaaruri jang?

14 Setefane o ne a naya bosupi ka bopelokgale pele baba ba gagwe ba mmolaya. (Dit. 6:5; 7:54-60) Ka ntlha ya “go bogisiwa thata,” barutwa botlhe, kwa ntle ga baaposetoloi, ba ne ba gasama go ralala Judea le Samarea. Mme seo ga se a ka sa emisa tiro ya go naya bosupi. Filipo o ne a ya kwa Samarea gore a ‘rere ka Keresete,’ mme tiro ya gagwe e ne ya nna le matswela a a molemo thata. (Dit. 8:1-8, 14, 15, 25) Mo godimo ga moo, re bolelelwa jaana: “Ba ba neng ba gasamisitswe ke pogiso e e neng ya tsoga ka ntlha ya ga Setefane ba ne ba ya go fitlha kwa Fonikia, Kupero le Antioka, mme ba ne ba rerela Bajuda fela. Le fa go ntse jalo, banna bangwe mo go bone ba ba tswang kwa Kupero le Kurene ba ne ba ya kwa Antioka ba bo ba simolola go bua le batho ba ba buang Segerika, ba ba bolelela dikgang tse di molemo ka Morena Jesu.” (Dit. 11:19, 20) Ka nako eo, pogiso ke yone e neng ya dira gore molaetsa wa Bogosi o aname.

15 Mo motlheng wa rona, go ne ga diragala sengwe se se tshwanang le seo kwa Soviet Union ya bogologolo. Ka bo1950, Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Siberia. E re ka ba ne ba gasame mo mafelong a a farologaneng, dikgang tse di molemo di ne tsa nna tsa bolelwa mo karolong eo e kgolo ya naga. Ga go ka tsela e Basupi ba le bantsi jalo ba neng ba ka kgona go bona madi a ba a tlhokang gore ba tsamaye sekgala sa dikilometara di ka nna 10 000 gore ba ye go rera dikgang tse di molemo! Le fa go ntse jalo, puso ke yone e neng ya ba romela kwa mafelong a mangwe go ralala naga. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Kafa go neng go le ka gone, puso ka boyone e ne ya thusa gore batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba kwa Siberia ba kgone go itse boammaaruri.”

Jehofa o ba Segofatsa Fela Thata

16, 17. Buka ya Ditiro e re naya bosupi bofe jwa kafa Jehofa a neng a segofatsa tiro ya go naya bosupi ka gone?

16 Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a segofatsa Bakeresete ba bogologolo. Paulo le ba bangwe ba ne ba jala ba bo ba nosetsa, “mme Modimo o ne a nna a godisa.” (1 Bakor. 3:5, 6) Dipego tse di mo bukeng ya Ditiro di re naya bosupi jwa gore kgolo eo e ne ya nna gone ka gonne Jehofa a ne a segofatsa tiro ya go naya bosupi. Ka sekai, “lefoko la Modimo le ne la tswelela le anama, le palo ya barutwa ya nna ya oketsega fela thata mo Jerusalema.” (Dit. 6:7) Fa tiro ya go naya bosupi e ntse e anama, “barutwa botlhe mo Judea, Galalea le Samarea ba ne ba tshela ka kagiso, mme ba ne ba nonotshiwa; e re ka ba ne ba bontsha gore ba boifa [kgotsa ba tlotla] Jehofa e bile ba amogela kgomotso ya moya o o boitshepo, ba ne ba nna ba oketsega.”—Dit. 9:31.

17 Kwa Antioka wa Siria, Bajuda le batho ba ba buang Segerika ba ne ba utlwa boammaaruri mo basuping ba ba pelokgale. Pego ya re: “Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ba eme nôkeng, mme batho ba le bantsi ba ne ba sokologa ba bo ba dumela mo Moreneng.” (Dit. 11:21) Re bala jaana malebana le kgolo e e neng e nna teng mo motseng oo: “Lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola e bile le anama.” (Dit. 12:24) Mme e re ka Paulo le barutwa ba bangwe ba ne ba naya bosupi ka botlalo mo Baditšhabeng, “lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola thata e bile le fenya.”—Dit. 19:20.

18, 19. (a) Re itse jang gore ‘Jehofa o re eme nôkeng’? (b) Naya sekai se se bontshang gore Jehofa o thusa batho ba gagwe.

18 Ga go pelaelo gore ‘Jehofa o re eme nôkeng’ le gompieno. Ke gone ka moo batho ba le bantsi ba nnang badumedi le go bontsha boineelo jwa bone mo Modimong ka go kolobediwa. Mo godimo ga moo, ke fela ka thuso ya Modimo le tshegofatso ya gagwe re kgonang go itshokela kganetso e e setlhogo—ka dinako tse dingwe, pogiso e e setlhogo—mme re tswelela ka bodiredi jwa rona ka katlego, fela jaaka Paulo le Bakeresete ba bangwe ba bogologolo ba ile ba dira. (Dit. 14:19-21) Jehofa Modimo o re ema nokeng ka dinako tsotlhe. Ka metlha, “mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng” a re tshegetsa mo ditekong tsotlhe tsa rona. (Dute. 33:27) Gape a re se lebaleng gore ka ntlha ya leina la gagwe le legolo, Jehofa ga a ka ke a latlha batho ba gagwe.—1 Sam. 12:22; Pes. 94:14.

19 Ka sekai: E re ka Mokaulengwe Harald Abt a ne a tswelela a naya bosupi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Banasi ba ne ba mo romela kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen. Ka May 1942, mapodise a Gestapo a ne a ya kwa legaeng la mosadi wa gagwe, Elsa, a tsaya ngwana wa bone wa mosetsanyana, mme a tshwara Elsa. O ne a romelwa kwa dikampeng tse di farologaneng. Kgaitsadi Abt o ne a re: “Dingwaga tse ke di feditseng ke le mo dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane di ne tsa nthuta thuto nngwe e e botlhokwa thata. Ke ithutile kafa moya wa ga Jehofa o ka go nonotshang thata ka gone fa o lebane le teko e kgolo! Pele ga ke tshwarwa, ke ne ke badile lekwalo la ga kgaitsadi mongwe yo o neng a bolela gore fa o lebane le teko e kgolo, moya wa ga Jehofa o go thusa gore o ritibale. Ke ne ke akanya gore o tshwanetse a bo a feteletsa dilo go se kae. Mme e ne ya re fa ke lebana le diteko, ke ne ka lemoga gore se a neng a se bua se ne se le boammaaruri. Ruri go ntse fela jalo. Ga go motlhofo go go dumela, fa o ise o tsamaye o lebane le maemo ao. Mme gone, se a neng a se bua se ne sa ntiragalela.”

Tswelela o Naya Bosupi ka Botlalo!

20. Paulo o ne a dira eng fa a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe, mme seno se ka kgothatsa jang bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

20 Buka ya Ditiro e konela Paulo a ntse ‘a rera ka Bogosi Jwa Modimo’ ka tlhagafalo. (Dit. 28:31) E re ka a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe, o ne a sa kgone go rera ka ntlo le ntlo mo Roma. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a rerela batho botlhe ba ba neng ba mo etela. Gompieno, bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ga ba kgone go tswa mo magaeng a bone kgotsa mo bolaong, kgotsa ba nna kwa mafelong a kwa go one go tlhokomelwang batsofe kgotsa batho ba ba lwalang thata. Le fa go ntse jalo, ba rata Modimo e bile ba sa ntse ba naya bosupi ka tlhoafalo fela jaaka ba ne ba dira pele. Re a ba rapelela e bile re ka nna ra bo ra kopa Rraarona yo o kwa legodimong gore a ba kopanye le batho ba ba eletsang go ithuta ka ga gagwe le ka boikaelelo jwa gagwe jo bo molemolemo.

21. Ke eng fa re tshwanetse go naya bosupi re na le boikutlo jwa go potlaka?

21 Bontsi jwa rona re ka nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo mmogo le mo dikarolong tse dingwe tsa tiro ya go dira barutwa. Ka jalo, a mongwe le mongwe wa rona a dire sotlhe se a ka se kgonang go dira seabe sa gagwe mo tirong ya go rera ka Bogosi, re nne le seabe mo tirong ya go naya bosupi “go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” Re tshwanetse go dira tiro eno re na le boikutlo jwa go potlaka, ka gonne “sesupo” sa go nna gone ga ga Keresete se setse se bonala sentle. (Math. 24:3-14) Ga re a tshwanela go senya nako. Gone jaanong, re na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.

22. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa?

22 Fa re ntse re letetse “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa,” a re ikemisetseng go tswelela re naya bosupi ka bopelokgale le ka boikanyegi. (Joele 2:31) Re sa ntse re tla kopana le batho ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanang le Baberea ba ba neng ba “amogela lefoko ka tlhagafalo.” (Dit. 17:10, 11) Ka jalo, e kete re ka tswelela re naya bosupi go fitlha re utlwa mafoko ano: “O berekile, o motlhanka yo o molemo e bile o a ikanyega!” (Math. 25:23) Fa gone jaanong re nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go dira barutwa e bile re nna re ikanyega mo go Jehofa, ruri re tla ipela ka bosaengkae gore re ile ra nna le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go “ntsha bosupi jo bo tletseng” ka Bogosi jwa Modimo!