Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 1

“Yang Kwa Bathong . . . Mme lo ba Dire Barutwa”

“Yang Kwa Bathong . . . Mme lo ba Dire Barutwa”

Go sekaseka buka ya Ditiro tsa Baaposetoloi le kafa e amanang ka gone le motlha wa rona

1-6. Bolela maitemogelo a Basupi ba rera mo maemong a a sa tshwaneng.

 MOSHA mongwe wa Mosupi wa ga Jehofa kwa Ghana e bong Rebecca, o ne a tsaya sekolo se a neng a tsena kwa go sone e le tshimo ya gagwe. O ne a nna a tshotse dikgatiso tsa Baebele mo kgetsaneng ya gagwe ya sekolo. Ka nako ya go ikhutsa, o ne a senka ditshono tsa go rerela baithuti ka ene. Rebecca o ne a simolola dithuto tsa Baebele le baithuti ba le mmalwa ba tlelase ya gagwe.

2 Mo setlhaketlhakeng sa Madagascar, go ela kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba jwa Afrika, banyalani bangwe ba babulatsela ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 25 ka metlha mo letsatsing le le mogote ba ya kwa motseng mongwe o o kgakala. Ba ne ba tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang ba motse oo.

3 Basupi ba kwa Paraguay le baithaopi bangwe ba ba tswang kwa dinageng di le 15, ba ne ba dira mmogo go aga mokoro gore ba kgone go fitlhelela batho ba ba nnang go bapa le noka ya Paraguay le ya Paraná. Mokoro oo, o o bogolo jwa ditone di le 45, o kgona go tshola batho ba le 12. Bareri bano ba ba tlhagafetseng ba Bogosi ba ne ba dirisa mokoro ono go anamisa dikgang tse di molemo kwa mafelong a go neng go se motlhofo go fitlha kwa go one.

4 Kwa Bokone jo bo Kgakala, Basupi ba kwa Alaska ba dirisitse tshono e e kgethegileng e ba neng ba na le yone go rerela bajanala ba ba etelang naga ya bone ka paka ya selemo. Fa go nna bothitho, dikepe di ne di goroga di tletse ka baeti ba merafe e e farologaneng mme Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba ema gaufi le boemakepe ba tshotse dikgatiso tsa Baebele tse di kgatlhang ka dipuo tse di farologaneng. Mo go lone lefelo leo, Basupi ba bangwe ba dirisa sefofane go ya kwa metseng e e kgakala gore ba kgone go anamisa dikgang tse di molemo kwa bathong ba setšhaba sa Ba-Aleut, Ba-Athabascan, Ba-Tsimshia le Ba-Tlingit.

5 Larry wa kwa Texas, U.S.A., o ne a na le tshimo e e kgethegileng e a rerang kwa go yone—legae le a neng a nna kwa go lone la go tlhokomela balwetse ba ba lwalang thata. Le fa gone a ile a tlhagelwa ke kotsi e e neng ya dira gore a feleletse a dutse mo setulong sa maotwana, o ne a nna a tshwaregile ka tiro ya go rera. O ne a bolelela ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi le ka tsholofelo e a nang le yone e e mo Baebeleng ya gore letsatsi lengwe fa Bogosi jwa Modimo bo busa, o tla kgona go tsamaya gape.—Isa. 35:5, 6.

6 Setlhopha sengwe sa Basupi se ne sa tsaya loeto lwa malatsi a le mararo ka mokoro go tswa kwa Mandalay go ya kopanong e e neng e tla tshwarelwa kwa bokone jwa Myanmar. E re ka ba ne ba tlhoafaletse go rera dikgang tse di molemo, ba ne ba tsaya dikgatiso tsa Baebele tse ba neng ba di naya batho ba ba neng ba palame le bone mo mokorong oo. Nako le nako fa mokoro o ema mo toropong nngwe kgotsa mo motseng, bareri bano ba ba tlhoafetseng ba a pagologa mme ba tsena ka bonako mo lefelong leo, go ya go naya batho dikgatiso tsa Baebele. Fa ba ntse ba ile koo, go tsena bapagami ba bangwe mo mokorong mme fa baboledi bano ba Bogosi ba boa, batho bano e nna “tshimo ya bone e ntšha.”

7. Ke mekgwa efe e baobamedi ba ga Jehofa ba e dirisang go naya bosupi ka Bogosi jwa Modimo, mme mokgele wa bone ke ofe?

7 Jaaka dikai tseno tsa bakaulengwe le bokgaitsadi di bontsha, lefatshe ka bophara baobamedi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa ba “ntsha bosupi jo bo tletseng ka Bogosi Jwa Modimo.” (Dit. 28:23) Ba rera ka ntlo le ntlo, ba bua le batho mo mmileng, ba ba kwalela makwalo e bile ba bua le bone ka founo. Fa ba le mo beseng, ba tsamaya mo phakeng kgotsa ba le mo nakong ya go ikhutsa kwa lefelong le ba berekang kwa go lone, ba dirisa tshono nngwe le nngwe e ba e bonang go rera ka Bogosi jwa Modimo. Ba ka tswa ba dirisa mekgwa e e farologaneng mme gone ba na le mokgele o le mongwe fela—go rera dikgang tse di molemo gongwe le gongwe fela kwa batho ba leng gone.—Math. 10:11.

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa tsela e tiro ya go rera ka Bogosi e golang ka yone e gakgamatsa? (b) Go tsoga potso efe e e kgatlhang, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re kgone go e araba?

8 Mmadi yo o rategang, a le wena o mongwe wa bareri ba bantsi ba Bogosi ba gone jaanong ba rerang ka tlhoafalo mo dinageng tse di fetang 235? Fa go le jalo, o na le seabe mo tirong e e golang le e e itumedisang ya go rera ka Bogosi! Se se setseng se fitlheletswe ka tiro eno e e dirwang lefatshe lotlhe se a gakgamatsa. Go sa kgathalesege maemo a a thata le dikgwetlho tse di tshosang tse Basupi ba ga Jehofa ba lebanang le tsone—e ka tswa e le go thibelwa ke puso le go bogisiwa ka tlhamalalo—ba naya batho ba ditšhaba tsotlhe bosupi ka botlalo kaga Bogosi jwa Modimo.

9 Potso e e kgatlhang e re ka ipotsang yone ke gore, Ke ka ntlha yang fa dikgoreletsi, tota le go ganediwa ke Satane, go ile ga se ka ga kgona go emisa tiro e e ntseng e tsweletse pele ya go rera ka Bogosi? Go araba potso eo, re tshwanetse go sekaseka se se ileng sa diragala mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Tota e bile, rona Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno, re tsweletsa tiro e e neng ya simololwa ka nako eo.

Tiro e e Neng e se Kitla e Felela ka Nako eo Fela

10. Jesu o ne a ineetse mo go eng, mme ke eng se a neng a se itse ka tiro eno?

10 Mosimolodi wa phuthego ya Bokeresete, Jesu Keresete, o ne a ineetse mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo; e ne e le tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. Nako nngwe o ne a re: “Ke tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le kwa metseng e mengwe, ka gonne ke rometswe go dira jalo.” (Luke 4:43) Jesu o ne a itse gore o ne a simolola tiro e a neng a se kitla a kgona go e wetsa a le nosi. Pelenyana ga loso lwa gagwe, o ne a bolelela pele gore molaetsa wa Bogosi o ne o tla rerwa “mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mar. 13:10) Mme gone, tiro eno e ne e tla dirwa jang le gone e ne e tla dirwa ke bomang?

“Yang kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe mme lo ba dire barutwa.”—Mathaio 28:19

11. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe taelo efe e e botlhokwa, mme ba ne ba tla engwa nokeng ka tsela efe gore ba e diragatse?

11 Fa Jesu a sena go bolawa le go tsosiwa mo baswing, o ne a bonala kwa barutweng ba gagwe mme a ba naya taelo eno e e botlhokwa: “Ka jalo, yang kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe mme lo ba dire barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute gore ba ikobele dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme lo se ka lwa lebala gore ke na le lona malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.” (Math. 28:19, 20) Mafoko a a reng “ke na le lona,” a ne a bontsha gore Jesu o ne a tla ema barutwa ba gagwe nokeng mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Ba ne ba tla tlhoka go engwa nokeng ka gonne Jesu o ne a boleletse pele gore ‘ditšhaba tsotlhe di tla ba tlhoa.’ (Math. 24:9) Barutwa ba ne ba tla engwa nokeng ka tsela e nngwe gape. Pele fela ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a ba raya a re moya o o boitshepo o tla ba nonotsha gore ba nne basupi ba gagwe “go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.”—Dit. 1:8.

12. Go tsoga dipotso dife tsa botlhokwa, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re itse dikarabo tsa tsone?

12 Jaanong go tsoga dipotso dingwe tsa botlhokwa: A baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya masisi taelo e ba neng ba e neilwe? A setlhotswana seno sa banna le basadi ba Bakeresete se ne sa naya bosupi ka botlalo kaga Bogosi jwa Modimo le fa se ne se lebane le pogiso e e setlhogo? A tota ba ne ba bona thuso e e tswang kwa legodimong le go engwa nokeng ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa mo tirong ya bone ya go dira barutwa? Dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe di ka bonwa mo bukeng ya Baebele ya Ditiro. Go botlhokwa gore re itse dikarabo tsa dipotso tseno. Ka ntlha yang? Jesu o ne a solofetsa gore tiro e a laetseng gore e dirwe e ne e tla tswelela “go fitlha bokhutlong jwa lefatshe leno.” Ka jalo, taelo eno e ama Bakeresete botlhe ba boammaaruri, go akaretsa le rona ba re tshelang mo motlheng ono wa bofelo. Ka gone, re kgatlhegela thata pego ya hisitori e e mo bukeng ya Ditiro.

Go Sekaseka Buka ya Ditiro

13, 14. (a) Buka ya Ditiro e kwadilwe ke mang, mme mokwadi wa yone o bone kae tshedimosetso eo? (b) Buka ya Ditiro e bua ka eng?

13 Buka ya Ditiro e kwadilwe ke mang? Buka eno ga e tlhalose gore mokwadi wa yone ke mang mme mafoko a yone a a simololang a bontsha sentle gore buka eno le Efangele ya Luke di kwadilwe ke motho a le mongwe. (Luke 1:1-4; Dit. 1:1, 2) Ka jalo, Luke, yo e neng e le “ngaka e e rategang” e bile e le rahisitori yo o kelotlhoko, ga a bolo go tsewa e le ene mokwadi wa buka ya Ditiro. (Bakol. 4:14) Buka eno e bua ka ditiragalo tsa dingwaga di le 28, go simolola ka nako ya fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong ka 33 C.E., go fitlha ka nako ya fa moaposetoloi Paulo a ne a isiwa botshwarwa kwa Roma mo e ka nnang ka 61 C.E. Lebaka la go bo Luke a dirisa maemedi “ba” le “re” fa a anela ditiragalo tseo, le bontsha gore o ne a le teng fa bontsi jwa dilo tse a kwadileng ka tsone di diragala. (Dit. 16:8-10; 20:5; 27:1) E re ka Luke e ne e le mmatlisisi yo o manontlhotlho, ga go pelaelo gore o ne a bona tshedimosetso ka tlhamalalo go tswa mo go Paulo, Barenabase, Filipo le batho ba bangwe ba a ba umakang mo pegong ya gagwe.

14 Buka ya Ditiro e bua ka eng? Pelenyana mo Efangeleng ya gagwe, Luke o ne a kwala ka dilo tse Jesu a neng a di bua le go di dira. Le fa go ntse jalo, mo bukeng ya Ditiro, Luke o bega ka se balatedi ba ga Jesu ba neng ba se bua le go se dira. Ka jalo, buka ya Ditiro e bua ka batho ba ba neng ba fitlhelela tiro e kgolo thata le fa bontsi jwa bone ba ne ba tsewa “ba sa rutega e bile e le batho fela ba ba tlwaelegileng.” (Dit. 4:13) Ka bokhutshwane fela re ka re, pego eno e e tlhotlheleditsweng e re bolelela kafa phuthego ya Bokeresete e neng ya simololwa ka gone le kafa e neng ya gola ka gone. Buka ya Ditiro e bontsha kafa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba rera ka gone—mekgwa e ba neng ba e dirisa le tsela e ba neng ba leba tiro eno ka yone. (Dit. 4:31; 5:42) E gatelela kafa moya o o boitshepo o neng wa thusa ka gone mo go anamisiweng ga dikgang tse di molemo. (Dit. 8:29, 39, 40; 13:1-3; 16:6; 18:24, 25) Buka eno e gatelela setlhogo sa Baebele, e leng go itshepisiwa ga leina la Modimo a dirisa Bogosi jwa gagwe jo Keresete a busang e le Kgosi mo go jone, mme e bontsha kafa molaetsa wa Bogosi o neng wa tswelela o anama ka katlego ka gone le fa o ne o ganediwa setlhogo.—Dit. 8:12; 19:8; 28:30, 31.

15. Re tla solegelwa molemo ka ditsela dife fa re sekaseka buka ya Ditiro?

15 Ruri go sekaseka buka ya Baebele ya Ditiro go a kgatlha e bile go nonotsha tumelo! Go tlhatlhanya ka sekao sa bopelokgale le tlhagafalo e balatedi ba pele ba ga Keresete ba neng ba na le yone go tla re kgothatsa. Re tla tlhotlheletsega go etsa tumelo ya bakaulengwe ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mme re tla tlhomelelwa ka botlalo go diragatsa taelo e re e neilweng ya gore re ‘ye kwa bathong mme re ba dire barutwa.’ Buka eno e diretswe go go thusa go ithuta buka ya Ditiro ka kelotlhoko.

Sedirisiwa sa go Ithuta Baebele se se Tla re Thusang

16. Buka eno e na le maikaelelo afe a le mararo?

16 Boikaelelo jo bogolo jwa buka eno ke bofe? Maikaelelo a le mararo a yone ke (1) go re tlhatswa pelo gore Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go ema nokeng tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, (2) go oketsa tlhagafalo ya rona mo bodireding ka go sekaseka sekao sa balatedi ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le (3) go oketsa tsela e re tlotlang ka yone phuthego ya ga Jehofa le ba ba etelelang pele mo tirong ya go rera le go tlhokomela diphuthego.

17, 18. Buka eno e rulagantswe jang, mme ke dikarolo dife tse di tla go thusang fa o ithuta Baebele o le nosi?

17 Buka eno e rulagantswe jang? O tla lemoga gore e kgaogantswe ka dikarolo di le robedi tse nngwe le nngwe ya tsone e tlotlang ka ditemana dingwe tsa buka ya Ditiro. Dikgaolo tse di latelang ga di a direlwa go sekaseka buka ya Ditiro temana ka temana, go na le moo, di diretswe go re thusa go bona se re ka ithutang sone mo ditiragalong tse di begilweng mo bukeng eno ya Baebele le go re thusa go bona kafa re ka dirisang dintlha tseo ka gone mo matshelong a rona. Kwa tshimologong ya kgaolo nngwe le nngwe, go na le ntlhakgolo e e tlhalosang ntlha ya botlhokwa e go tlileng go tlotliwa ka yone mo kgaolong eo mme Temana e e umakilweng e bontsha karolo e e tla sekasekwang ya buka ya Ditiro.

18 Gape go na le dikarolo dingwe tsa buka eno tse di tla re thusang fa re ithuta Baebele re le rosi. Ditshwantsho tse dintle tse di bontshang ditiragalo tse di itumedisang tse di mo bukeng ya Ditiro di tla go thusa gore fa o ntse o tlhatlhanya ka pego eno ya Baebele, o bone ka leitlho la mogopolo se se neng se direga ka nako eo. Dikgaolo di le dintsi di na le mabokose a a nang le dintlha tse di oketsegileng tse di ka re thusang. Mabokose mangwe a bua ka dintlha tse di malebana le botshelo jwa mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo re ka etsang tumelo ya gagwe. Mangwe a one a na le tshedimosetso e e oketsegileng e e ka ga mafelo mangwe, ditiragalo, dingwao kgotsa batho bangwe ba ba umakiwang mo bukeng ya Ditiro.

Bereka tshimo e o e abetsweng o na le boikutlo jwa go potlaka

19. Ke tsela efe e gangwe le gape re ka e dirisang go itlhatlhoba?

19 Kgatiso eno e ka go thusa gore o itlhatlhobe sentle. Le fa o ka tswa o na le lobaka lo loleele o le mmoledi wa Bogosi, go botlhokwa gore gangwe le gape o iphe nako ya go sekaseka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago le tsela e o ikutlwang ka yone ka bodiredi jwa Bokeresete. (2 Bakor. 13:5) Ipotse jaana: ‘A tsela e ke dirang bodiredi jwa me ka yone e bontsha gore ke na le boikutlo jwa go potlaka? (1 Bakor. 7:29-31) A tsela e ke rerang dikgang tse di molemo ka yone e bontsha gore ke tlhatswegile pelo le gore ke tlhagafetse? (1 Bathes. 1:5, 6) A ke nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera le go dira barutwa?’—Bakol. 3:23.

20, 21. Ke eng fa taelo e re e neilweng e potlakile jaana, mme re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 A re nneng re gakologetswe gore re neilwe taelo ya go dira tiro e e botlhokwa—go rera le go dira barutwa. Letsatsi le letsatsi tiro ya rona e potlaka le go feta. Bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela ka bofefo. Matshelo a batho ba le bantsi a mo kotsing go feta le fa e le leng pele. Ga re itse gore ke batho ba ba kae ba bangwe ba ba nang le tshekamelo e e siameng ba ba ka nnang ba amogela molaetsa wa rona. (Dit. 13:48) Mme gone re na le maikarabelo a go thusa batho ba ba ntseng jalo pele go nna thari.—1 Tim. 4:16.

21 Ka jalo, go botlhokwa gore re etse sekao sa bareri ba Bogosi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba tlhagafetse. E kete fa o ntse o ithuta buka eno ka kelotlhoko o ka tlhotlheletsega go rera ka tlhagafalo le ka bopelokgale go feta le fa e le leng pele. Mme e kete o ka godisa maikemisetso a gago a go tswelela pele o “ntsha bosupi jo bo tletseng ka Bogosi Jwa Modimo.”—Dit. 28:23.