Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 21

“Ga ke Na Molato wa Madi a Motho Ope”

“Ga ke Na Molato wa Madi a Motho Ope”

Tsela e Paulo a neng a tlhagafetse ka yone mo bodireding le kgakololo e a e nayang bagolwane

E tswa mo go Ditiro 20:1-38

1-3. (a) Tlhalosa se se diragetseng mo bosigong jo Yutiko a neng a swa ka jone. (b) Paulo o dira eng, mme tiragalo eno e bontsha eng ka ene?

 PAULO o mo ntlwaneng e e kwa godimo e e tletseng ka batho mo Teroase. E re ka jono e le bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefelong leno, o bua lobaka lo loleele le bakaulengwe. E setse e le bosigogare. Go tuka dipone di le mmalwa mo phaposing eno, mme di dira gore go nne mogote le go feta gongwe e bile di baka mosi. Lekau lengwe le le bidiwang Yutiko le dutse fa fensetereng. Fa Paulo a ntse a bua, Yutiko o a thulamela a bo a wela kwa tlase a tswa ka fensetere e e mo letlhatlaganyaneng la boraro!

2 E re ka Luke e le ngaka, o tshwanetse a bo a ne a le mongwe wa batho ba ntlha ba ba neng ba tabogela kwa ntle go ya go tlhatlhoba lekawana leno. Ga go pelaelo gore go diregile eng ka ene. Yutiko o ‘fitlhelwa a sule.’ (Dit. 20:9) Mme morago ga moo go diragala kgakgamatso nngwe. Paulo o itatlhela mo godimo ga lekawana leno mme o raya boidiidi a re: “Tlogelang go tsosa modumo, ka gonne o a tshela.” Ruri Paulo o tsositse Yutiko mo baswing!—Dit. 20:10.

3 Tiragalo eno e bontsha maatla a moya o o boitshepo wa Modimo. E ne e se molato wa ga Paulo go bo Yutiko a ne a swa. Mme gone, o ne a sa batle gore loso lwa lekawana leno lo kgoreletse tiragalo eno e e botlhokwa kgotsa go kgopisa mongwe. Fa Paulo a ne a tsosa Yutiko, seo se ne sa gomotsa phuthego eo sa ba sa dira gore e tlhagafale thata mo bodireding. Ga go pelaelo gore Paulo o ne a bontsha gore o tlotla botshelo jwa batho ba bangwe. Re gakololwa mafoko ano a gagwe: “Ga ke na molato wa madi a motho ope.” (Dit. 20:26) A re boneng gore sekao sa ga Paulo se ka re thusa jang mo kgannyeng eno.

“O ne A Simolola Loeto Lwa Gagwe Lwa go ya Kwa Makedonia” (Ditiro 20:1, 2)

4. Paulo o ne a lebana le maemo afe a a utlwisang botlhoko?

4 Jaaka go tlhalositswe mo kgaolong e e fetileng, Paulo o ne a lebana le maemo a a utlwisang botlhoko. Bodiredi jwa gagwe kwa Efeso bo ne bo bakile khuduego e e seng kana ka sepe. Tota e bile, bathudi ba selefera ba lotseno lwa bone lo neng lo ikaegile ka kobamelo ya ga Aretemise ba ne ba na le seabe mo dikhuduegong tseo! Ditiro 20:1 ya re: “Fa tlhakatlhakano eo e sena go kokobela, Paulo o ne a laela gore barutwa ba ye go bidiwa, mme fa a sena go ba kgothatsa le go ba sadisa sentle, o ne a simolola loeto lwa gagwe lwa go ya kwa Makedonia.”

5, 6. (a) Paulo o ne a nna lobaka lo lo kae kwa Makedonia, mme ke eng se a neng a se direla bakaulengwe ba koo? (b) Paulo o ne a tswelela a na le boikutlo bofe ka badumedi ka ene?

5 Fa Paulo a le mo tseleng a ya kwa Makedonia, o ne a ema fa boemakepeng jwa Teroase mme a nna nakonyana gone. O ne a solofetse gore Tito, yo o neng a rometswe kwa Korintha, le ene o tla tla kwa Teroase. (2 Bakor. 2:12, 13) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a lemoga gore Tito o ne a se kitla a kgona go tla, o ne a ya kwa Makedonia, mme a ka tswa a ile a nna ngwaga kgotsa go feta a “kgothatsa badumedi ba ba koo fela thata.” a (Dit. 20:2) Kgabagare Tito o ne a ya kwa go Paulo kwa Makedonia, a mo tlisetsa dikgang tse di molemo tsa kafa Bakorintha ba neng ba itshwara ka gone fa ba sena go amogela lekwalo la ntlha la ga Paulo. (2 Bakor. 7:5-7) Seno se ne sa dira gore Paulo a tlhotlheletsege go ba kwalela lekwalo le lengwe, le jaanong le itsegeng e le 2 Bakorintha.

6 Ela tlhoko gore Luke o dirisa lefoko “kgothatsa” fa a tlhalosa lebaka la go bo Paulo a ile a etela bakaulengwe ba kwa Efeso le ba kwa Makedonia. Ruri lefoko leno le tlhalosa sentle tsela e Paulo a neng a ikutlwa ka yone ka badumedimmogo le ene! Go farologana le Bafarasai ba ba neng ba nyatsa batho ba bangwe, Paulo ene o ne a leba dinku tseno e le badirimmogo le ene. (Joh. 7:47-49; 1 Bakor. 3:9) Paulo o ne a tswelela a na le maikutlo ao, tota le fa a ne a tshwanelwa ke go ba naya kgalemelo e e masisi.—2 Bakor. 2:4.

7. Gompieno balebedi ba Bakeresete ba ka etsa jang sekao sa ga Paulo?

7 Gompieno bagolwane ba diphuthego le balebedi ba potologo ba leka ka natla go etsa sekao sa ga Paulo. Tota le fa ba naya kgalemelo, boikaelelo jwa bone ke go nonotsha ba ba tlhokang thuso. Balebedi ba amega ka batho mme ba batla go ba kgothatsa go na le go ba kgala. Molebedi mongwe wa potologo yo o nang le maitemogelo a re: “Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba batla go dira dilo tse di siameng, mme gantsi ba lwantshana le go kgobega marapo, go boifa le go tlalelwa.” Balebedi ba ka nonotsha badumedi ka bone ba ba nang le maikutlo a a ntseng jalo.—Baheb. 12:12, 13.

“Ba ne Ba mo Logela Leano” (Ditiro 20:3, 4)

8, 9. (a) Ke eng se se neng sa kgoreletsa dithulaganyo tsa ga Paulo tsa go ya kwa Siria? (b) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Bajuda ba tlhoe Paulo?

8 Fa Paulo a tloga kwa Makedonia o ne a ya kwa Korintha. b Fa a sena go nna dikgwedi di le tharo koo, o ne a tlhoafaletse go fetela kwa Kenkerea, kwa a neng a rulagantse go tsamaya ka mokoro go ya kwa Siria. Fa a tswa koo, o ne a tla ya kwa Jerusalema mme a ise meneelo kwa bakaulengweng ba ba neng ba e tlhoka. c (Dit. 24:17; Bar. 15:25, 26) Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa se se neng sa kgoreletsa dithulaganyo tsa ga Paulo. Ditiro 20:3 ya re: “Bajuda ba ne ba mo logela leano”!

9 Ga go gakgamatse go bo Bajuda ba ne ba tlhoile Paulo, ka gonne ba ne ba mo tsaya e le motlhanogi. Pelenyana ga moo, bodiredi jwa gagwe bo ne jwa dira gore Kiresepo—leloko le le tlhageletseng mo sinagogeng ya Korintha—a sokologe. (Dit. 18:7, 8; 1 Bakor. 1:14) Nako nngwe Bajuda ba kwa Korintha ba ne ba latofatsa Paulo fa pele ga ga Galio, molaodi wa masole a kwa Akaia. Le fa go ntse jalo, Galio o ne a tsholola kgetsi eo mme a bolela gore ditatofatso tsa bone ga di boammaaruri—e leng tshwetso e e neng ya galefisa baba ba ga Paulo. (Dit. 18:12-17) Bajuda ba mo Korintha ba ka tswa ba ne ba itse kgotsa ba tsaya gore gautshwane Paulo o ne a tla tsamaya ka sekepe go ya kwa lefelong le le fa gaufi la Kenkerea, ka jalo ba ne ba loga leano la go mo lalela koo. Paulo o ne a tla dira eng?

10. A Paulo o ne a bontsha bogatlapa fa a ne a tila go ya kwa Kenkerea? Tlhalosa.

10 E re ka Paulo a ne a tshwenyegile ka pabalesego ya gagwe—le ka go sireletsa madi a a neng a a neilwe gore a a tlhokomele—o ne a swetsa ka gore a se ka a ya kwa Kenkerea mme a ikgate motlhala a boele kwa Makedonia. Ke boammaaruri gore go tsamaya ka dinao le gone go ne go na le dikotsi tsa gone. Gantsi dikebekwa di ne di iphitlha fa thoko ga ditsela tsa bogologolo. Tota le matlo a baeng a ne a le kotsi. Mme gone, Paulo o ne a tlhopha go lebana le dikotsi tse a tla kopanang le tsone fa a tsamaya ka dinao go na le go lebana le dikotsi tsa kwa Kenkerea. Ka lesego o ne a sa tsamaye a le nosi. Batho ba a neng a tsamaya le bone mo loetong lono lwa borongwa ba ne ba akaretsa Arisetareko, Gaio, Sekundo, Sopatere, Timotheo, Terofimo le Tikiko.—Dit. 20:3, 4.

11. Gompieno Bakeresete ba dira eng go itshireletsa, mme Jesu o ne a tlhoma sekao sefe mo kgannyeng eno?

11 Fela jaaka Paulo, gompieno Bakeresete le bone ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go itshireletsa fa ba le mo bodireding. Mo mafelong a mangwe, ba tsamaya ba le setlhopha—kgotsa ba le babedi—go na le gore motho a tsamaye a le nosi. Mme Bakeresete ba dira eng fa ba bogisiwa? Ba a itse gore ga go kafa ba ka tilang go bogisiwa. (Joh. 15:20; 2 Tim. 3:12) Mme gone, ga ba tsenye matshelo a bone mo kotsing ka boomo. Akanya ka sekai sa ga Jesu. Nako nngwe fa baganetsi ba gagwe ba kwa Jerusalema ba ne ba simolola go sela maje ba mo konopa ka one, “o ne a iphitlha a bo a tswa mo tempeleng.” (Joh. 8:59) Moragonyana, fa Bajuda ba ne ba loga leano la go mmolaya, “o ne a se ka a tlhola a tsamaya phatlalatsa mo Bajudeng, mme o ne a tswa koo a ya kwa kgaolong e e gaufi le naga.” (Joh. 11:54) Jesu o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go itshireletsa fa go dira jalo go ne go sa thulane le thato ya Modimo. Gompieno Bakeresete le bone ba dira se se tshwanang.—Math. 10:16.

Ba ne Ba “Gomotsega Fela Thata” (Ditiro 20:5-12)

12, 13. (a) Phuthego e ne ya amiwa jang ke go tsosiwa ga ga Yutiko? (b) Ke tsholofetso efe e e theilweng mo Baebeleng e le gompieno e gomotsang batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone?

12 Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba tsamaya mmogo go ralala Makedonia, mme go lebega moragonyana ga moo ba ne ba kgaogana. Go bonala ba ne ba boa ba kopana gape kwa Teroase. d Pego ya re: “Re ne ra goroga kwa go bone kwa Teroase mo malatsing a le matlhano.” e (Dit. 20:6) Ke gone kwa lekawana le le bidiwang Yutiko le neng la tsosiwa mo baswing, jaaka go tlhalositswe mo tshimologong ya kgaolo eno. Akanya fela kafa bakaulengwe ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba bona tsala ya bone Yutiko a boa a tshela gape! Jaaka pego e bontsha, ba ne ba “gomotsega fela thata.”—Dit. 20:12.

13 Ke boammaaruri gore dikgakgamatso tse di tshwanang le tseo ga di diragale gompieno. Mme gone, batho ba ba ileng ba swelwa ke baratiwa ba bone ba ‘gomodiwa fela thata’ ke tsholofetso ya Baebele ya tsogo. (Joh. 5:28, 29) Akanya ka seno: E re ka Yutiko a ne a sa itekanela, o ne a boa a swa gape. (Bar. 6:23) Mme batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng le lesha la Modimo bone ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri! Mo godimo ga moo, batho ba ba tla tsosiwang gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong ba apara bosasweng. (1 Bakor. 15:51-53) Gompieno, Bakeresete—e ka tswa e le ba batlodiwa kgotsa ba “dinku tse dingwe”—ba na le lebaka le le utlwalang la go “gomotsega fela thata.”—Joh. 10:16.

“Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo” (Ditiro 20:13-24)

14. Ke eng se Paulo a neng a se bolelela bagolwane ba kwa Efeso fa a kopana le bone kwa Mileto?

14 Paulo le setlhopha sa gagwe ba ne ba tsaya mosepele go tswa kwa Teroase go ya kwa Asoso, morago ba ya kwa Mitilene, Kiose, Samosa le kwa Mileto. Paulo o ne a ikaeletse go fitlha ka nako kwa Jerusalema gore a nne teng mo Moletlong wa Pentekosete. Go a utlwala go bo mo loetong lono a ile a tlhopha go dirisa sekepe se se sa tseneng mo Efeso fa a boa gonne o ne a potlaketse go goroga kwa Jerusalema ka Pentekosete. Le fa go ntse jalo, e re ka Paulo a ne a batla go bua le bagolwane ba kwa Efeso, o ne a ba kopa gore ba kopane le ene kwa Mileto. (Dit. 20:13-17) Fa ba fitlha koo, o ne a ba raya a re: “Lo itse sentle gore ke ile ka itshwara jang fa ke ne ke na le lona go tloga ka letsatsi la ntlha fa ke ne ke goroga mo porofenseng ya Asia, ke ne ke direla Morena ka boikokobetso jotlhe, ke lela e bile gape ke ne ke boga fa Bajuda ba ne ba batla go mpolaya, gape lo a itse gore ga ke a ka ka didimala fela mme ke ne ka lo bolelela dilo tse di ka lo tswelang mosola e bile ga ke a ka ka tlogela go lo ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. Mme ke ne ka tlhalosetsa Bajuda le Bagerika ka botlalo gore ba tshwanetse go ikwatlhaya mme ba boele mo Modimong, le go dumela mo Moreneng wa rona Jesu.”—Dit. 20:18-21.

15. Melemo mengwe ya go rera ka ntlo le ntlo ke efe?

15 Go na le ditsela di le dintsi tse re ka di dirisang go rerela batho dikgang tse di molemo gompieno. Fela jaaka Paulo, re leka ka natla go ya kwa mafelong a batho ba leng kwa go one, kwa mafelong a go emela dibese, mo mebileng e e tlhanaselang kgotsa kwa marekisetsong. Le fa go ntse jalo, go rera ka ntlo le ntlo ke one mokgwa wa konokono o Basupi ba ga Jehofa ba o dirisang. Ka ntlha yang? Ka gonne, go rera ka ntlo le ntlo go naya batho botlhe tshono e e lekanang ya go utlwa molaetsa wa Bogosi ka metlha, e leng se se bontshang gore Modimo ga a na tlhaolele. Gape go dira gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba newe thuso e ba e tlhokang. Mo godimo ga moo, bodiredi jwa ntlo le ntlo bo aga tumelo ya batho ba ba nnang le seabe mo go jone e bile bo dira gore ba nne le boitshoko. Eleruri letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri gompieno ke tsela e ba tlhagafetseng ka yone fa ba rera “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.”

16, 17. Paulo o ne a bontsha jang gore o pelokgale, mme gompieno Bakeresete ba etsa jang sekao sa gagwe?

16 Paulo o ne a bolelela bagolwane ba kwa Efeso gore ga a itse gore o tla lebana le dikotsi dife fa a boela kwa Jerusalema. O ne a ba raya a re: “Le fa go ntse jalo, ga ke tseye botshelo jwa me bo le botlhokwa thata mo go nna; selo sa botlhokwa ke gore ke wetse tiro e ke neng ka e amogela mo go Morena Jesu, e leng tiro ya go rera ka botlalo dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bogolo jwa Modimo.” (Dit. 20:24) Paulo o ne a nna pelokgale mme ga a ka a letla maemo le fa e le afe—e ka tswa e le botsogo jo bo bokoa kgotsa go ganediwa botlhoko—a mo thibela go wetsa kabelo ya gagwe.

17 Le gompieno, Bakeresete ba sa ntse ba tshwanelwa ke go itshokela mathata a a farologaneng. Bangwe ba bone ba thibetswe ke puso e bile ba a bogisiwa. Bangwe ba tshwerwe ke malwetse a a ba koafatsang mo mmeleng e bile ba lwala mo maikutlong mme ba lebana le maemo ano otlhe ka bopelokgale. Basha ba Bakeresete ba lebana le kgatelelo ya balekane kwa sekolong. Fela jaaka Paulo, Basupi ba ga Jehofa ba nna ba nitame mo tumelong go sa kgathalesege maemo ape fela a ba lebanang le one. Ba ikemiseditse go “rera ka botlalo dikgang tse di molemo.”

“Ikeleng Tlhoko Lo bo Lo Tlhokomele Letsomane Lotlhe” (Ditiro 20:25-38)

18. Paulo o ne a dira jang gore a nne a se na molato wa madi, mme bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba ka etsa jang sekao sa gagwe?

18 Morago ga moo, Paulo o ne a naya bagolwane ba kwa Efeso kgakololo ka tlhamalalo, mme o ba bolelela ka dilo tse di mo diragaletseng mo botshelong. O simolola ka go ba bolelela gore gongwe leno ke lekgetlo la bofelo ba mmona. Mme morago a bo a re: “Ga ke na molato wa madi a motho ope, ka gonne ga ke a didimala fela mme ke ne ka lo bolelela boikaelelo jotlhe jwa Modimo.” Bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba tla etsa jang sekao sa ga Paulo, gore ba se ka ba nna le molato wa madi? O ne a ba raya a re: “Ikeleng tlhoko lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, ka gonne moya o o boitshepo o lo tlhomile gore lo nne balebedi ba lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Dit. 20:26-28) Paulo o ne a tlhagisa gore batho ba ba tshwanang le “diphiri tse di gatelelang” ba ne ba tla kukunela letsomane mme ba tla “bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” Bagolwane ba ne ba tshwanetse go dira eng? Paulo o ne a ba tlhagisa jaana: “Nnang lo tsogile, mme lo gopole gore dingwaga di le tharo, bosigo le motshegare, ga ke a ka ka tlogela go tlhagisa mongwe le mongwe wa lona ke lela.”—Dit. 20:29-31.

19. Go ne ga tsoga botlhanogi bofe go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, mme seno se ne sa baka eng mo makgolong a dingwaga a a neng a latela?

19 “Diphiri tse di gatelelang” di ne tsa itlhagisa go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo e ka nnang ka 98 C.E., moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Tota le jaanong batho ba le bantsi ba ba ganetsang Keresete ba setse ba le gone . . . Ba ne ba tswa ba re tlogela, mme e ne e se bangwe ba rona; ka gonne fa e le gore e ne e le bangwe ba rona, ba ka bo ba ile ba nna le rona.” (1 Joh. 2:18, 19) Mo lekgolong la boraro la dingwaga, botlhanogi bo ne bo dirile gore go nne le setlhopha sa baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, mme mo lekgolong la bonè la dingwaga, Mmusimogolo Constantine o ne a dira gore “Bakeresete” bano ba ba sa siamang ba amogelwe semolao. Fa a ne a amogela mekete ya boheitane mme a dira gore ba lebege e kete ke “Bakeresete,” go ne go bonala sentle gore tota baeteledipele ba bodumedi ba ne ba “bua dilo tse di sokameng.” Matswela a botlhanogi joo a sa ntse a bonala mo dithutong le mo dingwaong tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete.

20, 21. Paulo o ne a bontsha jang gore o na le moya wa go intsha setlhabelo, mme gompieno bagolwane ba Bakeresete ba ka dira jang se se tshwanang?

20 Tsela e Paulo a neng a tshela ka yone e ne e farologane thata le ya batho ba moragonyana ba neng ba se kitla ba tshwara letsomane sentle. O ne a bereka gore a kgone go itlhokomela gore a se ka a nna morwalo mo phuthegong. Se a neng a se direla badumedi ka ene o ne a sa se direle go ikhumisa. Paulo o ne a rotloetsa bagolwane ba kwa Efeso gore ba bontshe moya wa go intsha setlhabelo. O ne a ba raya a re: “Lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa e bile lo tshwanetse go nna lo gopotse mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re: ‘Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.’”—Dit. 20:35.

21 Fela jaaka Paulo, gompieno bagolwane ba Bakeresete le bone ba intsha setlhabelo. Go farologana le baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete, ba ba tsietsang matsomane a bone, batho ba ba nang le maikarabelo a go ‘disa phuthego ya Modimo’ ba dira ditiro tsa bone ka go rata. Boikgodiso le go rata maemo ga di a tshwanela go nna teng mo phuthegong ya Bokeresete, ka gonne ba ba ‘ipatlelang kgalalelo’ ga ba kitla ba atlega mo botshelong. (Diane 25:27) Boikgodiso bo dira gore motho a tlontlologe.—Diane 11:2.

“Botlhe ba ne ba thubega ka selelo.”—Ditiro 20:37

22. Ke eng se se neng sa dira gore bagolwane ba kwa Efeso ba rate Paulo?

22 Bakaulengwe bano ba ne ba rata Paulo ka gonne le ene o ne a ba rata. Tota e bile, fa a tsamaya “botlhe ba ne ba thubega ka selelo, ba ne ba tlamparela Paulo ba bo ba mo suna.” (Dit. 20:37, 38) Bakeresete ba anaanela thata batho ba jaaka Paulo ba dirisang nako ya bone, maatla a bone le dithoto tsa bone gore ba thuse letsomane e bile ba a ba rata. Fa o sena go sekaseka sekao se se molemolemo sa ga Paulo, ruri o tshwanetse wa bo o lemogile gore o ne a sa ikgantshe e bile a sa feteletse dilo fa a ne a re: “Ga ke na molato wa madi a motho ope”!—Dit. 20:26.

a Bona lebokose le le reng, “ Makwalo a Paulo a Neng a a Kwala a le Kwa Makedonia”.

b Go bonala lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Baroma a le kwadile ka nako eo fa a ne a etetse kwa Korintha.

c Bona lebokose le le reng, “ Paulo o Isa Meneelo ya Namolo”.

d Fa Luke a ne a dirisa leemedi la maemo a ntlha mo go Ditiro 20:5, 6, seo se bontsha gore o ne a kopana gape le Paulo kwa Filipi, kwa Paulo a neng a mo tlogetse gone pelenyana ga moo.—Dit. 16:10-17, 40.

e Loeto lwa go tswa kwa Filipi go ya kwa Teroase lo ne lwa tsaya malatsi a le matlhano. Go ka tswa go ne go na le diphefo tse di maatla, ka gonne mo nakong e e fetileng loeto loo lo ne lo tsere malatsi a le mabedi fela.—Dit. 16:11.