Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 22

“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”

“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”

E re ka Paulo a ikemiseditse go dira thato ya Modimo, o ya kwa Jerusalema

E tswa mo go Ditiro 21:1-17

1-4. Ke eng fa Paulo a ya kwa Jerusalema, mme o letetswe ke eng koo?

 BOTLHE ba utlwile botlhoko fa ba kgaogana kwa Mileto. Ruri go thata gore Paulo le Luke ba kgaogane le bagolwane ba kwa Efeso ba ba neng ba setse ba ba rata fela thata! Barongwa ba babedi bano ba eme mo bogodimong jwa sekepe. Dithoto tsa bone le dilwana tse ba tla di tlhokang di setse di siametse tsela. Gape ba tshotse le matlole a ba a kgobokanyeditseng Bakeresete ba ba tlhokang ba kwa Judea e bile ba tlhagafaletse go isa mpho nngwe le nngwe kwa e tshwanetseng go ya gone.

2 Phešwana e e motlhofo e phaila diseile tsa sekepe, mme se tswa mo boemakepeng jo bo tletseng modumo. Banna ba babedi bano, mmogo le ba bangwe ba le supa ba ba tsamayang le bone, ba leba difatlhego tse di tlhonameng tsa bakaulengwe ba ba emeng mo lotshitshing. (Dit. 20:4, 14, 15) Batsamai bano ba tsholeditse diatla mme ba sadisa ditsala tsa bone sentle go fitlha ba sa tlhole ba di bona.

3 Paulo o feditse dingwaga di ka nna tharo a ntse a dirisana mmogo le bagolwane ba kwa Efeso. Mme jaanong, moya o o boitshepo o mo kaela gore a ye kwa Jerusalema. O tshwanetse a bo a itse gore o tla diragalelwa ke eng koo. Pelenyana ga moo, o ne a raya bagolwane bao a re: “E re ka ke tlhotlhelediwa ke moya, ke ya kwa Jerusalema, le fa gone ke sa itse se se tla ntiragalelang teng, se ke se itseng fela ke gore mo metseng ka go latelana, moya o o boitshepo o ntse o nnaya bosupi jwa gore ke tlile go tsenngwa mo kgolegelong le go lebana le dipitlagano.” (Dit. 20:22, 23) Go sa kgathalasege dikotsi tse Paulo a ka lebanang le tsone, o ikutlwa a “tlhotlhelediwa ke moya”—a patelesega e bile a rata go latela kaelo ya moya ya gore a ye Jerusalema. O tsaya botshelo jwa gagwe bo le botlhokwa thata, mme go dira thato ya Modimo ke sone selo sa botlhokwa le go feta mo go ene.

4 A le wena o ikutlwa jalo? Fa re ineela mo go Jehofa, re dira tsholofetso e e masisi ya gore go dira thato ya gagwe e tla nna selo sa botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona. Re ka solegelwa molemo ke go sekaseka sekao sa ga moaposetoloi Paulo sa kafa a neng a ikanyega ka gone.

Ba Feta fa ‘Setlhaketlhakeng sa Kupero’ (Ditiro 21:1-3)

5. Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba tsaya tsela efe go ya kwa Ture?

5 Sekepe se Paulo le ditsala tsa gagwe ba neng ba se palame se ne sa ‘tlhamalala.’ Seo se raya gore se ne sa tsamaya ka tlhamalalo se sa phailwe ke phefo go fitlha se goroga kwa Kosa moragonyana mo go lone letsatsi leo. (Dit. 21:1) Go bonala sekepe seo se ne sa ema foo bosigo jotlhe pele se ya kwa Rodesa le kwa Patara. Kwa Patara, kwa lotshitshing lo lo kafa borwa lwa Asia Minor, bakaulengwe bano ba ne ba palama sekepe se segolo sa dithoto, se se neng sa ba isa ka tlhamalalo kwa Ture, kwa Fonikia. Fa ba ntse ba le mo tseleng, ba ne ba feta “setlhaketlhake sa Kupero . . . ka fa molemeng [wa boemakepe].” (Dit. 21:3) Ke eng fa Luke, mokwadi wa buka ya Ditiro, a ne a umaka ntlha eno?

6. (a) Ke eng fa Paulo a ka tswa a ile a kgothala fa a bona Kupero? (b) Fa o ntse o tlhatlhanya kafa Jehofa a go segofaditseng le kafa a go thusitseng ka gone, o swetsa ka go reng?

6 Gongwe Paulo o ne a supa setlhaketlhake seo mme a ba bolelela ka se se mo diragaletseng koo. Mo e ka nnang dingwaga di le robongwe pelenyana ga foo, fa Paulo a ne a le mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, ene mmogo le Barenabase le Johane Mareko ba ne ba kopana le moloi yo o bidiwang Elimase, yo o neng a ganetsa tiro ya bone ya go rera. (Dit. 13:4-12) Fa Paulo a ne a bona setlhaketlhake seo mme a akanya ka se se mo diragaletseng koo, seo se tshwanetse sa bo se ile sa mo kgothatsa le go mo nonotsha gore a kgone go lebana le se se larileng kwa pele. Le rona re ka solegelwa molemo ke go tlhatlhanya kafa Modimo a re segofaditseng le kafa a re thusitseng ka gone go itshokela diteko. Go tlhatlhanya jalo go ka re thusa gore re ikutlwe jaaka Dafide, yo o neng a kwala a re: “Mathata a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.”—Pes. 34:19.

“Re ne Ra Batla Barutwa, ra ba Bona” (Ditiro 21:4-9)

7. Banna ba ba neng ba le mo loetong ba ne ba dira eng fa ba goroga kwa Ture?

7 Paulo o ne a itse kafa go leng botlhokwa ka gone go kopana le Bakeresete ba bangwe mme o ne a tlhoafaletse go kopana le batho ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya gagwe. Luke o kwala gore fa ba goroga kwa Ture, ‘ba ne ba batla barutwa ba bo ba ba bona.’ (Dit. 21:4) E re ka batsamai bano ba ne ba itse gore go na le Bakeresete ba bangwe mo Ture, ba ne ba ba batla go fitlha ba ba bona, mme gongwe ba nna le bone. Masego mangwe a magolo a re ka nnang le one fa re itse boammaaruri ke gore gongwe le gongwe fela kwa re yang gone, re ka kopana le badumedi ba bangwe ba ba dumelang dilo tse re di dumelang, mme ba tla re amogela mo magaeng a bone. Batho ba ba ratang Modimo le ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri ba na le ditsala mo lefatsheng lotlhe.

8. Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a a mo go Ditiro 21:4?

8 Fa Luke a tlhalosa malatsi a le supa a ba a ntseng kwa Ture, o bega sengwe se kwa tshimologong se ka bonalang se gakgamatsa, a re: “Ka ntlha ya se moya o o boitshepo o neng o ba senoletse sone [bakaulengwe ba kwa Ture], ba ne ba bolelela Paulo gangwe le gape gore a se ka a ya kwa Jerusalema.” (Dit. 21:4) A Jehofa o ne a fetotse mogopolo? A jaanong o ne a kaela Paulo gore a se ka a ya kwa Jerusalema? Nnyaa. Moya o ne wa bontsha gore Paulo o ne a tla tshwarwa makgwakgwa kwa Jerusalema, e seng gore a se ye kwa motseng oo. Go bonala ka thuso ya moya o o boitshepo, bakaulengwe ba kwa Ture ba ne ba bua boammaaruri fa ba re Paulo o ne a tla lebana le mathata kwa Jerusalema. Ka jalo, e re ka ba ne ba tshwenyegile ka ene, ba ne ba mo kopa gore a se ka a ya kwa motseng oo. Go ne go utlwala gore ba batle go sireletsa Paulo mo kotsing e e neng e ka mo wela. Le fa go ntse jalo, e re ka Paulo a ne a ikemiseditse go dira thato ya ga Jehofa, o ne a tswelela ka loeto lwa gagwe go ya kwa Jerusalema.—Dit. 21:12.

9, 10. (a) Fa Paulo a sena go utlwa dilo tse bakaulengwe ba kwa Ture ba tshwenyegileng ka tsone, a ka tswa a ne a gopola tiragalo efe e e tshwanang le eo? (b) Ke maikutlo afe a batho ba le bantsi ba nang le one gompieno, mme a farologana jang le se Jesu a neng a se bua?

9 Fa Paulo a sena go utlwa dilo tse bakaulengwe ba neng ba tshwenyegile ka tsone, gongwe o ne a gakologelwa kafa barutwa ba ga Jesu ba neng ba itshwara ka gone fa Jesu a ba bolelela gore o ne a tla ya kwa Jerusalema, a boge dilo di le dintsi le go bolawa. Petere o ile a tseega maikutlo, mme a raya Jesu a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; dilo tseno ga di kitla di go diragalela.” Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Mpota ka fa morago, Satane! O sekgoreletsi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme o akanya dikakanyo tsa batho.” (Math. 16:21-23) Jesu o ne a ikemiseditse go amogela go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo jo Modimo a neng a mo abetse jone. Paulo le ene o ne a ikutlwa jalo. Ga go pelaelo gore fela jaaka moaposetoloi Petere, bakaulengwe ba kwa Ture le bone ba ne ba na le maitlhomo a a siameng, mme ba ne ba sa lemoge se thato ya Modimo e leng sone.

Re tshwanetse go nna le moya wa go intsha setlhabelo gore re sale Jesu morago

10 Gompieno batho ba le bantsi ba rata go dira dilo ka tsela e e bontshang gore ba ikutlwela botlhoko, mme gone e se tsela e e molemo. Gantsi ba rata bodumedi jo bo ba tlogelelang fela gore ba itirele jaaka ba rata e bile bo sa ba batle dilo di le dintsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu ene o rotloetsa batho gore ba nne le boikutlo jo bo farologaneng le joo. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso a bo a ntshala morago a sa kgaotse.” (Math. 16:24) Go sala Jesu morago ke tsela e e botlhale le e e siameng, mme gone ga e motlhofo.

11. Barutwa ba kwa Ture ba ne ba bontsha jang gore ba rata Paulo le gore ba mo ema nokeng?

11 Go ise go ye kae, e ne ya nna nako ya gore Paulo, Luke le batho ba bangwe ba ba neng ba tsamaya le bone ba tswelele ka loeto lwa bone. Se se ileng sa diragala fa ba kgaogana se ama pelo fela thata. Se bontsha tsela e bakaulengwe bao ba kwa Ture ba neng ba rata Paulo ka yone le kafa ba neng ba ema bodiredi jwa gagwe nokeng ka gone. Banna, basadi le bana ba ne ba felegetsa Paulo le batho ba ba neng ba na le ene go ya go fitlha kwa lotshitshing. Botlhe ba ne ba khubama mme ba rapela mmogo, mme ba sadisana sentle. Morago ga moo, Paulo, Luke le batho ba bangwe ba ba neng ba tsamaya le bone ba ne ba palama mokoro o mongwe mme ba tswelela ka loeto go ya kwa Petolomai, kwa ba neng ba kopana le bakaulengwe gone mme ba nna le bone letsatsi le le lengwe.—Dit. 21:5-7.

12, 13. (a) Filipo o ne a na le rekoto efe ya go direla ka boikanyegi? (b) Filipo o tlhomela borre ba Bakeresete sekao sefe se se molemo gompieno?

12 Go tswa foo, Luke o bega gore Paulo le batho ba a tsamaya le bone ba ne ba ya kwa Kaesarea. Fa ba goroga koo, ba ne ba “tsena mo ntlong ya ga Filipo wa moefangele.” a (Dit. 21:8) Ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumeletse go bona Filipo. Dingwaga di ka nna 20 pelenyana kwa Jerusalema, baaposetoloi ba ne ba mo tlhoma go thusa mo tirong ya go aba dijo mo phuthegong ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Filipo o ne a na le lobaka lo loleele e le moreri yo o tlhagafetseng. O tla gakologelwa gore fa barutwa ba ne ba gasama ka ntlha ya pogiso, Filipo o ne a ya kwa Samarea mme a simolola go rera gone. Moragonyana o ne a rerela moopafadiwa wa Moethiopia le go mo kolobetsa. (Dit. 6:2-6; 8:4-13, 26-38) Ruri o na le rekoto ya go direla ka boikanyegi!

13 Filipo o ne a sa ntse a tlhagafetse mo bodireding. Mo nakong eno o ne a nna kwa Kaesarea, mme o ne a sa ntse a tshwaregile ka tiro ya go rera, ke gone ka moo Luke a mmitsang “moefangele.” Gape re utlwa gore o ne a na le bana ba basetsana ba le banè ba ba neng ba porofeta, e leng se se bontshang gore barwadi bano ba ne ba latela sekao sa ga rraabone. b (Dit. 21:9) Ka jalo, Filipo o tshwanetse a bo a ne a dira ka natla go aga ba lelapa la gagwe semoyeng. Gompieno borre ba Bakeresete ba tshwanetse go latela sekao sa gagwe, ba di goge kwa pele mo bodireding mme ba thuse bana ba bone go rata tiro ya go rera efangele.

14. Ke melemo efe e e neng ya nna teng fa Paulo a ne a etela badumedi ka ene, mme ke ditshono dife tse di tshwanang le tseo tse di leng teng le gompieno?

14 Mo mafelong otlhe a Paulo a neng a ya kwa go one, o ne a batla kwa badumedi ka ene ba neng ba nna gone mme a fetsa nako a na le bone. Ga go pelaelo gore bakaulengwe ba mafelo ao ba ne ba rata gore morongwa yono yo o etelang diphuthego mmogo le ditsala tsa gagwe ba gorogele mo malapeng a bone. Maeto ao a tshwanetse a bo a ne a ba thusa gore ba “kgothatsane.” (Bar. 1:11, 12) Le gompieno go na le ditshono tse di ntseng jalo. O tla solegelwa molemo thata fa o ka amogela molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe mo legaeng la gago, le fa e ka tswa e le la maemo a a kwa tlase.—Bar. 12:13.

‘Ke Iketleeleditse go Swa’ (Ditiro 21:10-14)

15, 16. Agabuse o ne a tlisa molaetsa ofe, mme o ne wa ama jang batho ba ba neng ba o utlwa?

15 Fa Paulo a ntse a nna le Filipo, go ne ga goroga moeng yo mongwe yo o tlotlegang—Agabuse. Batho ba ba neng ba kokoane kwa ntlong ya ga Filipo ba ne ba itse gore Agabuse e ne e le moporofeti; o ne a boleletse pele ka leuba le legolo le le neng la nna gone fa go busa Kalaudio. (Dit. 11:27, 28) Gongwe ba ne ba ipotsa gore: ‘Ke eng fa Agabuse a tlile? O tshwere molaetsa ofe?’ Fa ba ntse ba mo lebile ka tlhoafalo, o tsaya lebanta la ga Paulo—letsela le letelele le le kgonang go tshwara madi le dilwana tse dingwe le le neng le bofiwa mo lothekeng. Agabuse o ne a ipofa mo dinaong le mo diatleng ka lone. Go tswa foo o ne a bua. Molaetsa wa gagwe o ne o le masisi: “Moya o o boitshepo o bua jaana, ‘Bajuda ba tla bofa monna yo lebanta leno e leng la gagwe ka tsela eno kwa Jerusalema, mme ba tla mo tsenya mo diatleng tsa batho ba ditšhaba.’”—Dit. 21:11.

16 Boporofeti jono bo ne bo tlhomamisa gore Paulo o ne a tla ya kwa Jerusalema. Gape bo ne bo bontsha gore o ne a tla tsenngwa “mo diatleng tsa batho ba ditšhaba” ka ntlha ya go rerela Bajuda ba koo. Batho ba ba neng ba le foo ba ne ba amiwa thata ke boporofeti jono. Luke a re: “Jaanong e rile re utlwa seno, rona mmogo le ba ba neng ba le koo re ne ra simolola go mo rapela gore a se ka a ya kwa Jerusalema. Foo Paulo o ne a re: ‘Ke ka ntlha yang fa lo lela e bile lo dira gore ke tshwenyege thata mo pelong? Itseng gore ke iketleeleditse go bofiwa le go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.’”—Dit. 21:12, 13.

17, 18. Paulo o ne a bontsha jang gore o ikemiseditse go dira thato ya Modimo, mme bakaulengwe ba ne ba itshwara jang?

17 Akanya fela ka se se neng sa direga. Bakaulengwe bangwe, go akaretsa le Luke, ba kopa Paulo gore a se ka a tsamaya. Bangwe ba bone ba a lela. Paulo o lemoga tsela e ba mo ratang ka yone le gore ba amegile thata ka ene, mme ka bopelonomi o ba bolelela gore ba dira gore a “tshwenyege thata mo pelong,” kgotsa jaaka dithanolo dingwe di ranola mafoko ano a Segerika, ba mo “phatlola pelo.” Le fa go ntse jalo, o ikemiseditse go tsamaya, mme fela jaaka a ile a dira fa a ne a kopane le bakaulengwe ba kwa Ture, ga a kitla a letla dikopo kgotsa dikeledi di mo dira gore a fetole maikemisetso a gagwe. Go na le moo, o ba tlhalosetsa lebaka la go bo a tshwanetse go tsamaya. Ruri o ne a bontsha gore o pelokgale le gore o ikemiseditse! Fela jaaka Jesu a ile a dira, Paulo le ene o ne a ikemiseditse go ya kwa Jerusalema. (Baheb. 12:2) Paulo o ne a sa batle go swela tumelo, mme fa seo se ne se ka direga, o ne a tla tsaya go swa e le molatedi wa ga Keresete Jesu jaaka tshiamelo.

18 Bakaulengwe ba ile ba itshwara jang? Ba ne ba tlotla tshwetso ya gagwe. Re bala jaana: “E rile re lemoga gore re ka se kgone go mo fetola mogopolo, re ne ra ineela re bo re re: ‘A thato ya ga Jehofa e diragale.’” (Dit. 21:14) Ba ba neng ba leka go dira gore Paulo a se ka a ya kwa Jerusalema ga ba a ka ba tatalala gore a dire dilo ka tsela ya bone. Ba ne ba reetsa Paulo mme ba amogela tshwetso ya gagwe, ba lemoga se thato ya ga Jehofa e leng sone mme ba e amogela, tota le fa go ne go se motlhofo go dira jalo. Paulo o ne a tlhophile botshelo jo bo neng bo tla dira gore kgabagare a bolawe. Go ka bo go nnile motlhofo mo go Paulo fa batho ba ba mo ratang ba ne ba sa leka go mo thibela go ya kwa kabelong ya gagwe.

19. Re ithuta thuto efe ya botlhokwa mo go se se diragaletseng Paulo?

19 Re ithuta thuto e e botlhokwa thata mo go se se diragaletseng Paulo: Le ka motlha ga re batle go tlhotlheletsa batho ba bangwe gore ba se tshele botshelo jwa go intsha setlhabelo fa ba direla Modimo. Re ka dirisa thuto eno mo maemong a mantsi, e seng fela mo go a a amang botshelo le loso. Ka sekai, le fa batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba fitlhela go le thata go bona bana ba bone ba tswa mo gae mme ba ya go direla Jehofa kwa mafelong a a kgakala, ba ikemiseditse gore ba se ba kgobe marapo. Phyllis, yo o nnang kwa Engelane, o gakologelwa kafa a ileng a ikutlwa ka teng fa morwadie yo o esi a ne a ya go nna morongwa kwa Afrika. A re: “Ke ne ke utlwile botlhoko tota. Go ne go le thata go itse gore o tla bo a le kgakala jalo. Ke ne ke hutsafetse mme gone ke le motlotlo ka ene. Ke ne ka rapela thata ka kgang eno. E ne e le tshwetso ya gagwe mme ga ke a ka ka leka go e fetola. Kana gone, ke nna ke neng ke mo rutile gore ka metlha a beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong! Mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, o ntse a direla kwa dinageng di sele, mme ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi go bo a ntse a ikanyega.” Ruri go molemo gore re nne re kgothatse badumedi ka rona ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo!

Go molemo go kgothatsa badumedi ka rona ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo

“Bakaulengwe Ba ne Ba re Amogela ka Boitumelo” (Ditiro 21:15-17)

20, 21. Ke eng se se bontshang gore Paulo o ne a batla go nna le bakaulengwe ba bangwe, mme ke eng fa a ne a batla go nna le badumedi mmogo le ene?

20 Go ne ga dirwa dithulaganyo, mme Paulo o ne a tsena mo tseleng, a patilwe ke bakaulengwe ba ka go dira jalo ba neng ba bontsha gore ba mo ema nokeng ka botlalo. Gongwe le gongwe kwa Paulo le batho ba a neng a na le bone ba neng ba feta gone fa ba ntse ba le mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba ne ba etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete. Fa ba goroga kwa Ture, ba ne ba fitlhela barutwa mme ba nna le bone malatsi a le supa. Kwa Petolomai gone, ba ne ba dumedisa bokgaitsadi le bakaulengwe mme ba nna le bone letsatsi le le lengwe. Mme kwa Kaesarea ba ne ba nna malatsi a le mmalwa kwa legaeng la ga Filipo. Morago ga moo, barutwa bangwe ba ba tswang Kaesarea ba ne ba tsamaya le Paulo le ditsala tsa gagwe kwa Jerusalema, kwa Monasone, yo o neng a sa bolo go nna morutwa, a neng a ba amogela mo legaeng la gagwe. Kgabagare, fa banna bano ba ba mo loetong ba goroga kwa Jerusalema, Luke o bega gore “bakaulengwe ba ne ba re amogela ka boitumelo.”—Dit. 21:17.

21 Go bonala sentle gore Paulo o ne a batla go nna le badumedi mmogo le ene. Fela jaaka rona gompieno, moaposetoloi yono le ene o ne a kgothadiwa thata ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Ga go pelaelo gore kgothatso eo e ne ya nonotsha Paulo gore a kgone go lebana le baganetsi ba ba galefileng ba ba neng ba batla go mmolaya.

a Bona lebokose le le reng, “ Kaesarea—Motsemogolo wa Porofense ya Roma ya Judea”.

b Bona lebokose le le reng, “ A Basadi ba ka Nna Barutisi mo Phuthegong?