Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG C

O ka Dirisa Jang Itumelele go Tshelela Ruri! fa o Ruta Batho Baebele?

O ka Dirisa Jang Itumelele go Tshelela Ruri! fa o Ruta Batho Baebele?

Bakaulengwe ba ile ba rapela thata ba bo ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng fa go ne go dirwa kgatiso ya Itumelele go Tshelela Ruri! Gore e go tswele mosola, dira dilo tse di latelang fa o tshwere thuto ya Baebele.

Pele o tshwara thuto

  1. 1. Baakanyetsa sentle. Fa o ntse o baakanyetsa, akanya ka dilo tse motho yo o ithutang le ene a tshwenyegileng ka tsone, maemo a gagwe le se a se dumelang. Leka go akanya gore ke dilo dife tse go ka nnang thata gore a di tlhaloganye kgotsa a di dirise. Bona gore o ka dirisa jang tshedimosetso e e mo karolong ya “Dintlha Tse Dingwe” go thusa motho yo o ithutang le ene fa o tshwere thuto.

Fa o tshwere thuto

  1. 2. Fa e le gore motho yo o ithutang le ene o a dumela, rapelang pele lo simolola go bala le fa lo fetsa.

  2. 3. O se ka wa bua thata. Dirisa dintlha tse di mo kgatisong, mme o mo letle gore e nne ene a buang.

  3. 4. Fa lo simolola karolo nngwe le nngwe, bala ntlha e e reng “Se go Tlotliwang ka Sone,” go tswa foo o bo o bala ditlhogo tsa dithuto dingwe.

  4. 5. Kwa bofelong jwa karolo nngwe le nngwe go na le poeletso. E dirise go thusa motho yo o ithutang le ene go gopola se a se ithutileng.

  5. 6. Mo thutong nngwe le nngwe:

    1. Balang dirapa.

    2. Balang ditemana tse di kwadilweng “Bala.”

    3. Fa go tlhokega, balang ditemana tse dingwe tse di tlhagang.

    4. Tshameka dibidio tsotlhe tse di kwadilweng “Tshameka” (fa o kgona go dira jalo).

    5. Botsa motho yo o ithutang le ene dipotso tsotlhe tse di tlhagang.

    6. Mo kope gore a lebe ditshwantsho tse di tlhagang mo karolong ya “Ithute mo go Oketsegileng” a bo a di tlhalose.

    7. Dirisa lebokoso la “Leka go Dira Seno” go mo thusa gore a bone diphetogo tse a kgonneng go di dira. O ka mo kgothaletsa gore a dire se se kwadilweng, a ipeele mekgele e mengwe kgotsa a di dire tsotlhe.

    8. Mmotse gore a go na le ditlhogo kgotsa dibidio dingwe tse a di ratileng mo karolong ya “Dintlha Tse Dingwe” fa a ne a baakanyetsa.

    9. Fa lo tshwere thuto, lekang go e fetsa yotlhe.

Fa o sena go tshwara thuto

  1. 7. Nna o akantse ka motho yo o ithutang le ene. Kopa Jehofa gore a mo thuse go dira diphetogo le gore a go neye botlhale jwa go lemoga gore o ka mo thusa jang.