Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 26

“Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”

“Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”

Paulo o thubegelwa ke sekepe, mme o bontsha tumelo e kgolo le lorato lo a nang le lone mo bathong

E tswa mo go Ditiro 27:1–28:10

1, 2. Ke dilo dife tse Paulo a tla lebanang le tsone mo loetong lwa gagwe, mme a ka tswa a tshwenyegile ka eng?

 PAULO o akantse ka mafoko a ga Feseto, gonne a amana thata le se se tlileng go mo diragalela mo isagweng. Mmusi Feseto o ne a mo reile a re: “O tla ya kwa go Kaesara.” Paulo o feditse dingwaga tse pedi mo kgolegelong, ka jalo loeto lo loleele lwa go ya kwa Roma lo ne lo tla dira gore a fokwe ke phefo. (Dit. 25:12) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a le mo loetong, ga a akanye fela ka pheswana e e lapolosang le lewatle le legolo, o sa ntse a gakologelwa sentle dilo dingwe tse di neng tsa direga fa a ne a tsere maeto ka sekepe. Loeto lo a leng mo go lone lwa go ya go tlhagelela fa pele ga ga Kaesara lo tshwanetse lwa bo lo dira gore a ipotse dipotso tse di botlhokwa ka isagwe ya gagwe.

2 Paulo o ne a lebana le “dikotsi kwa lewatleng” ka makgetlo a le mantsi, a thubegelwa ke sekepe gararo, a bo a nna bosigo bo le bongwe le letsatsi le le lengwe mo lewatleng. (2 Bakor. 11:25, 26) Mo godimo ga moo, loeto lono lo tla bo lo sa tshwane le maeto a borongwa a a neng a a tsaya pele a golegwa. Mo lekgetlong leno, Paulo o tla tsamaya sekgala se seleele e le legolegwa—dikilometara di feta 3 000 go tswa kwa Kaesarea go ya kwa Roma. A o tla wetsa loeto lono a ntse a babalesegile? Tota le fa a ka goroga ka pabalesego, a ga a na go atlholwa setlhogo koo? Se lebale gore o tla atlholwa ke puso e ka nako eo e neng e le maatla go gaisa tsotlhe mo lefatsheng la ga Satane.

3. Paulo o ne a ikemiseditse go dira eng, mme re tlile go tlotla ka eng mo kgaolong eno?

3 E re ka o setse o badile go le gontsi ka Paulo, a o akanya gore o ne a latlhegelwa ke tsholofelo kgotsa a tlalelwa fa a akanya ka se se tla mo diragalelang? Le e seng! O ne a itse gore o tlile go lebana le mathata, mme gone a sa itse gore mathata ao e tla nna a mofuta ofe. Jaanong ke eng fa a tlhobaela ka dilo tse a ka se kang a dira sepe ka tsone go na le gore a akanye ka boipelo jo a nnileng le jone mo bodireding? (Math. 6:27, 34) Paulo o ne a itse gore Jehofa o ne a batla gore a dirise tshono nngwe le nngwe go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, tota le mo babusing ba lefatshe. (Dit. 9:15) Paulo o ne a ikemiseditse go diragatsa thomo ya gagwe, le fa go ka nna thata jang. A ga se se le rona re ikemiseditseng go se dira? Mma re lateleng Paulo mo loetong lono lwa gagwe lo lo botlhokwa mme re bone gore sekao sa gagwe se ka re solegela molemo jang.

‘Re ne Re Lebagane le Diphefo’ (Ditiro 27:1-7a)

4. Paulo o ne a tsaya loeto ka sekepe sa mofuta ofe, mme ke bomang ba ba neng ba tsamaya le ene?

4 Paulo le magolegwa a mangwe ba ne ba tlhokometswe ke mookamedi mongwe wa Moroma yo o bidiwang Juliase, yo o neng a tlhopha go tsamaya ka sekepe sa bagwebi se se neng se tlile mo Kaesarea. Sekepe seo se ne se tswa kwa Adaramitiama, e leng boemakepe jo bo mo lotshitshing lo lo kafa bophirima lwa Asia Minor, go kgabaganya motse wa Mitilene, mo setlhaketlhakeng sa Lesbos. Se ne se tla ya kwa bokone mme go tswa foo se ye kwa bophirima, se ntse se ema mo maemakepeng se pega le go pagolola merwalo. Dikepe tseo tse di pegang merwalo di ne di sa direlwa go pega batho, segolobogolo magolegwa. (Bona lebokose le le reng, “ Go Tsaya Loeto ka Sekepe le Ditsela Tse Bagwebi ba Neng ba Tsamaya ka Tsone.”) Ka lesego, Paulo e ne e tla bo e se ene fela Mokeresete mo gare ga setlhopha sa dikebekwa. Go ne go na le bakaulengwe ba le babedi ba ba neng ba tsamaya le ene—Arisetareko le Luke. Tota e bile, Luke ke ene a kwadileng pego eno. Ga re itse gore a ditsala tseno tse pedi tse di ikanyegang di ne di itueletse loeto loo kgotsa gore ba ne ba pagame gonne e ne e le badiredi ba ga Paulo.—Dit. 27:1, 2.

5. Paulo o ne a amogelwa jang kwa Sidona, mme re ka ithuta eng mo go seno?

5 Fa sekepe se sena go fetsa letsatsi le le lengwe mo lewatleng mme se setse se tsamaile sekgala sa dikilometara di ka nna 110 go ya kwa bokone, se ne sa ema kwa Sidona, mo lotshitshing lwa Siria. Go bonala Juliase a sa ka a tshwara Paulo ka tsela e dikebekwa tse dingwe di neng di tshwarwa ka yone, gongwe e le ka gonne Paulo e ne e le Moroma mme o ne a ise a bonwe molato. (Dit. 22:27, 28; 26:31, 32) Juliase o ne a letla Paulo gore a ye go tsamayatsamaya kwa lotshitshing gore a bone Bakeresete ka ene. Ruri bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela go tlhokomela moaposetoloi yono yo o neng a tsentswe mo kgolegelong ka lobaka lo loleele! A o ka akanya ka maemo a mo go one le wena o ka supang moya o o ntseng jalo wa go amogela baeng ka lorato mme o bo o solegelwa molemo?—Dit. 27:3.

6-8. Loeto lwa ga Paulo lo ne lo ntse jang go tswa kwa Sidona go ya kwa Kinido, mme gongwe ke ditshono dife tse a neng a di dirisa gore a rere?

6 Fa sekepe se tswa mo Sidona, se ne sa tswelela ka loeto go ralala lotshitshi mme sa feta kwa Kilikia gaufi le motse wa Tareso o Paulo a goletseng kwa go one. Luke ga a bue sepe ka mafelo a mangwe a ba neng ba ema fa go one, mme gone o umaka ntlha e e neng e mo tshosa ya gore ‘ba ne ba lebagane le diphefo.’ (Dit. 27:4, 5) Tota le mo nakong eo e e thata, re a itse gore Paulo o tshwanetse a bo a ile a dirisa tshono nngwe le nngwe go rera dikgang tse di molemo. Ga go pelaelo gore o ne a rerela batho ba a neng a golegilwe le bone le ba bangwe ba ba neng ba le mo sekepeng, go akaretsa batsamaisasekepe le masole, mmogo le batho ba a neng a kopana le bone kwa maemakepeng. A le rona gompieno re dirisa tshono nngwe le nngwe e re nang le yone go rera dikgang tse di molemo?

7 Fa nako e ntse e ya, sekepe se ne sa goroga kwa Mira, e leng boemakepe jo bo mo lotshitshing lo lo kafa borwa jwa Asia Minor. Fa ba le koo, Paulo le bapagami ba bangwe ba ne ba tsena mo sekepeng se sengwe, se se neng se tla ba gorosa kwa ba neng ba ya teng, kwa Roma. (Dit. 27:6) Mo metlheng eo, Egepeto ke yone e neng e tlamela Roma ka dijo tsa ditlhaka, mme dikepe tsa Egepeto tse di pegang dijo tsa ditlhaka di ne di ema kwa Mira. Juliase o ne a batla sekepe seo mme a bolelela masole le magolegwa gore ba pagame mo go sone. Sekepe seno se tshwanetse sa bo se ne se le segolo go feta se ba neng ba se pagame pele. Se ne se rwele korong e e neng e le yone morwalo wa botlhokwa mmogo le batho ba le 276—batsamaisasekepe, masole, magolegwa, gongwe le batho ba bangwe ba ba neng ba ya kwa Roma. Go bonala Paulo a ne a bona tshono ya go rerela batho ba le bantsi fa ba ne ba tswa mo sekepeng se sengwe ba tsena mo go se sengwe, mme ga go pelaelo gore o ne a e dirisa ka botlalo.

8 Go tswa foo sekepe se ne sa ema kwa Kinido, e e mo sekhutlong se se kafa borwabophirima jwa Asia Minor. Fa maemo a bosa a siame, sekepe se ne se ka kgona go tsamaya sekgala seo mo letsatsing le le lengwe fela. Le fa go ntse jalo, Luke a re: “Fa re sena go tsamaya ka bonya ka sekepe seo malatsi a le mantsi thata, re ne ra goroga kwa Kinido re sokotse.” (Dit. 27:7a) Maemo a bosa a ne a sa siamela go tsaya loeto ka sekepe. (Bona lebokose le le reng, “ Diphefo Tse di Maatla Tsa Mediterranean”.) Akanya fela gore batho ba ba mo sekepeng ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa jang fa sekepe se ntse se leka go kgabaganya diphefo tse di tsubutlang le lewatle le le sa iketlang.

“Re Kgokgweediwa ke Setsuatsue” (Ditiro 27:7b-26)

9, 10. Go ne ga tsoga mathata afe mo kgaolong ya Kereta?

9 Molaodi wa sekepe o ne a swetsa ka gore go tswa kwa Kinido ba tswelele ba ye kwa bophirima, mme gone Luke yo o boneng ditiragalo tseo ka matlho a re ba ne ba “lebagane le diphefo.” (Dit. 27:7b) Fa sekepe se ntse se tsenelela kwa teng mo lewatleng, se ne sa katoga pheswana e e fa lobopong lwa lewatle, mme morago ga moo phefo e e maatla ya matsubutsubu e e tswang kwa bokonebophirima ya se heheutlela kwa borwa, gongwe e le ka lobelo lo logolo. Pelenyana ga foo fa sekepe seno se ne se heheutlwa ke diphefo, se ne sa falodisiwa ke go ema mo setlhaketlhakeng sa Kupero, mme mo lekgetlong leno se ne sa falodisiwa ke go ema mo setlhaketlhakeng sa Kereta. Maemo a ne a tokafala go se kae fa sekepe se sena go feta lepawa le le bidiwang Salamone, kwa bofelong jwa karolo e e kafa botlhaba ya Kereta. Ka ntlha yang? Ka gonne jaanong sekepe se ne se le mo karolong e e kafa borwa ya setlhaketlhake, mme diphefo di ne di se maatla thata mo karolong eo. Akanya fela kafa kwa tshimologong batho ba ba neng ba le mo sekepeng ba tshwanetseng ba bo ba ne ba ikutlwa ba wetse makgwafo ka gone! Mme fa fela sekepe se sa ntse se le mo lewatleng, batsamaisasekepe ba ne ba se kitla ba itlhokomolosa kgang ya gore mariga a a atamela. Ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go tshwenyega.

10 Luke o tlhalosa se a se boneng jaana: “Fa re ntse re tsamaya go bapa le losi lwa lewatle [kwa Kereta] re sokola, re ne ra goroga kwa lefelong le le bidiwang Magorogelo a Mantle.” Tota le fa sekepe se ne se sireleditswe jalo, go ne go le boima go se laola. Le fa go ntse jalo, kgabagare ba ne ba bona lefelo le ba neng ba ka emisa sekepe mo go lone mo boemakepeng jo bonnye jo go akanngwang gore bo ne bo le mo kgaolong e e mo lotshitshing lo lo yang kwa bokone. Ba ne ba nna koo lobaka lo lo kae? Luke a re ba ne ba nna koo “nako e telele,” mme gone nako e ne e ba pitlaganyeditse. Go ne go le kotsi thata go tsamaya ka sekepe mo dikgweding tsa September/October.—Dit. 27:8, 9.

11. Paulo o ne a naya batho ba a neng a pagame sekepe le bone kgakololo efe, mme go ne ga dirwa tshwetso efe?

11 Batho bangwe ba ba neng ba pagame sekepe ba ka tswa ba ile ba kopa kgakololo mo go Paulo gonne a ne a tlhola a tsaya maeto mo Lewatleng la Mediterranean. O ne a ba gakolola gore ba se ka ba tswelela ka mosepele. Fa ba ne ba ka tswelela, ba ne ba tla “senyegelwa ke sekepe le go latlhegelwa ke dithoto,” gongwe e bile bangwe ba ne ba ka latlhegelwa ke matshelo. Le fa go ntse jalo, mokgweetsi wa sekepe le mong wa sone ba ne ba batla go tswelela ka loeto, gongwe ba akanya gore ba ne ba tshwanetse go potlaka gore ba goroge kwa lefelong le le bolokesegileng. Ba ne ba dira gore Juliase a dumalane le bone mme batho ba bangwe botlhe ba ne ba dumalana le kakantsho eo ya gore ba leke go goroga kwa Fonikise, e leng boemakepe jo bo neng bo le kwa pelenyana go bapa le lobopo. Boemakepe jo bo mo lefelong leo bo ka tswa bo ne bo le bogolo e bile bo siametse gore ba ka fetsa mariga ba le kwa go jone. Ka jalo, fa go foka phefo e e tswang kwa borwa e go neng go lebega e kete e siametse loeto, ba ne ba wela tsela.—Dit. 27:10-13.

12. Fa sekepe se sena go tswa mo Kereta, se ne sa lebana le dikotsi dife, mme bakgweetsi ba sone ba ne ba leka jang go tila masetlapelo?

12 Morago ga moo, mathata a magolo a ne a simolola: go ne ga tsoga “phefo e e maatla” e e tswang kwa bokonebotlhaba. Ba ne ba bona lefelo le ba ka tshabelang kwa go lone ka nakwana kwa ‘setlhaketlhakeng sengwe se sennye se se bidiwang Kauda,’ se se neng se le dikilometara di ka nna 65 go tswa kwa lefelong le le bidiwang Magorogelo a Mantle. Mme gone, sekepe se ne se sa ntse se le mo kotsing ya go heheutlelwa kwa borwa go fitlha se thubagana mo thoteng e e fa lotshitshing lwa Afrika. Batsamaisi ba sekepe ba ne ba leka ka natla gore seo se se ka sa direga, ba ne ba goga mokorwana o sekepe se neng se ntse se o goga mme ba o tsenya mo sekepeng. Go ne go se motlhofo go dira jalo, ka gonne mokorwana oo o tshwanetse wa bo o ne o tletse metsi. Ka jalo, ba ne ba leka go tshegetsa sekepe kafa tlase, ba tsamaisa megala kgotsa dikeetane kafa tlase ga sone gore ba tshwaraganye dipolanka tsa sone. Go tswa foo, ba ne ba isa diseile tsa sone kwa tlase gore se laolege, mme ba leka ka natla go dira gore sekepe se lebe kwa phefo e tswang teng gore ba kgone go kgabaganya setsuatsue. Akanya fela gore tiragalo eo e tshwanetse ya bo e ne e tshosa jang! Tota le matsapa a ba a tsereng a ne a sa lekana, ka gonne sekepe se ne sa tswelela se ntse se “kgokgweediwa ke setsuatsue.” Mo letsatsing la boraro, ba ne ba latlhela ditsamaisamokoro mo lewatleng, gongwe ba leka go dira gore sekepe se nne se kokobetse mo metsing.—Dit. 27:14-19.

13. Maemo a tshwanetse a bo a ne a ntse jang mo sekepeng se Paulo a neng a le mo go sone fa go ne go na le setsuatsue?

13 Ruri ba tshwanetse ba bo ba ne aparetswe ke poifo! Mme Paulo le ditsala tsa gagwe bone, ba ne ba tlhomamisegile gore ba tla falola masetlapelo ano. Pelenyana ga foo, Morena o ne a bolelela Paulo gore o ne a tla ya go naya bosupi kwa Roma, mme morago ga moo moengele o ne a tlhomamisa tsholofetso eo. (Dit. 19:21; 23:11) Le fa go ntse jalo, setsuatsue se se maatla se ne sa tswelela bosigo le motshegare ka dibeke di le pedi. Motsamaisi wa sekepe o ne a sa kgone go bona gore sekepe se fa kae le gore se lebile kae ka ntlha ya pula e e maatla e e neng e sa kgaotse le maru a mantshontsho a a neng a bipile letsatsi le dinaledi. Tota ba ne ba sa kgone le go ja. Mme gone, ke mang yo o neng a ka akanya ka dijo mo maemong ao a a thata, a serame, pula, bolwetse le letshogo?

14, 15. (a) Fa Paulo a ne a bua le batho ba a neng a tsamaya le bone mo sekepeng, ke eng fa a ne a umaka tlhagiso e a neng a ba naya yone pelenyana? (b) Re ka ithuta eng mo molaetseng wa tsholofelo o Paulo a neng a o rera?

14 Paulo o ne a ema. A ba gopotsa gore o ile a ba tlhagisa ka seno mme e se jaaka e kete o ba raya a re, ‘Ke lo boleletse!’ Mme gone dilo tse di neng di sa tswa go direga di ne di bontsha sentle gore ba ka bo ba ile ba tsaya mafoko a gagwe tsia. Mme o ne a re: “Jaanong ke lo kgothaletsa gore lo nne pelokgale, ka gonne ga go na ope mo go lona yo o tla swang, go tla senyega sekepe fela.” (Dit. 27:21, 22) Ruri mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a gomotsa batho ba ba neng ba mo reeditse! Paulo le ene o tshwanetse a bo a ne a itumetse thata gore Jehofa o ne a mo neile molaetsa oo wa tsholofelo gore a o bolelele batho ba ba neng ba le mo sekepeng. Go botlhokwa gore re se ka ra lebala gore Jehofa o amega ka matshelo a batho botlhe. O tsaya mongwe le mongwe a le botlhokwa. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Jehofa . . . ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.” (2 Pet. 3:9) Ka jalo, ruri go potlakile gore re leke ka natla go bolelela batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng ka molaetsa wa ga Jehofa wa tsholofelo! Matshelo a batho a Jehofa a a tsayang a le botlhokwa a mo kotsing.

15 Paulo o tshwanetse a bo a ne a bolelela batho ba le bantsi ba ba neng ba le mo sekepeng gore o ‘dumela mo tsholofetsong e a neng a e newa ke Modimo.’ (Dit. 26:6; Bakol. 1:5) E re ka go ne go bonala gore sekepe se ka nna sa thubega, Paulo o ne a ka kgona go ba naya lebaka le le utlwalang la gore ba nne le tsholofelo ya gore ba tla falola maemo ao a a kotsi. O ne a re: “Mo bosigong jono moengele  . .  o ne a ema gaufi le nna a bo a nthaya a re: ‘O se ka wa tshoga, Paulo. O tshwanetse go ya go ema fa pele ga ga Kaesara, mme Modimo o tla go boloka mmogo le botlhe ba ba tsamayang le wena ka sekepe.’” Paulo o ne a ba kgothatsa jaana: “Ka jalo, nnang pelokgale banna, ka gonne ke dumela gore Modimo o tla dira fela jaaka ke boleletswe. Le fa go ntse jalo, sekepe seno se tshwanetse go re kgwela mo lotshitshing lwa setlhaketlhake sengwe.”—Dit. 27:23-26.

“Botlhe Ba ne Ba Goroga Kwa Lefatsheng ba Babalesegile” (Ditiro 27:27-44)

“A leboga Modimo fa pele ga bone botlhe.”—Ditiro 27:35

16, 17. (a) Paulo o ne a dirisa sebaka sefe gore a rapele, mme go ne ga nna le matswela afe? (b) Tlhagiso e Paulo a neng a ba naya yone e ne ya diragadiwa jang?

16 Morago ga dibeke di le pedi tse di boifisang, tse mo go tsone sekepe se neng sa heheutlwa ke diphefo sekgala sa dikilometara di ka nna 870, batsamaisi ba sone ba ne ba utlwa phetogonyana, go utlwala e kete makhubu a itaagana mo losing lwa lewatle. Ba ne ba latlhela ditshetledi kwa morago ga sekepe gore se se ka sa kgokgoetsega mme ba dira gore karolo ya sone e e kwa pele e lebe kwa lefelong le le omileng gore ba kgone go se emisa fa losing. Mo nakong eo, ba ne ba leka go tswa mo sekepeng mme masole a ne a ba thibela. Paulo o ne a raya molaodi wa masole mmogo le masole a re: “Fa banna bano ba sa nne mo sekepeng, ga lo ka ke lwa bolokwa.” E re ka jaanong maemo a ne a ritibetse go se kae, Paulo o ne a rotloetsa botlhe gore ba je, a ba tlhomamisetsa gape gore ba tla falola. Go tswa foo Paulo o ne “a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe.” (Dit. 27:31, 35) Paulo o ne a tlhomela Luke, Arisetareko le Bakeresete gompieno sekao se se molemo fa a ne a leboga Modimo ka thapelo. A tsela e o rapelang ka yone phatlalatsa e kgothatsa ba bangwe le go ba gomotsa?

17 Fa Paulo a sena go rapela, “botlhe ba ne ba nna pelokgale mme le bone ba simolola go ja.” (Dit. 27:36) Ba ne ba latlha morwalo wa korong o o neng o le mo sekepeng gore se se ka sa imelwa, mme fa ba sena go dira jalo se ne sa kokobala mo godimo ga metsi fa se ntse se atamela kwa losing. Fa letsatsi le tlhaba, ba ne ba kgaola ditshetledi, ba bofolola megala ya dikota tse di dirisiwang go laola sekepe, mme ba tsholetsa seile e nnye ya kwa pele gore ba kgone go laola sekepe fa ba se isa kwa lefelong le le omileng. Go tswa foo se ne sa tlhoma ka nko mo motlhabeng kgotsa mo seretseng, mme karolo e e kwa morago ya sone e ne ya simolola go kgakgamologa ka ntlha ya makhubu a a maatla. Masole mangwe a ne a batla go bolaya magolegwa gore go se nne le ope yo o tshabang, mme Juliase o ne a tsereganya gore seo se se ka sa direga. O ne a bolelela botlhe gore ba thume kgotsa ba batle sengwe se se ka ba thusang gore ba kokobale mo godimo ga metsi mme ba ye kwa losing. Botlhe ba le 276 ba ne ba falola, fela jaaka Paulo a ne a buile. Ee, “botlhe ba ne ba goroga kwa lefatsheng ba babalesegile.” Mme gone ba ne ba le kwa kae?—Dit. 27:44.

“Bopelonomi jo Bogolo” (Ditiro 28:1-10)

18-20. Batho ba Maleta ba ne ba bontsha jang “bopelonomi jo bogolo,” mme Modimo o ne a naya Paulo nonofo ya go dira kgakgamatso efe?

18 Bafalodi ba ne ba iphitlhela ba le mo setlhaketlhakeng sa Maleta, kafa borwa jwa Sisili. (Bona lebokose le le reng, “ Maleta—E Kwa Kae?” mo go tsebe 209.) Batho ba setlhaketlhake seno ba ba buang puo e bafalodi bano ba sa e itseng ba ne ba ba bontsha “bopelonomi jo bogolo.” (Dit. 28:2) E re ka bafalodi bano ba ne ba kolobile e bile ba roroma, ba ne ba ba gotsetsa molelo le fa ba ne ba sa ba itse. Molelo o ne wa ba thuthafatsa e re ka go ne go le tsididi e bile pula e na. Gape o ne wa dira gore go nne le kgakgamatso nngwe.

19 E re ka Paulo a ne a batla go thusa batho bano ba ba molemo, o ne a ya go rwalela dikgong gore ba tle go tlhosetsa molelo. Fa a ntse a tlhosetsa molelo jalo, noga e e botlhole e ne ya tswa mme ya mo loma, e ntse e ithathelela mo seatleng sa gagwe. Batho ba kwa Maleta ba ne ba akanya gore seno ke kotlhao e e tswang kwa medimong. a

20 Batho ba lefelo leo ba ba boneng Paulo a longwa ke noga e e botlhole ba ne ba akanya gore o tla “ruruga.” Go ya ka buka nngwe ya ditshupiso, lefoko la puo ya ntlhantlha le le dirisitsweng fano ke “lereo le le dirisiwang ke dingaka.” Ga go gakgamatse go bo lefoko leo le ile la tla ka bonako mo mogopolong wa ga “Luke, ngaka e e rategang.” (Dit. 28:6; Bakol. 4:14) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a tlhotlhora noga e e botlhole mme o ne a sa gobala.

21. (a) Ke mafoko afe a a mo pegong eno ya ga Luke a a tlhalosang dilo jaaka di ntse? (b) Paulo o ne a dira dikgakgamatso dife, mme di ne tsa ama batho ba kwa Maleta jang?

21 Go ne go na le monna mongwe wa mohumi yo o bidiwang Pubelio yo o neng a nna mo lefelong leo. E ka tswa e ne e le mookamedi wa masole a Roma mo Maleta. Luke a re ke “mmusi wa setlhaketlhake seo,” e leng sone sereto se se neng sa fitlhelwa mo mekwalong e mebedi ya kwa Maleta. Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba fetsa malatsi a le mararo kwa legaeng la gagwe. Le fa go ntse jalo, rraagwe Pubelio o ne a lwala. Le mo lekgetlong leno, Luke o tlhalosa sentle bolwetse jo bo neng bo mo tshwere. A re “o ne a lwala a tshwenngwa ke letshoroma le letshololo,” a tlhalosa malwetse ano ka tsela e a leng ka yone. Paulo o ne a rapelela monna yono a mmeile diatla, mme a fola. Batho ba mo lefelong leo ba ne ba kgatlhiwa thata ke kgakgamatso eo mo ba neng ba tlisa batho ba bangwe ba ba lwalang gore ba fodisiwe, mme ba tlisetsa Paulo le ditsala tsa gagwe dimpho le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.—Dit. 28:7-10.

22. (a) Porofesa mongwe o ne a tlotlomatsa jang pego e Luke a neng a e kwala ka loeto lwa go ya kwa Roma? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong e e latelang?

22 Karolo ya loeto lwa ga Paulo e re setseng re e sekasekile go tla go fitlha jaanong e nepile e bile e boammaaruri. Porofesa mongwe o ne a re: “Pego ya ga Luke . . . ke nngwe ya dipego tse di tlhomologileng mo Baebeleng yotlhe le tse di tlhalosang dilo ka tsela e e utlwalang sentle. Dintlha tse di mo go yone tse di tlhalosang tsela e sekepe se neng se tsamaisiwa ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga di opa kgomo lonaka mme tsela e e tlhalosang maemo a kwa botlhaba jwa Mediterranean ka yone e boammaaruri thata jaana” mo e keteng dintlha tsa yone di tserwe mo tayaring e e neng e kwadilwe ke mongwe. Luke a ka tswa a ne a kwala dilo tseno tsotlhe fa a ntse a tsamaya le moaposetoloi. Fa go le jalo, le mo karolong e e latelang ya loeto o ne a tla nna le dilo di le dintsi tse a neng a tla kwala ka tsone. Go tla direga eng ka Paulo fa ba goroga kwa Roma? Mma re boneng.

a Ntlha ya go bo batho ba ne ba itse ka dinoga tsa mofuta ono e bontsha gore di kile tsa bo di le teng mo setlhaketlhakeng seo. Mo malatsing a gompieno, ga go na dinoga tse di botlhole kwa Maleta. Seo se ka tswa se bakilwe ke go fetoga ga tikologo fa dingwaga di ntse di ya. Kgotsa go oketsega ga palo ya batho mo setlhaketlhakeng seo go ka tswa go dirile gore dinoga tseno di se tlhole di nna teng.