Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 13

‘Fa ba Sena go Ngangisana’

‘Fa ba Sena go Ngangisana’

Kgang ya go rupa e isiwa kwa setlhopheng se se laolang

E tswa mo go Ditiro 15:1-12

1-3. (a) Go direga eng se se ka bakang dikgaogano mo phuthegong ya Bokeresete e e sa tswang go tlhomiwa? (b) Go ithuta pego eno e e mo bukeng ya Ditiro go tla re solegela molemo jang?

 PAULO le Barenabase ba sa tswa go goroga mo motseng wa Siria wa Antioka go tswa kwa loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa mme ba phophoma ka boitumelo. Ba itumedisitswe ke gore Jehofa o “buletse batho ba ditšhaba tse dingwe tsela ya gore ba dumele mo go ene.” (Dit. 14:26, 27) Aitsane, dikgang tse di molemo di rerwa mo Antioka yotlhe mme “batho ba le bantsi” ba ditšhaba tse dingwe ba tsena mo phuthegong e e mo lefelong leno.—Dit. 11:20-26.

2 Go ise go ye kae, dikgang tseno tse di itumedisang tsa gore go na le koketsego, di fitlha le kwa Judea. Le fa go ntse jalo, go na le gore batho botlhe ba di itumelele, di gakatsa kganetsano e e ntseng e tsweletse e e ka ga go rupa. Badumedi ba Bajuda le ba e seng Bajuda ba tshwanetse go tshwarana jang, mme ba e seng Bajuda ba tshwanetse go leba jang Molao wa ga Moshe? Kgang eno e tsosa kganetsano e e masisi mo e ka bakang makoko mo phuthegong ya Bokeresete. E tla rarabololwa jang?

3 Fa re ntse re sekaseka pego eno e e mo bukeng ya Ditiro, re tla ithuta dithuto di le dintsi tsa botlhokwa. Dithuto tseno di tla re thusa gore re dire dilo ka botlhale fa go ka direga gore go nne le dilo tse di ka bakang dikgaogano mo phuthegong gompieno.

“Fa lo Sa Rupe” (Ditiro 15:1)

4. Ke dikgopolo dife tse di phoso tse badumedi bangwe ba neng ba na le tsone, mme seno se tsosa potso efe?

4 Luke o ne a kwala jaana: “Banna bangwe ba ile ba tla [mo Antioka] ba tswa kwa Judea mme ba simolola go ruta bakaulengwe ba re: ‘Fa lo sa rupe go dumalana le molao wa ga Moshe, ga lo ka ke lwa bolokwa.’” (Dit. 15:1) Baebele ga e tlhalose gore a ‘banna bano ba kwa Judea’ e kile ya bo e le Bafarasai pele ba sokologela mo Bokereseteng. Mme gone, go bonala ba ne ba tlhotlheleditswe ke tsela e lekoko leo la Bajuda le neng le leba dilo ka yone. Gape, ba ka tswa ba ne ba buile maaka ba re ba romilwe ke baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema. (Dit. 15:23, 24) Mme gone, ke ka ntlha yang fa badumedi ba Bajuda ba ne ba sa ntse ba rotloetsa kgang ya go rupa, le fa go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna 13 fa e sa le moaposetoloi Petere a ne a kaelwa ke Modimo gore a amogele Baditšhaba ba ba sa rupang mo phuthegong ya Bokeresete? aDit. 10:24-29, 44-48.

5, 6. (a) Ke eng fa Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ka tswa ba ne ba sa ntse ba batla go ngaparela kgang ya go rupa? (b) A kgolagano ya go rupa e ne e le karolo ya kgolagano ya ga Aborahame? Tlhalosa. (Bona ntlha e e kwa tlase.)

5 Go ka tswa go ne go na le mabaka a le mantsi. Lengwe la mabaka ke gore Jehofa ke ene a neng a laetse gore banna ba rupisiwe, mme seo se ne se bontsha gore ba na le kamano e e kgethegileng le ene. Aborahame le ba ntlo ya gagwe ke bone batho ba ntlha go rupa ka gonne kgang ya go rupa e ne ya nna gone pele ga kgolagano ya Molao mme moragonyana ya nna karolo ya one. b (Lefi. 12:2, 3) Mo Molaong wa ga Moshe, tota le batswakwa ba ne ba tshwanetse go rupisiwa pele ba ka newa ditshiamelo dingwe tse di jaaka go ja dijo tsa Tlolaganyo. (Ekes. 12:43, 44, 48, 49) Ga go pelaelo gore mo Bajudeng monna yo o sa rupang o ne a tsewa a se phepa e bile a nyatsega.—Isa. 52:1.

6 Ka jalo, badumedi ba Bajuda ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo mme ba nne boikobo gore ba kgone go amogela boammaaruri jo bosha jo bo senotsweng. Go ne ga tsenngwa kgolagano e ntšha mo boemong jwa kgolagano ya Molao, ka jalo motho o ne a sa nne karolo ya batho ba Modimo fela ka gonne a tsholetswe mo setšhabeng sa Bajuda. Mme Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba nna kwa mafelong a Bajuda bone—fela jaaka badumedi ba kwa Judea ba ne ba dira—ba ne ba tlhoka go nna pelokgale gore ba amogele Keresete le badumedi ka bone ba Baditšhaba ba ba neng ba sa rupisiwa.—Jer. 31:31-33; Luke 22:20.

7. Ke boammaaruri bofe jo ‘banna ba kwa Judea’ ba neng ba palelwa ke go bo tlhaloganya?

7 Ke boammaaruri gore melao ya Modimo ga e a fetoga. Bosupi jwa seo ke gore, dilo dingwe mo kgolaganong e ntšha di ne di tshwana le tse di mo Molaong wa ga Moshe. (Math. 22:36-40) Ka sekai, moragonyana Paulo o ne a kwala jaana ka kgang ya go rupa: “Se se mo pelong ke sone se dirang gore motho a nne Mojuda wa mmatota, mme o rupile mo pelong ka moya o o boitshepo, e seng ka molao.” (Bar. 2:29; Dute. 10:16) ‘Banna ba kwa Judea’ ba ne ba sa tlhaloganye boammaaruri jono mme ba ne ba gatelela gore Modimo ga a ise a ko a fetole molao wa go rupa. A ba ne ba tla reetsa mabaka a ba neng ba a bontshiwa?

Ba ne Ba “Ngangisana le go Ganetsana” (Ditiro 15:2)

8. Ke eng fa kgang ya go rupa e ne ya isiwa kwa setlhopheng se se laolang se se kwa Jerusalema?

8 Luke o ne a re: “Fa Paulo le Barenabase ba sena go ngangisana le go ganetsana thata le bone [‘banna ba ba tswang kwa Judea’], go ne ga rulaganngwa gore Paulo, Barenabase le batho ba bangwe ba ye go kopana le baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema ka kgang eno.” c (Dit. 15:2) Go “ngangisana le go ganetsana” gono go ne go bontsha gore ditlhopha tseno tse pedi di ne di sa ikaelela go fetoga mo go se di se dumelang, mme phuthego ya kwa Antioka e ne e sa kgone go rarabolola bothata jono. Gore go nne le kagiso le kutlwano, phuthego e ne ya rulaganya gore kgang eno e isiwe kwa ‘baaposetoloing le bagolwane kwa Jerusalema’ ba ba neng ba direla mo setlhopheng se se laolang. Ke eng se re ithutang sone mo bagolwaneng ba kwa Antioka?

Bangwe ba ne ba re: “[Batho ba ditšhaba tse dingwe] ba tshwanetse go . . . laelwa gore ba ikobele Molao wa ga Moshe”

9, 10. Bakaulengwe ba kwa Antioka mmogo le Paulo le Barenabase ba re tlhometse sekao sefe se se molemo gompieno?

9 Thuto nngwe ya botlhokwa e re ithutang yone ke gore re tshwanetse go ikanya phuthego ya Modimo. Akanya ka seno: Bakaulengwe ba kwa Antioka ba ne ba itse gore maloko otlhe a setlhopha se se laolang e ne e le Bakeresete ba ba neng ba godisitswe ka tsela ya Sejuda. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikanya setlhopha seo gore se tla dirisa Dikwalo fa se rarabolola kgang eno ya go rupa. Ka ntlha yang? Phuthego eo e ne e itse gore Jehofa o tla kaela dilo ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete e bong Jesu Keresete. (Math. 28:18, 20; Baef. 1:22, 23) Le gompieno fa go tsoga dikgang tse di masisi, a re etseng sekao se se molemo sa badumedi ba kwa Antioka ka go ikanya phuthego ya Modimo le Setlhopha sa yone se se Laolang sa Bakeresete ba ba tloditsweng.—Math. 24:45.

10 Gape re gakololwa botlhokwa jwa go nna boikokobetso le go nna pelotelele. Paulo le Barenabase ba ne ba tlhomilwe ke moya o o boitshepo gore ba ye kwa ditšhabeng, le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa Antioka ga ba a ka ba nna le boikutlo jwa gore ba tshwanelwa ke go rarabolola kgang eno ya go rupa ka yone nako eo. (Dit. 13:2, 3) Moragonyana Paulo o ne a re: “Ke ne ka boela teng [kwa Jerusalema] ka gonne Morena o ne a ntshenoletse gore ke dire jalo”—se se bontshang gore Modimo e ne e le ene a kaelang kgang eno. (Bagal. 2:2) Le gompieno, bagolwane ba leka ka natla go nna boikokobetso, le go nna pelotelele fa go tsoga dilo dingwe tse di ka bakang dikgaogano mo phuthegong. Go na le gore mongwe le mongwe wa bone a batle go dira dilo ka tsela ya gagwe, ba ikaega ka Jehofa ka go batla kaelo e e tswang mo Dikwalong le e e tswang kwa motlhankeng yo o boikanyego.—Bafil. 2:2, 3.

11, 12. Ke eng fa go le botlhokwa go leta Jehofa?

11 Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go leta Jehofa gore a re thuse go tlhaloganya dintlha dingwe. Se lebale gore bakaulengwe ba mo motlheng wa ga Paulo ba ne ba tshwanelwa ke go leta go fitlha mo e ka nnang ka 49 C.E.—dingwaga di ka nna 13 go tloga ka nako ya fa Korenelio a ne a tlodiwa ka 36 C.E.—pele Jehofa a ka rarabolola kgang ya gore a Baditšhaba ba tshwanetse go rupisiwa. Ke eng fa ba ile ba tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele jaana? Gongwe Modimo o ne a batla go naya Bajuda bano ba ba peloephepa nako e e lekaneng gore ba amogele phetogo eno e kgolo. Ke boammaaruri gore go ne go se motlhofo gore ba amogele gore kgolagano ya go rupa e e neng e na le dingwaga di le 1 900 e le teng, e e neng e dirilwe le rraabonemogologolwane yo o rategang e bong Aborahame, e ne e tshwanetse go fedisiwa!—Joh. 16:12.

12 Ruri ke tshiamelo go kaelwa le go bopiwa ke Rraarona yo o pelotelele le yo o pelonomi yo o kwa legodimong! Ka metlha re solegelwa molemo tota fa re latela kaelo eo. (Isa. 48:17, 18; 64:8) Ka jalo, a le ka motlha re se ka ra letla boikgodiso bo dire gore re gatelele gore dilo di dirwe ka tsela ya rona kgotsa re gana go amogela diphetogo tse di dirilweng mo phuthegong kgotsa mo tseleng e ditemana dingwe tsa Baebele di tlhalosiwang ka yone. (Mor. 7:8) Fa o lemoga gore o ka tswa o na le bothata joo, go ka nna molemo gore o rapelele kaelo e e tswang kwa Modimong mme o tlhatlhanye ka melaometheo e e mo nakong e e mo go Ditiro kgaolo 15. d

13. Re ka etsa jang bopelotelele jwa ga Jehofa fa re le mo bodireding?

13 Re ka nna ra tshwanelwa ke go nna pelotelele fa re ithuta Baebele le batho ba ba fitlhelang go le thata go tlogela dithuto tsa maaka tse ba di ratang kgotsa dingwao tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Mo maemong a a ntseng jalo, re ka nna ra tshwanelwa ke go leta nako e e rileng e le gore moya wa Modimo o ka dira mo pelong ya moithuti yono. (1 Bakor. 3:6, 7) Gape re tshwanetse go rapela ka kgang eo. Ka tsela nngwe le ka nako e e siameng, Modimo o tla re thusa go itse gore ke eng se re tshwanetseng go se dira.—1 Joh. 5:14.

Ba ne Ba “Tlhalosa ka Botlalo” Maitemogelo a a Kgothatsang (Ditiro 15:3-5)

14, 15. Phuthego ya kwa Antioka e ne ya bontsha jang gore e tlotla Paulo, Barenabase le batho ba ba neng ba tsamaya le bone, mme loeto lwa bone lo ile lwa solegela badumedi ka bone molemo jang?

14 Luke o tswelela ka gore: “Fa phuthego e sena go ba buledisa sekgalanyana, banna bano ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone ba ralala Fonikia le Samarea, ba tlhalosa ka botlalo gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba simolotse go obamela Modimo, mme fa bakaulengwe botlhe ba utlwa seno ba ne ba itumela thata.” (Dit. 15:3) Lebaka la go bo phuthego e ne ya buledisa Paulo, Barenabase le banna bangwe ba ba neng ba tsamaya le bone sekgalanyana, le ne le bontsha gore bakaulengwe ba phuthego eo ba ne ba na le lorato lwa Bokeresete, ba tlotla banna bano e bile ba eletsa gore Modimo a ba segofatse. Ruri bakaulengwe ba kwa Antioka ba sa ntse ba re tlhomela sekao se sengwe se se molemo le mo kgannyeng eno! A o bontsha gore o tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete, “segolobogolo [bagolwane] ba ba dirang ka natla go bua le go ruta lefoko la Modimo”?—1 Tim. 5:17.

15 Fa batsamai bano ba ntse ba le mo loetong, ba ne ba kgothatsa thata Bakeresete ka bone ba kwa Fonikia le Samarea ka go “tlhalosa ka botlalo” maitemogelo a ba nnileng le one kwa tshimong ya Baditšhaba. Gongwe bangwe ba batho ba ba neng ba ba reeditse e ne e le badumedi ba Bajuda ba ba neng ba tshabetse kwa dikgaolong tseo fa Setefane a sena go bolaelwa tumelo. Le gompieno, bakaulengwe ba rona, segolobogolo ba ba lebaneng le diteko, ba kgothadiwa ke dipego tse di bontshang kafa Jehofa a segofatsang tiro ya go dira barutwa ka gone. Fa o nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le fa o bala ka maitemogelo le ka dilo tse di diragaletseng bakaulengwe ba rona tse di kwadilweng mo dikgatisong tsa rona kgotsa tse di mo jw.org, le wena o tla solegelwa molemo ka botlalo ke dipego tse di ntseng jalo.

16. Ke eng se se bontshang gore kgang ya go rupa e ne e le kgang e e masisi?

16 Fa barongwa bano ba ba neng ba tswa kwa Antioka ba sena go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 550 go ya kwa borwa, ba ne ba goroga kwa Jerusalema. Luke a re: “Fa ba goroga kwa Jerusalema, batho ba phuthego ya koo le baaposetoloi le bagolwane ba ne ba ba amogela ka lorato, mme Paulo le Barenabase ba ne ba ba bolelela dilo tse dintsi tse Modimo a neng a di dirile a ba dirisa.” (Dit. 15:4) “Le fa go ntse jalo, bangwe ba lekoko la Bafarasai ba jaanong e neng e le badumedi ba ne ba ema mo ditulong tsa bone ba bo ba re: ‘Ba tshwanetse go rupisiwa le go laelwa gore ba ikobele Molao wa ga Moshe.’” (Dit. 15:5) Go bonala sentle gore kgang ya go rupisiwa ga Bakeresete ba e seng Bajuda e ne e le kgang e e masisi, mme e ne e tshwanetse go rarabololwa.

“Baaposetoloi le Bagolwane Ba ne Ba Kopana” (Ditiro 15:6-12)

17. Ke bomang ba ba neng ba le mo setlhopheng se se laolang sa kwa Jerusalema, mme ke eng fa “bagolwane” ba ne ba akarediwa mo setlhopheng seo?

17 Diane 13:10 ya re: “Ba ba batlang kgakololo ba botlhale.” Go dumalana le molaomotheo ono o o utlwalang sentle, “baaposetoloi le bagolwane ba ne ba kopana mmogo gore ba sekaseke kgang” ya go rupa. (Dit. 15:6) “Baaposetoloi le bagolwane” ba ne ba emela phuthego yotlhe ya Bokeresete, fela jaaka Setlhopha se se Laolang sa mo motlheng wa rona se dira. Ke ka ntlha yang fa “bagolwane” ba ne ba dira mmogo le baaposetoloi? O tla gakologelwa gore moaposetoloi Jakobe o ne a bolawa, mme moaposetoloi Petere o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka nakwana. A baaposetoloi ba bangwe le bone ba ne ba ka diragalelwa ke se se tshwanang? Fa go na le banna ba bangwe ba ba tloditsweng ba ba tshwanelegang, seno se ne se tla thusa gore dilo di nne di tsamaya ka thulaganyo mo phuthegong.

18, 19. Petere o ne a bua mafoko afe a a maatla, mme batho ba ba neng ba mo reeditse ba tshwanetse ba bo ba ile ba dira tshwetso efe?

18 Luke o tswelela ka go re: “Fa ba sena go sekaseka kgang eno thata, Petere o ne . . .  a re: ‘Banna ba gaetsho, bakaulengwe, lo itse sentle gore go tswa bogologolong Modimo o ne a tlhopha nna mo go rona rotlhe, gore ke bolelele batho ba ditšhaba tse dingwe molaetsa wa dikgang tse di molemo mme ba dumele. Mme Modimo, yo o bonang se se mo pelong, o ne a bontsha gore o a ba amogela ka go ba naya moya o o boitshepo, fela jaaka a ile a dira ka rona. Mme ga a ka a re farologanya le bone ka tsela epe fela, go na le moo, o ne a phepafatsa dipelo tsa bone ka ntlha ya tumelo ya bone.’” (Dit. 15:7-9) Go ya ka tshupiso nngwe, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “go sekaseka kgang eno thata” mo temaneng ya 7, gape le kaya “go batlisisa.” Go bonala bakaulengwe bano ba ne ba na le dikgopolo tse di farologaneng, mme ba ne ba di bua ba gololesegile.

19 Mafoko a a maatla a ga Petere a ne a gakolola botlhe gore le ene o ne a le teng fa Baditšhaba ba ntlha ba ba sa rupang—Korenelio le ba lelapa la gagwe—ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka 36 C.E. Ka jalo, fa Jehofa a ne a sa tlhole a leba motho ka gore a ke Mojuda kgotsa ga se ene, batho bone ba ne ba tsaya kae tshwanelo ya go dira jalo? Mo godimo ga moo, go dumela mo go Keresete, e seng go dira dilo tumalanong le Molao wa ga Moshe, ke gone go neng go dira gore modumedi a itsheke mo pelong.—Bagal. 2:16.

20. Batho ba ba neng ba rotloetsa kgang ya go rupa ba ne ba “leka Modimo” jang?

20 Ka ntlha ya bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa moya o o boitshepo le jo bo mo lefokong la Modimo, Petere o ne a konela ka go re: “Jaanong ke ka ntlha yang fa lo leka Modimo ka go rwesa barutwa morwalo o o bokete, o borraaronamogolo kgotsa rona re neng re sa kgone go o rwala? Go farologana le seo, re na le tumelo ya gore re bolokilwe ka bopelonomi jo bogolo jwa Morena Jesu, ka tsela e e tshwanang le e ba bolokilweng ka yone.” (Dit. 15:10, 11) Totatota batho ba ba neng ba buelela kgang ya go rupa, ba ne ba “leka Modimo,” kgotsa jaaka thanolo nngwe e tlhalosa, ba ‘leka bopelotelele jwa gagwe.’ Ba ne ba leka go pateletsa Baditšhaba gore ba ikobele molao o Bajuda ba neng ba atlholelwa loso fa ba ne ba palelwa ke go o ikobela ka botlalo. (Bagal. 3:10) Go na le gore Bajuda ba ba neng ba reeditse Petere ba rotloetse kgang ya go rupa, ba ne ba tshwanetse go anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo neng jwa bontshiwa ka Jesu.

21. Barenabase le Paulo ba ne ba nna le seabe sefe mo puisanong e e neng e tsweletse?

21 Go bonala sentle gore Petere o ne a fitlheletse dipelo tsa bareetsi ba gagwe, ka gonne “botlhe ba ne ba didimala.” Morago ga moo, Barenabase le Paulo ba ne “ba ba bolelela ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi tse Modimo a neng a di dirile mo ditšhabeng a ba dirisa.” (Dit. 15:12) Jaanong kwa bofelong, baaposetoloi le bagolwane ba ne ba tla kgona go sekaseka bosupi jotlhe mme ba dire tshwetso e e dumalanang le thato ya Modimo mo kgannyeng eno ya go rupa.

22-24. (a) Setlhopha se se Laolang sa motlha wa gompieno se latela jang sekao sa setlhopha se se laolang sa bogologolo? (b) Bagolwane botlhe ba ka bontsha jang gore ba tlotla dithulaganyo tsa puso ya Modimo?

22 Le gompieno, fa maloko a Setlhopha se se Laolang a kopana, a batla kaelo mo Lefokong la Modimo le go rapela ka tlhoafalo gore moya o o boitshepo o ba thuse. (Pes. 119:105; Math. 7:7-11) Gore maloko a Setlhopha se se Laolang a kgone go dira tshwetso, mongwe le mongwe wa bone o newa lenaane la dintlha tse go tlileng go tlotliwa ka tsone kwa pokanong go sa le gale gore a di akanyetse ka thapelo. (Diane 15:28) Fa ba le mo pokanong eo, mongwe le mongwe wa bakaulengwe bano ba ba tloditsweng o ntsha maikutlo a gagwe ka tlotlo e bile a gololesegile. Go dirisiwa Baebele gangwe le gape mo metlotlong eno.

23 Bagolwane ba diphuthego le bone ba tshwanetse go latela sekao seno. Mme fa bagolwane ba ka palelwa ke go rarabolola kgang nngwe e e masisi e e sekasekilweng mo pokanong ya bone, ba ka nna ba ikgolaganya le ofisi ya lekala ya naga ya bone kgotsa ba ikgolaganya le balebedi ba potologo ba e leng baemedi ba yone ba ba tlhomilweng. Mme fa go tlhokega, ofisi ya lekala e tla kwalela Setlhopha se se Laolang.

24 Ee, Jehofa o segofatsa batho ba ba tlotlang thulaganyo ya puso ya Modimo le ba ba bontshang boikokobetso, boikanyegi le bopelotelele. Jaaka re tla bona mo kgaolong e e latelang, dituelo tse Modimo a di nayang batho ba ba bontshang dinonofo tseno ke kagiso ya mmatota, go gola semoyeng le kutlwano mo phuthegong ya Bokeresete.

a Bona lebokose le le reng, “ Dithuto Tsa Babueledi ba Tsamaiso ya Tumelo ya Sejuda”.

b Kgolagano ya go rupa e ne e sa amane ka gope le kgolagano ya ga Aborahame, e e sa ntseng e dira le gompieno. Kgolagano ya ga Aborahame e simolotse go dira ka 1943 B.C.E., fa Aborahame (yo ka nako eo a neng a bidiwa Aberame) a ne a kgabaganya Euferatese a le mo loetong go ya kwa Kanana. Ka nako eo, o ne a na le dingwaga di le 75. Kgolagano ya go rupa e ne ya dirwa moragonyana, ka 1919 B.C.E., fa Aborahame a le dingwaga di le 99.—Gen. 12:1-8; 17:1, 9-14; Bagal. 3:17.

c Go bonala Tito, yo e neng e le Mokeresete wa Mogerika mme moragonyana a neng a nna tsala e e ikanyegang ya ga Paulo e bile e le mothusi wa gagwe, e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba rongwa. (Bagal. 2:1; Tito 1:4) Monna yono o ne a nna sekao se se molemo sa Moditšhaba yo o sa rupang yo o tloditsweng ka moya o o boitshepo.—Bagal. 2:3.

d Bona lebokose le le reng, “ Dithuto Tsa Basupi ba ga Jehofa di Tswa mo Baebeleng”.