Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG B

O ka Tlogela Leng go Tlotla le Motho?

O ka Tlogela Leng go Tlotla le Motho?

Fa motho a sa dumalane le rona kgotsa a botsa potso ka gonne a sa tlhaloganye sengwe, re itumelela go mo araba. Re batla go tlotla le batho ba ‘dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go amogela boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng.’—Dit. 13:48.

Re tshwanetse go dira eng fa motho a galefile, a batla go ngangisana le rona kgotsa a sa batle go bua le rona fa re mo etetse? Nna bonolo mme o tlogele go tlotla le ene. (Diane 17:14) Mmontshe gore o a mo tlotla gore a kgone go reetsa mo nakong e e tlang fa Basupi ba bua le ene.—1 Pet. 2:12.