Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 23

“Ntheetseng ke lo Tlhalosetse se se Diragetseng”

“Ntheetseng ke lo Tlhalosetse se se Diragetseng”

Paulo o femela boammaaruri fa pele ga digopa tse di galefileng le fa pele ga Sanehederine

E tswa mo go Ditiro 21:18–23:10

1, 2. Moaposetoloi Paulo o ne a tlile go dira eng mo Jerusalema, mme o tla lebana le dikgwetlho dife fa a le koo?

 JERUSALEMA! Paulo o tsamaya gape mo mebileng e mesesane le e e tlhanaselang ya motse ono. Fa re sekaseka hisitori ya kafa Jehofa a neng a dirisana ka gone le batho ba gagwe, re lemoga gore ga go motse ope o o botlhokwa go gaisa ono mo lefatsheng lotlhe. Bontsi jwa baagi ba motse ono ba motlotlo ka hisitori ya one. Paulo o a itse gore Bakeresete ba le bantsi ba mo motseng ono ba ikanya hisitori ya bone fela thata mo ba palelwang ke go dira diphetogo mo matshelong a bone le fa ba sena go lemoga gore Jehofa o fetotse tsela e a dirisanang le batho ba gagwe ka yone. Ka jalo, Paulo o lemoga gore batho bano ga ba tlhoke fela dilo tsa go itshedisa—e leng se se neng sa dira gore a etele motse ono fa a ne a le kwa Efeso—mme ba tlhoka le thuso ya semoya, ke gone ka moo a neng a swetsa ka gore a etele motse ono o mogolo gape. (Dit. 19:21) Paulo o ne a ikemiseditse go ya kwa motseng oo le fa seno se ne se ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing.

2 Jaanong Paulo o ne a tla lebana le eng kwa Jerusalema? Mangwe a mathata a a neng a tla lebana le one a ne a tla tswa mo balateding ba ga Keresete, ba bangwe ba bone ba kgopisitsweng ke magatwe a a neng a buiwa ka Paulo. Mathata a magolo a ne a tla tswa mo babeng ba ga Keresete. Ba ne ba tla latofatsa Paulo ka maaka, ba mo kgwathise le go mo tshosetsa ka gore ba tla mmolaya. Gape ditiragalo tseno tse di tshosang di ne di tla naya Paulo tshono ya gore a iphemele. Tsela e a neng a lebana le dikgwetlho tseno ka yone ka boikobo, bopelokgale le ka tumelo ke sekao se se molemo mo Bakereseteng gompieno. Mma re boneng gore o ne a dira seo jang.

Ba ne “Ba Galaletsa Modimo” (Ditiro 21:18-20a)

3-5. (a) Ke pokano efe e Paulo a neng a ya kwa go yone mo Jerusalema, mme go ne go buiwa ka eng? (b) Re ka ithuta dithuto dife mo pokanong e Paulo a neng a e tshwere le bagolwane kwa Jerusalema?

3 Letsatsi morago ga gore Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba goroge mo Jerusalema, ba ne ba ya go kopana le bagolwane ba phuthego. Pego eno ga e umake ope wa baaposetoloi ba ba neng ba sa ntse ba tshela ka nako eo; gongwe ka nako eo botlhe ba ne ba thusa kwa dinageng tse dingwe. Le fa go ntse jalo, morwarraagwe Jesu e bong Jakobe o ne a sa ntse a le koo. (Bagal. 2:9) Gongwe Jakobe e ne e le ene modulasetulo mo pokanong fa “bagolwane botlhe ba ne ba le gone” le Paulo.—Dit. 21:18.

4 Paulo o ne a dumedisa bagolwane “a bo a ba bolelela dilo tsotlhe tse Modimo a di dirileng mo ditšhabeng ka tiro ya gagwe ya go rera.” (Dit. 21:19) Seno se tshwanetse sa bo se ile sa kgothatsa bakaulengwe bano fela thata. Le rona gompieno re itumedisiwa ke go utlwa kafa tiro ya go rera e ntseng e gola ka gone mo dinageng tse dingwe.—Diane 25:25.

5 Fa Paulo a ntse a bua, go bonala a ile a umaka meneelo e a neng a tlile ka yone go tswa kwa Yuropa. Batho ba ba neng ba reeditse Paulo ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse thata fa ba lemoga tsela e bakaulengwe ba dinaga tse dingwe tse di kgakala ba neng ba bontsha ka yone gore ba amega ka bone. Tota e bile, pego e bolela jaana ka tsela e ba neng ba itshwara ka yone fa ba utlwa pego ya ga Paulo: “[Bagolwane] ba ne ba galaletsa Modimo”! (Dit. 21:20a) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi gompieno ba ba itshoketseng dikotsi tsa masetlapelo le malwetse a a botlhoko ba itumela fela thata fa badumedi ka bone ba ba naya thuso e ba e tlhokang e bile ba ba kgothatsa.

Ba le Bantsi Ba ne Ba sa Ntse ba “Kgomaretse Molao wa ga Moshe Thata” (Ditiro 21:20b, 21)

6. Ke bothata bofe jo Paulo a neng a bolelelwa ka jone?

6 Morago ga moo, bagolwane ba ne ba bolelela Paulo gore magatwe a a neng a buiwa ka ene a ne a bakile bothata mo Judea. Ba ne ba re: “Mokaulengwe, o a bona gore go na le Bajuda ba le diketekete ba e leng balatedi ba ga Jesu, mme botlhe ba kgomaretse Molao wa ga Moshe thata. Le fa go ntse jalo, ba utlwile magatwe a gore o ntse o ruta Bajuda botlhe mo ditšhabeng tse dingwe gore ba tlhanogele melao ya ga Moshe, o ba bolelela gore ba se ka ba rupisa bana ba bone kgotsa ba se ka ba latela ditlwaelo tse dingwe.” aDit. 21:20b, 21.

7, 8. (a) Bakeresete ba le bantsi kwa Judea ba ne ba na le kgopolo efe e e phoso? (b) Ke eng fa kgopolo eo e e phoso e Bakeresete bangwe ba Bajuda ba neng ba na le yone e ne e ka se ka ya tsewa e le botlhanogi?

7 Ke eng fa Bakeresete ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba ngangatletse Molao wa ga Moshe, le fa go ne go setse go fetile dingwaga di feta 20 o fedisitswe? (Bakol. 2:14) Ka 49 C.E., baaposetoloi mmogo le bagolwane ba ba neng ba kopane kwa Jerusalema ba ile ba romelela diphuthego lekwalo le le neng le tlhalosa gore badumedi ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe ba ne ba sa tlhoke go rupa le fa e le go boloka Molao wa ga Moshe. (Dit. 15:23-29) Le fa go ntse jalo, lekwalo leo le ne le sa bue sepe ka badumedi ba Bajuda, ba bontsi jwa bone ba neng ba sa itse gore Molao wa ga Moshe o ne o fedisitswe.

8 A tsela eo e e phoso e badumedi bano ba Bajuda ba neng ba akanya ka yone e ne ya dira gore ba se ka ba tshwanelega go nna Bakeresete? Nnyaa. Ga se gore ba kile ba bo ba obamela medingwana ya boheitane mme jaanong ba ne ba sa ntse ba latela dingwao tsa kobamelo eo ya boheitane. Jehofa ke ene a neng a neile badumedi bao ba Bajuda Molao oo o ba neng ba o tsaya o le botlhokwa. Go ne go se sepe sa bodimona kgotsa se se phoso ka one. Mme gone, Molao oo o ne o amana le kgolagano e kgologolo, fa Bakeresete bone ba ne ba le mo kgolaganong e ntšha. Jaanong go ne go sa tlhole go tlhokega gore go bolokwe kgolagano ya Molao mo kobamelong ya boammaaruri. Bakeresete ba Bahebera ba ba neng ba ngangatletse Molao oo ba ne ba sa tlhaloganye gore ba tshwanetse go o tlogela mme ba ikanye phuthego ya Bokeresete. Ba ne ba tshwanetse go fetola tsela e ba neng ba tlhaloganya dilo ka yone gore e dumalane le boammaaruri jo bosha jo bo senotsweng. bJer. 31:31-34; Luke 22:20.

“Magatwe a ba Neng ba a Bolelelwa ka ga Gago ga se Boammaaruri” (Ditiro 21:22-26)

9. Paulo o ne a ruta eng malebana le Molao wa ga Moshe?

9 Go tweng ka magatwe a gore Paulo o ne a ruta Bajuda ba ba mo ditšhabeng tse dingwe gore “ba se ka ba rupisa bana ba bone kgotsa ba se ka ba latela ditlwaelo tse dingwe”? Paulo e ne e le moaposetoloi mo Baditšhabeng, mme o ne a ema nokeng tshwetso ya gore Baditšhaba ba ne ba sa tlhoke go ikobela Molao. Gape o ne a tlhalosa gore motho ope fela yo o neng a leka go tlhotlheletsa badumedi ba Baditšhaba go rupa e le go bontsha gore ba ikobela Molao wa ga Moshe, o phoso. (Bagal. 5:1-7) Paulo o ne a rera dikgang tse di molemo le mo Bajudeng ba ba nnang kwa metseng e a neng a e etela. Ga go pelaelo gore o ne a tla tlhalosetsa batho ba ba neng ba mo reetsa gore loso lwa ga Jesu lo fedisitse Molao le gore motho o ne a kaiwa a siame ka ntlha ya tumelo, e seng ka ntlha ya go dira ditiro dingwe tsa Molao.—Bar. 2:28, 29; 3:21-26.

10. Paulo o ne a bontsha jang go nna tekatekano mo dikgannyeng tse di amanang le Molao le go rupa?

10 Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a bontsha go akanyetsa batho ba ba neng ba sa bone sepe se se phoso ka go boloka ditlwaelo dingwe tsa Sejuda, tse di jaaka go sa dire tiro epe ka letsatsi la Sabata kgotsa go ithiba mo dijong dingwe. (Bar. 14:1-6) Mme ga a ka a tlhoma melao epe malebana le go rupa. Tota e bile, Paulo o ne a rupisa Timotheo ka gonne a ne a sa batle go kgopisa Bajuda ba ba neng ba itse gore rraagwe Timotheo e ne e le Mogerika. (Dit. 16:3) Motho o ne a ka itirela tshwetso ka kgang ya go rupa. Paulo o ne a raya Bagalatia a re: “Go rupa kgotsa go sa rupe ga go na mosola, mme tumelo e motho a e bontshang ka ditiro a tlhotlhelediwa ke lorato, ke yone e e nang le mosola.” (Bagal. 5:6) Le fa go ntse jalo, fa motho a ne a rupa ka boikaelelo jwa go boloka Molao kgotsa a dira e kete go rupa go botlhokwa gore motho a amogelwe ke Jehofa, seo se tla bo se bontsha gore ga a na tumelo.

11. Bagolwane ba ne ba naya Paulo kgakololo efe, mme go e dira go ne go ka akaretsa eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

11 Mme gone, le fa magatwe ao e ne e le maaka a matala, a ne a sa ntse a kgopisitse badumedi ba Bajuda. Ka ntlha ya seo, banna ba bagolwane ba ne ba gakolola Paulo jaana: “Re na le banna ba le banê ba ba dirileng maikano. Tsaya banna bano o tsamaye le bone mme lo iphepafatse o bo o duelele ditshenyegelo tsa bone, gore ba tle ba beolwe ditlhogo. Foo mongwe le mongwe o tla itse gore magatwe a ba neng ba a bolelelwa ka ga gago ga se boammaaruri, mme o dira dilo ka thulaganyo le gore le wena o ikobela Molao wa ga Moshe.” cDit. 21:23, 24.

12. Tsela e Paulo a neng a itshwara ka yone fa bagolwane ba kwa Jerusalema ba mo naya kgakololo e ne ya bontsha jang gore o tekatekano le gore o na le moya wa tirisanommogo?

12 Paulo o ne a ka nna a ganetsa gore tota bothata e ne e se magatwe a a neng a buiwa ka ene mme e ne e le badumedi ba Bajuda ba ba neng ba sa ntse ba ngangatletse Molao wa ga Moshe. Go na le moo, o ne a ikemiseditse go latela taelo ya bagolwane, fa fela seo se ne se sa reye gore a dire dilo tse di kgatlhanong le melaometheo ya Modimo. Pelenyana ga moo, o ile a kwala jaana: “Mo Bajudeng ke ne ka nna Mojuda, gore ke tlise Bajuda mo tseleng ya ga Keresete; mo go ba ba latelang molao ke ne ka nna yo o latelang molao, le fa gone nna ke sa latele molao, gore ke tlise ba ba latelang molao mo tseleng ya ga Keresete.” (1 Bakor. 9:20) Mo kgannyeng eno, Paulo o ne a dirisana le bagolwane ba kwa Jerusalema mme a nna “yo o latelang molao.” Ka go dira jalo, o ne a re tlhomela sekao se se molemo gompieno gore re dirisane sentle le bagolwane mme re se ka ra gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya rona.—Baheb. 13:17.

Paulo o ne a ineela fa go sa tlolwe melaometheo epe ya Dikwalo. A le wena o dira jalo?

“Ga a Tshwanelwe ke go Tshela!” (Ditiro 21:27–22:30)

13. (a) Ke eng fa Bajuda bangwe ba ne ba tsosa khuduego mo tempeleng? (b) Botshelo jwa ga Paulo bo ne jwa bolokwa jang?

13 Dilo ga di a ka tsa tsamaya sentle kwa tempeleng. Fa malatsi a go diragatsa ikano a ntse a ya bokhutlong, Bajuda ba ba tswang kwa Asia ba ne ba bona Paulo, ba mo latofatsa ka maaka ba re o tlisa Baditšhaba mo tempeleng, go tswa foo Bajuda bao ba tsosa dikhuduego. Fa molaodi wa masole a Roma a ka bo a sa tsereganya, Paulo o ka bo a ile a itewa go fitlha a swa. Le fa go ntse jalo, molaodi wa masole a Roma o ne a mo tsenya mo kgolegelong. Go tloga ka letsatsi leo, go ne go tla tsaya Paulo dingwaga di feta di le nnè gore a bone kgololesego ya gagwe gape. Mme mathata a ga Paulo a ne a ise a fele. Fa molaodi wa masole a botsa Bajuda gore ke eng fa ba tlhasela Paulo, ba ne ba goa ba mo latofatsa ka dilo tse di farologaneng. Molaodi yono o ne a sa kgone go tlhaloganya sepe se batho bao ba neng ba se bua mo modumong oo. Kgabagare Paulo o ne a tshwanelwa ke go kukiwa gore a ntshiwe mo khuduegong eno. Fa Paulo le masole a Roma ba tloga ba tsena mo bonnong jwa masole, Paulo o ne a raya molaodi yono a re: “Ke a go kopa, ntetle gore ke bue le batho bano.” (Dit. 21:39) Molaodi yono o ne a dumela, mme Paulo a femela tumelo ya gagwe ka bopelokgale.

14, 15. (a) Paulo o ne a raya Bajuda a reng? (b) Ke dikgato dife tse molaodi wa masole a Roma a neng a di tsaya gore a itse lebaka la go bo Bajuda ba ne ba galefile?

14 Paulo o ne a simolola ka go re: “Ntheetseng ke lo tlhalosetse se se diragetseng.” (Dit. 22:1) Paulo o ne a bua le boidiidi jono ka puo ya Sehebera, mme seo se ne sa dira gore ba didimale. O ne a tlhalosa ka tlhamalalo gore go tlile jang gore jaanong e bo e le molatedi wa ga Keresete. Fa Paulo a ne a bua jalo, o ne a dirisa botlhale mme a umaka dintlha dingwe tse Bajuda ba neng ba di itse. Bangwe ba batho ba ba neng ba le gone foo ba ka tswa ba ne ba itse gore Paulo o ne a ithutile fa dinaong tsa ga Gamaliele yo o tumileng le gore o ne a bogisa balatedi ba ga Keresete. Le fa go ntse jalo, fa a le mo tseleng a ya Damaseko, Keresete yo o tsositsweng mo baswing o ne a bua le ene mo ponatshegelong. Batho ba Paulo a neng a tsamaya le bone ba ne ba bona fela lesedi le le phatsimang le go utlwa lentswe, mme ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a ba a utlwang. (Bona ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane mo go Ditiro 9:7; 22:9.) Morago ga moo, batho ba ba neng ba tsamaya le Paulo, yo o neng a foufaditswe ke ponatshegelo, ba ne ba tshwanelwa ke go mo isa mo Damaseko. Fa ba le koo, monna mongwe yo o bidiwang Ananiase yo Bajuda ba kgaolo eo ba neng ba mo itse, o ne a foufolola Paulo ka tsela ya kgakgamatso.

15 Paulo o ne a tswelela pele go tlhalosa gore fa a sena go boela kwa Jerusalema, Jesu o ne a bonala mo go ene kwa tempeleng. Fa a sena go bua jalo, Bajuda ba ne ba galefa fela thata, mme ba goa jaana ka bogale: “Bolaya motho yono, ka gonne ga a tshwanelwe ke go tshela!” (Dit. 22:22) Molaodi wa masole o ne a sireletsa Paulo ka go dira gore a isiwe mo bonnong jwa masole. E re ka a ne a ikemiseditse go batlisisa lebaka la go bo Bajuda ba galefetse Paulo, o ne a laela Paulo gore a ipaakanyetse go tla go botsolodiwa a ntse a kgwathisiwa. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a dirisa tshireletsego ya semolao e a neng a na le yone mme a bolela gore e ne e le moagi wa Roma. Gompieno baobamedi ba ga Jehofa le bone ba ile ba dirisa tshireletsego ya semolao e ba nang le yone go femela tumelo ya bone. (Bona lebokose le le reng, “ Molao wa Roma le Baagi ba Roma” le le le reng, “ Dikgetsi Tsa Semolao Tsa Motlha wa Gompieno”.) Fa molaodi wa masole a sena go utlwa gore Paulo e ne e le moagi wa Roma, o ne a lemoga gore o ne a tla tshwanelwa ke go batla tsela e nngwe ya go batla tshedimosetso e e oketsegileng. Mo letsatsing le le latelang, o ne a tlisa Paulo mo pokanong e e kgethegileng ya Sanehederine, kgotlatshekelokgolo ya Bajuda.

“Ke Mofarasai” (Ditiro 23:1-10)

16, 17. (a) Tlhalosa gore go ne ga direga eng fa Paulo a ne a bua le Sanehederine. (b) Fa Paulo a ne a itewa, o ne a tlhoma jang sekao sa go nna boikokobetso?

16 Fa Paulo a ne a iphemela fa pele ga Sanehederine, o ne a simolola ka go re: “Banna, bakaulengwe, ke ntse ke tshela ka segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo go tla go fitlha mo letsatsing leno.” (Dit. 23:1) Ga a ka a ya kgakala. Pego ya re: “Mme moperesiti yo mogolo e bong Ananiase, o ne a laela ba ba emeng gaufi le Paulo gore ba mo iteye mo molomong.” (Dit. 23:2) Ruri ba ne ba mo tlontlolotse! Mme seo se ne se bontsha gore tota ba a gobelela, gonne ba latofatsa Paulo ka gore o bua maaka pele ga ba utlwa bosupi jo bo feletseng! Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a araba jaana: “Modimo o tlile go go itaya, moitimokanyi ke wena. A o ntse foo gore o nkatlhole go dumalana le Molao wa ga Moshe mme gape o bo o tlola Molao ka go laela gore ke itewe?”—Dit. 23:3.

17 Batho bangwe ba ba neng ba eme foo ba ne ba gamaregile—e seng ka go bo mongwe a ne a itaya Paulo go na le moo, ka ntlha ya tsela e Paulo a neng a itshwara ka yone! Ba ne ba botsa jaana: “A o tlhapatsa moperesiti yo mogolo wa Modimo?” Fa Paulo a araba o ne a ba ruta thuto ka go nna boikokobetso le ka go tlotla Molao. O ne a re: “Bakaulengwe, ke ne ke sa itse gore ke moperesiti yo mogolo. Gonne go kwadilwe go twe, ‘Ga o a tshwanela go bua le mmusi wa batho ba gaeno ka lonyatso.’” d (Dit. 23:4, 5; Ekes. 22:28) Jaanong Paulo o ne a dirisa mokgwa o o farologaneng go itshireletsa. E re ka a ne a lemoga gore maloko a Sanehederine e ne e le Bafarasai le Basadukae, o ne a re: “Banna, bakaulengwe, ke Mofarasai, morwa Bafarasai. Ke atlholwa ka gonne ke dumela gore baswi ba tla tsosiwa.”—Dit. 23:6.

Fela jaaka Paulo, fa re bua le batho ba madumedi a a farologaneng, re leka go bua le bone ka kgang e re dumalanang ka yone

18. Ke eng fa Paulo a ne a ipitsa Mofarasai, mme re ka dirisa mokgwa o o tshwanang jang mo maemong mangwe a a rileng?

18 Ke eng fa Paulo a ne a ipitsa Mofarasai? Ka gonne e ne e le “morwa Bafarasai” mme lelapa le a neng a tswa mo go lone e ne e le karolo ya lekoko leno. Ka gone, ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba mo tsaya e le Mofarasai. e Mme gone, ke eng fa Paulo a ne a re o dumela se Bafarasai ba se dumelang ka tsogo ya baswi? Go begwa gore Bafarasai ba ne ba dumela gore go na le karolo nngwe ya mmele wa motho e e tswelelang e tshela fa motho a sena go swa le gore moya wa motho yo o siameng o tla tshela gape mo mebeleng ya batho ba bangwe. Paulo o ne a sa dumele dithuto tseo. O ne a dumela mo tsogong ya baswi e Jesu a neng a ruta ka yone. (Joh. 5:25-29) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a dumalana le Bafarasai mo kgannyeng ya gore go na le tsholofelo ya gore batho ba tla tshela morago ga loso—fa Basadukae bone ba ne ba sa dumalane le kgang eno. Le rona re ka dirisa mokgwa o o tshwanang fa re tlotla le Bakatoliki kgotsa Baporotesetanta. Re ka ba bolelela gore fela jaaka bone le rona re dumela mo Modimong. Ke boammaaruri gore ba ka tswa ba dumela mo thutong ya Tharonngwe fa rona re dumela mo Modimong wa Baebele. Le fa go ntse jalo, re a dumalana gore go na le Modimo.

19. Ke eng fa pokano ya Sanehederine e ne ya felela ka dikhuduego?

19 Mafoko a ga Paulo a ne a kgaoganya Sanehederine. Pego ya re: “Go ne ga tsoga tlhakatlhakano e kgolo, mme bakwadi bangwe ba lekoko la Bafarasai ba ne ba ema mme ba simolola go bua ka bogale ba re: ‘Ga re bone sepe se se phoso mo monneng yono. Go tweng fa e le gore moya kgotsa moengele o ile a bua le ene?’” (Dit. 23:9) Kgang fela ya gore moengele o ne a bua le Paulo e ne e sa amogelesege mo Basadukaeng, ba ba neng ba sa dumele mo baengeleng! (Bona lebokose le le reng, “ Basadukae le Bafarasai.”) Khuduego e ne ya nna kgolo jaana mo molaodi wa masole a Roma a neng a golola moaposetoloi yono gape. (Dit. 23:10) Le fa go ntse jalo, botshelo jwa ga Paulo bo ne bo sa ntse bo le mo kotsing. Jaanong go ne go tla diragala eng ka moaposetoloi yono? Re tla ithuta go le gontsi mo setlhogong se se latelang.

a Go tshwanetse ga bo go ne go na le diphuthego di le dintsi tse di neng di kopanela mo matlong a bakaulengwe ba bangwe gore ba kgone go tlhokomela palo e kgolo jalo ya Bakeresete ba Bajuda ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng.

b Dingwaga di le mmalwa moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bahebera lekwalo, mme mo lekwalong leo o ne a bontsha botlhokwa jwa kgolagano e ntšha. O ne a tlhalosa sentle gore kgolagano e ntšha e dirile gore kgolagano e kgologolo e se ka ya tlhola e dira. Ga go pelaelo gore tsela e e nonofileng e Paulo a neng a baya mabaka ka yone e ne ya naya Bakeresete ba Bajuda dikarabo tse di tlhatswang pelo tse di neng di tla ba thusa go araba baganetsi ba Bajuda, gape e ne ya nonotsha le tumelo ya Bakeresete bangwe ba ba neng ba gatelela gore Molao wa ga Moshe o latelwe.—Baheb. 8:7-13.

c Baithuti bangwe ba akantsha gore banna bano ba ne ba dirile ikano ya go nna Banasirite. (Dipa. 6:1-21) Ke boammaaruri gore Molao wa ga Moshe, o ikano eno e neng e dirilwe mo go one, jaanong o ne o sa tlhole o dira. Le fa go ntse jalo, Paulo a ka tswa a ne a ipolelela gore go ne go se phoso gore banna bano ba diragatse ikano e ba e diretseng Jehofa. Ka jalo, go ne go se kitla go nna phoso gore a duelele ditshenyegelo tsa bone a bo a tsamaye le bone. Ga re itse gore ikano eo e ne e le ya mofuta mang, mme gone le fa e ka tswa e ne e le efe, ga go bonale Paulo a ne a ka ema nokeng kgang ya gore phologolo e ntshiwe setlhabelo (jaaka Banasirite ba ne ba dira), ka tsholofelo ya gore se tla tlosa boleo jo banna bano ba neng ba na le jone. Setlhabelo se se itekanetseng sa ga Keresete se ile sa dira gore ditlhabelo tsa diphologolo di se ka tsa tlhola di nna le mosola. Ga re itse gore Paulo o ne a dira eng, mme gone re ka tlhomamisega gore ga a ka a dumela go dira sepe fela se se neng se sa dumalane le segakolodi sa gagwe.

d Bangwe ba akantsha gore Paulo o ne a na le bothata jwa matlho jo bo neng jwa dira gore a se ka a bona moperesiti yo mogolo. Kgotsa gore gongwe o feditse lobaka lo loleele a seyo mo Jerusalema mo a neng a sa itse gore ka nako eo moperesiti yo mogolo e ne e le mang. Kgotsa Paulo a ka tswa a ne a sa kgone go bona mo gare ga boidiidi joo gore ke mang yo o neng a laetse gore a itewe.

e Ka 49 C.E., fa baaposetoloi le bagolwane ba ne ba sekaseka kgang ya gore a Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go ikobela Molao wa ga Moshe, Bakeresete bangwe ba ba neng ba le teng foo ba ne ba bidiwa “ba lekoko la Bafarasai ba jaanong e neng e le badumedi.” (Dit. 15:5) Go bonala badumedi bao ba ne ba sa ntse ba bidiwa jalo gonne ba ne ba godisitswe e le Bafarasai.