Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 25

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

Paulo o tlhoma sekao sa go femela dikgang tse di molemo

E tswa mo go Ditiro 25:1–26:32

1, 2. (a) Paulo o iphitlhela a le mo maemong afe? (b) Go tsoga potso efe malebana le go ikuela ga ga Paulo kwa go Kaesara?

 PAULO o sa ntse a le mo tshireletsong e e gagametseng ya masole mo Kaesarea. Dingwaga di le pedi pelenyana ga moo fa a ne a boetse mo Judea, mo malatsing a le mmalwa fela Bajuda ba ne ba leka go mmolaya ka makgetlo a ka nna mararo. (Dit. 21:27-36; 23:10, 12-15, 27) Go tla go fitlha jaanong, baba ga gagwe ga ba ise ba atlege, mme gone ga ba latlhele seditse. Fa Paulo a lemoga gore ba sa ntse ba ka mo tlhasela, o raya Mmusi wa Roma e bong Feseto a re: “Ke ikuela kwa go Kaesara!”—Dit. 25:11.

2 A Jehofa o ne a ema nokeng tshwetso ya ga Paulo ya go ikuela kwa mmusimogolong wa Roma? Karabo ya potso eno e botlhokwa mo go rona gonne re naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo mo metlheng eno ya bofelo. Re tshwanetse go itse gore a se Paulo a neng a se dira ke sekao se re ka se latelang fa re “femela dikgang tse di molemo fa pele ga balaodi gore di rerwe semolao.”—Bafil. 1:7.

O “Eme fa Pele ga Setulo sa Katlholo” (Ditiro 25:1-12)

3, 4. (a) Boikaelelo jwa Bajuda e ne e le bofe fa ba ne ba kopa gore Paulo a isiwe kwa Jerusalema, mme o ne a falola loso jang? (b) Jehofa o nonotsha jang batlhanka ba gagwe ba mo motlheng wa rona fela jaaka a ile a nonotsha Paulo?

3 Malatsi a le mararo Feseto a sena go tlhomiwa go nna mmusi yo mosha wa Moroma kwa Judea, o ne a ya kwa Jerusalema. a Fa a le koo o ne a reeditse fa baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo ba Bajuda ba latofatsa Paulo ka ditlolomolao tse di masisi. Ba ne ba itse gore badiredibagolo ba ne ba lebeletse gore mmusi yono yo mosha a tlise kagiso mo Bajudeng botlhe le gore o ne a batla go ba itumedisa. Ka jalo, ba ne ba kopa Feseto gore a ba direle sengwe: Gore a tlise Paulo kwa Jerusalema le gore a sekisiwe gone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dira kopo eno ka gonne ba itse gore ba logile leano lengwe le le bosula. Baba bano ba ne ba logile leano la go bolaya Paulo fa a le mo tseleng e e tswang kwa Kaesarea e ya kwa Jerusalema. Feseto o ne a gana kopo ya bone mme a re: “A ba ba nang le taolo mo go lona ba tsamaye le nna [kwa Kaesarea] mme ba ye go mo latofatsa, fa e le gore ruri monna yoo o dirile sengwe se se phoso.” (Dit. 25:5) Ka ntlha ya seo, Paulo o ne a falola loso gape.

4 Jehofa o ne a dirisa Morena Jesu Keresete go nonotsha Paulo mo ditekong tsotlhe tse a neng a lebana le tsone. O tla gakologelwa gore Jesu o ne a bolelela moaposetoloi yono wa gagwe mo ponatshegelo a re: “Nna pelokgale!” (Dit. 23:11) Gompieno batlhanka ba Modimo le bone ba lebana le dikgoreletsi le mathata. Jehofa ga a re sireletse mo bothateng bongwe le bongwe fela jo bo re welang, go na le moo o re naya botlhale le nonofo ya go bo itshokela. Ka metlha re ka ikanya “maatla a a sa tlwaelegang” a Modimo wa rona yo o lorato a re nayang one.—2 Bakor. 4:7.

5. Feseto o ne a tshwara Paulo jang?

5 Malatsi a se kae morago ga moo, Feseto “o ne a nna mo setulong sa katlholo” kwa Kaesarea. b Paulo le batho ba ba neng ba mo latofatsa ba ne ba ema fa pele ga gagwe. Fa Paulo a iphemela mo ditatofatsong tsa bone tsa maaka, o ne a re: “Ga ke a direla Molao wa Bajuda kgotsa tempele kgotsa Kaesara boleo bope.” Moaposetoloi yono o ne a se molato mme o ne a tshwanelwa ke go gololwa. Feseto o ne a tla swetsa jang? E re ka a ne a batla go amogelwa ke Bajuda, o ne a botsa Paulo a re: “A o batla go ya kwa Jerusalema mme o ye go atlholelwa gone fa pele ga me ka ntlha ya ditatofatso tseno?” (Dit. 25:6-9) Ruri potso eno e ne e sa utlwale! Fa Paulo a ne a ka busediwa kwa Jerusalema, o ne a tla atlholwa ke batho ba ba neng ba mo latofatsa mme ruri ba ne ba tla mo atlholela loso. Ga go pelaelo gore jaanong Feseto o ne a tlhopha go itirela leina go na le go diragatsa tshiamiso. Pelenyana ga moo, mmusi yo mongwe e bong Ponto Pilato le ene o ne a dira ka tsela e e tshwanang mo kgetsing e e neng e ama legolegwa lengwe la botlhokwa. (Joh. 19:12-16) Baatlhodi ba mo motlheng wa rona le bone ba ka nna ba ineela mo kgatelelong ya sepolotiki fela ka gonne ba batla go kgatlha batho. Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa dikgotlatshekelo di dira ditshwetso tse di bontshang go tlhoka tshiamiso fa di atlhola dikgetsi tse di amang batho ba Modimo.

6, 7. Ke eng fa Paulo a ne a ikuela kwa go Kaesara, mme o ne a tlhomela Bakeresete ba boammaaruri ba mo motlheng wa gompieno sekao sefe se se molemo?

6 Keletso ya ga Feseto ya go batla go amogelwa ke Bajuda e ne e ka felela ka gore Paulo a bolawe. Ka jalo, Paulo o ne a dirisa tshwanelo ya semolao e a neng a na le yone ka go bo e le Moroma. O ne a raya Feseto a re: “Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara, fa ke tshwanetseng go atlholelwa gone. Ga ke a direla Bajuda phoso epe, fela jaaka le wena o lemoga sentle . . . Ke ikuela kwa go Kaesara!” Gantsi boikuelo jo bo ntseng jalo bo ne bo sa kgone go fetolwa. Feseto o ne a gatelela seo ka go re: “E re ka o ikuetse kwa go Kaesara, o tla ya kwa go Kaesara.” (Dit. 25:10-12) Paulo o ne a tlhomela Bakeresete ba boammaaruri sekao se se molemo fa a ne a kopa go ikuela kwa moatlhoding yo mogolo wa molao. Fa baganetsi ba leka go “loga maano a go baka mathata ka leina la molao,” Basupi ba ga Jehofa ba dirisa tshwanelo e ba nang le yone ya semolao go femela dikgang tse di molemo. cPes. 94:20.

7 Ka jalo, morago ga dingwaga di feta tse pedi Paulo a ntse a le mo kgolegelong ka ntlha ya melato e a neng a sa e dira, o ne a newa tshono ya go iphemela kwa Roma. Le fa go ntse jalo, pele a ka ya koo, mmusi yo mongwe gape o ne a batla go mmona.

Re ikuela kwa dikgotlatshekelong fa go dirilwe ditshwetso tsa semolao tse di bontshang go tlhoka tshiamiso

“Ga ke A ka Ka Itlhokomolosa Ponatshegelo” (Ditiro 25:13–26:23)

8, 9. Ke eng fa Kgosi Ageripa a ne a etela kwa Kaesarea?

8 Morago ga malatsi a le mmalwa Paulo a sena go bolelela Feseto gore o batla go ya go ikuela kwa go Kaesara, Kgosi Ageripa le kgaitsadie e bong Berenise ba ne ba ya “go dumedisa” mmusi yono yo mosha. d Ka nako ya puso ya Roma, go ne go tlwaelegile gore badiredibagolo ba etele babusi ba ba neng ba sa tswa go tlhomiwa. Fa Ageripa a ne a ile go akgolela Feseto maemo a a a neilweng, ga go pelaelo gore o ne a leka go aga dikamano tse di molemo tsa sepolotiki le botsala jo bo neng bo tla mo solegela molemo mo isagweng.—Dit. 25:13.

9 Feseto o ne a bolelela kgosi ka ga Paulo, mme Ageripa o ne a batla go utlwa gore Paulo a reng. Mo letsatsing le le latelang, babusi bano ba babedi ba ne ba nna mo setulong sa katlholo. Maemo a bone le diaparo tsa bone tse di magasigasi ga di a ka tsa dira gore legolegwa leno le palelwe ke go bua mafoko a le neng le tloga le ba bolelela one.—Dit. 25:22-27.

10, 11. Paulo o ne a bontsha jang gore o tlotla Ageripa, mme moaposetoloi yono o ne a bolelela kgosi dilo dife tse a kileng a di dira mo nakong e e fetileng?

10 Paulo o ne a leboga Kgosi Ageripa ka tlotlo ka go bo a mo neile tshono ya gore a iphemele fa pele ga gagwe, mme a bolela gore kgosi e ne e le setswerere mo mekgweng yotlhe le mo dikganetsanong tsa Bajuda. Go tswa foo Paulo o ne a tlhalosa botshelo jo a neng a bo tshela pele a re: “Ke ne ke le Mofarasai, ke tshela go dumalana le dithuto tse di gagametseng tsa kobamelo ya rona.” (Dit. 26:5) E re ka Paulo e ne e le Mofarasai, o ne a na le tsholofelo ya gore Mesia o tla tla. Jaanong ka e le Mokeresete, o ne a bolela ka bopelokgale gore Jesu ke ene Mesia yo o neng a sa bolo go letelwa. Mo letsatsing leo Paulo o ne a sekisediwa selo se ene le batho ba ba neng ba mo latofatsa ba neng ba se dumela—ke gore, tsholofelo ya go diragadiwa ga tsholofetso e Modimo a neng a e solofeditse borraabonemogologolwane. Tlhaloso eno ya ga Paulo e ne ya dira gore Ageripa a kgatlhegele le go feta go utlwa se Paulo a neng a tlile go se bua. e

11 Fa Paulo a gakologelwa tsela e e setlhogo e a neng a tshwere Bakeresete ka yone, o ne a re: “Tota nna, ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke tshwanetse go dira ditiro di le dintsi go ganetsa leina la ga Jesu wa Monasaretha. . . . E re ka ke ne ke tuka bogale ka ntlha ya [balatedi ba ga Keresete], ke ne ka ya bokgakaleng jwa go ba bogisa le kwa metseng e mengwe.” (Dit. 26:9-11) Paulo o ne a sa feteletse dilo. Batho ba le bantsi ba ne ba itse kafa a neng a bogisa Bakeresete setlhogo ka gone. (Bagal. 1:13, 23) Gongwe Ageripa o ne a ipotsa gore, ‘Ke eng se tota se neng se ka fetola monna yo o ntseng jaana?’

12, 13. (a) Paulo o ne a tlhalosa jang tsela e a ileng a sokologa ka yone? (b) Paulo o ne a ntse a “ikgobatsa [kgotsa a ragakaka ditlhabo]” jang?

12 Mafoko a a latelang a ga Paulo a re naya karabo: “Mo lekgetlong lengwe fa ke ne ke ya kwa Damaseko ka gonne baperesiti ba bagolo ba ne ba nthomile go ya go dira se se tshwanang teng, mme ke le mo tseleng ka sethoboloko wena Kgosi, ke ne ka bona lesedi le le tsabakelang thata go feta letsatsi le tswa kwa legodimong le bo le phatsima go ntikologa le go dikologa ba ba tsamayang le nna. Mme e rile rotlhe re sena go wela fa fatshe, ke ne ka utlwa lentswe le bua le nna ka puo ya Sehebera le re: ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? O a ikgobatsa ka go lwa le nna.’ Mme ke ne ka re: ‘O mang Morena?’ Mme Morena o ne a nthaya a re: ‘Ke nna Jesu, yo o mmogisang.’” fDit. 26:12-15.

13 Pele Paulo a bona ponatshegelo eno e e bontshang maatla a a fetang a tlholego, o ne a ntse a “ikgobatsa [kgotsa a ragakaka ditlhabo],” ka tsela ya tshwantshetso. Fela jaaka phologolo e e belesediwang e ne e ka ikutlwisa botlhoko go sa tlhokege ka go raga karolo e e bogale e e kwa bofelong jwa setlhabapholo, Paulo le ene o ne a ikutlwisa botlhoko semoyeng ka go ganetsana le thato ya Modimo. Fa Jesu yo o tsositsweng mo baswing a bonala mo go Paulo fa a ne a le mo tseleng a ya Damaseko, o ne a dira gore monna yono yo o neng a tlhoafaletse go bogisa Bakeresete mme ene a ithaya a re o direla Modimo, a fetole mogopolo.—Joh. 16:1, 2.

14, 15. Paulo o ne a reng ka diphetogo tse a ileng a di dira mo botshelong jwa gagwe?

14 Ruri Paulo o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Fa a bua le Ageripa, o ne a re: “Ga ke a ka ka itlhokomolosa ponatshegelo eo e e tswang kwa legodimong, mme ke ne ka ya kwa go ba ba kwa Damaseko pele, mme go tswa foo ka ya kwa go ba ba kwa Jerusalema, le mo nageng yotlhe ya Judea, le kwa ditšhabeng tse dingwe, ke ba isetsa molaetsa wa gore ba ikwatlhaye mme ba sokologele mo Modimong ka go dira ditiro tse di bontshang gore ba a ikwatlhaya.” (Dit. 26:19, 20) Go setse go fetile dingwaga Paulo a ntse a diragatsa thomo e Jesu Keresete a neng a mo naya yone mo ponatshegelong e a neng a e bona ka sethoboloko. Go ne ga nna le matswela afe? Batho ba ba neng ba reetsa dikgang tse di molemo tse Paulo a neng a di rera ba ne ba ikwatlhaela ditiro tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang le go sa ikanyege mme ba boela mo Modimong. Batho bao ba ne ba nna baagi ba ba molemo, ba ikobela melao le dithulaganyo e bile ba di tlotla.

15 Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ba neng ba ganetsa Paulo ba ne ba sena sepe le matswela ao a a molemo. Paulo o ne a re: “Ke gone ka moo Bajuda ba neng ba ntshwara mo tempeleng ba bo ba leka go mpolaya. Le fa go ntse jalo, e re ka ke bone thuso e e tswang kwa Modimong, go tla go fitlha mo letsatsing leno ke sa ntse ke tsweletse ke rerela ba bannye le ba bagolo.”—Dit. 26:21, 22.

16. Re ka etsa jang Paulo fa re bua le baatlhodi le babusi ka dilo tse re di dumelang?

16 Rona Bakeresete ba boammaaruri re tshwanetse gore ‘ka metlha re ikemisetse go femela’ tumelo ya rona. (1 Pet. 3:15) Fa re bua le baatlhodi le babusi ka dilo tse re di dumelang, re ka nna ra fitlhela go thusa go etsa mokgwa o Paulo a neng a o dirisa fa a ne a bua le Ageripa le Feseto. Fa re bua le babusibagolo bano ka tlotlo mme re ba tlhalosetsa kafa boammaaruri jwa Baebele bo fetotseng matshelo ka gone gore a nne botoka—matshelo a rona mmogo le a batho ba ba reetsang molaetsa wa rona—re ka nna ra ama dipelo tsa bone.

“O ka Ntlhotlheletsa Gore ke Nne Mokeresete” (Ditiro 26:24-32)

17. Feseto o ne a itshwara jang fa Paulo a ne a iphemela, mme boikutlo joo bo bonala jang le gompieno?

17 Ga go kafa babusi bano ba babedi ba neng ba ka se ka ba amega pelo ka gone fa ba ntse ba reeditse bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa ga Paulo. Ela tlhoko se se ileng sa direga: “Jaanong fa Paulo a ntse a bua dilo tseno a iphemela, Feseto o ne a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘O a tsenwa, Paulo! Go bala thata go a go tsentsha!’” (Dit. 26:24) Tota le gompieno go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba phamogang ka bogale fela jaaka Feseto a ne a dira. Batho ba le bantsi ba tsaya gore batho ba ba rutang se tota Baebele e se bolelelang ba rata bodumedi ka tsela e e feteletseng. Gantsi batho ba ba rutegileng mo lefatsheng leno ba fitlhela go le thata go amogela thuto ya Baebele ya gore go tla nna le tsogo ya baswi.

18. Paulo o ne a araba Feseto a reng, mme seno se ne sa dira gore Ageripa a arabe jang?

18 Mme gone Paulo o ne a araba mmusi yono a re: “Ga ke tsenwe Motlotlegi Feseto, mme se ke se buang se boammaaruri e bile ke itekanetse sentle mo mogopolong. Tota e bile, kgosi eno e ke buang le yone ke phuthologile e itse dilo tseno sentle . . . Wena Kgosi Ageripa, a o dumela mekwalo ya baporofeti? Ke a itse gore o a dumela.” Mme Ageripa a raya Paulo a re: “O itse go bua tota mo e leng gore go ise go ye kae, o ka ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” (Dit. 26:25-28) Le fa mafoko ano a ka tswa a ne a buiwa ka bopeloephepa kgotsa a sa buiwe ka jone, a bontsha gore bosupi jwa ga Paulo bo ne jwa ama kgosi eno pelo fela thata.

19. Feseto le Ageripa ba ne ba dira tshwetso efe ka Paulo?

19 Morago ga moo Ageripa le Feseto ba ne ba ema, ba bontsha batho ba ba neng ba le gone foo gore tsheko e fedile. “Mme fa ba tswa, ba ne ba raana ba re: ‘Monna yono ga a dire sepe se se ka dirang gore a bolawe kgotsa a tsenngwe mo kgolegelong.’ Go tswa foo, Ageripa o ne a raya Feseto a re: ‘Monna yono a ka bo a golotswe fa a ne a sa ikuela kwa go Kaesara.’” (Dit. 26:31, 32) Ba ne ba itse gore monna yono yo o emeng fa pele ga bone o ne a se molato. Gongwe jaanong ba ne ba tla leba Bakeresete ka tsela e e siameng.

20. Go nnile le matswela afe fa Paulo a ne a rerela badiredibagolo?

20 Ga go bonale babusi bano ba babedi ba ba maatla ba ba mo pegong eno ba ile ba amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. A go ne go le botlhale gore moaposetoloi Paulo a tlhagelele fa pele ga banna bano? Ee. Go “isiwa [ga ga Paulo] kwa dikgosing le kwa balaoding” mo Judea go ne ga dira gore bosupi bo fitlhe kwa dikarolong tsa puso ya Roma tse ka nako eo go neng go ka nna thata gore dikgang tse di molemo di fitlhe kwa go tsone. (Luke 21:12, 13) Gape se se diragaletseng Paulo le tsela e a neng a ikanyega ka yone le fa a lebane le diteko, se nonotsha tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe.—Bafil. 1:12-14.

21. Re ka nna le matswela afe a a molemo fa re ntse re tsweletse ka tiro ya Bogosi?

21 Go ntse fela jalo le gompieno. Re ka nna le matswela a mantsi a a molemo fa re tswelela pele re dira tiro ya Bogosi le fa re lebana le diteko le dikganetso. Re ka nna ra rerela badiredibagolo ba go neng go ka nna thata go ba fitlhelela. Go itshoka ga rona ka boikanyegi go ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, mme ga dira gore ba nne pelokgale le go feta fa ba ntse ba naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo.

a Bona lebokose le le reng, “ Mmusi wa Roma e Bong Porekio Feseto”.

b ‘Setulo sa katlholo’ se ne se beilwe mo seraleng se se agetsweng kwa godimo. Go nna ga sone kwa godimo jalo go ne go bontsha gore ditshwetso tsa moatlhodi e ne e le tsa makgaolakgang e bile di ne di tshwanetse go tlotlwa. Pilato o ne a ntse mo setulong sa katlholo fa a sekaseka ditatofatso tse Jesu a neng a latofadiwa ka tsone.

d Bona lebokose le le reng, “ Kgosi Herode Ageripa II”.

e E re ka Paulo e ne e le Mokeresete, o ne a dumela gore Jesu e ne e le Mesia. Bajuda ba ba neng ba sa amogela Jesu ba ne ba tsaya Paulo e le motlhanogi.—Dit. 21:21, 27, 28.

f Moithuti mongwe wa Baebele o ne a tlhalosa jaana mafoko a Paulo a neng a a bua a gore o ne a tsaya loeto “ka sethoboloko”: “Gantsi batsamai ba ne ba ikhutsa mo ureng ya sethoboloko fa go nna mogote, ke fela fa motsamai a ne a itlhaganetse thata a neng a ka se ikhutse. Ka jalo, re kgona go bona kafa Paulo a neng a tlhoafetse ka gone mo thomong eno ya gagwe ya go ya go bogisa Bakeresete.”