Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba ba Rategang:

Go rata Modimo le batho go re tlhotlheletsa gore re ‘ye kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe mme re ba dire barutwa, re bo re ba kolobetse.’ (Math. 28:19, 20; Mar. 12:28-31) Fa re rata batho, re tla kgona go thusa ba ‘dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go amogela boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng.’—Dit. 13:48.

Mo nakong e e fetileng, re ne re leka go tshwarelela se re ka se buang mo bodireding le go tlogelela batho dikgatiso. Mme gone jaanong re batla go tokafatsa tsela e re tlotlang le batho ka yone. Re batla go ba bontsha gore re a ba rata ka go bua le bone ka dilo tse ba di ratang. Seno se raya gore re tshwanetse go fetofetoga le maemo le go leka go bona gore motho yo re buang le ene o tshwenyegile ka eng kgotsa o rata eng. Boroutšhara jono bo tla re thusa jang go dira seo?

Boroutšhara jono bo na le dithuto di le 12, tse di tlotlang ka dinonofo tse re tshwanetseng go nna le tsone gore re kgone go bontsha gore re rata batho le go dira barutwa. Thuto nngwe le nngwe e theilwe mo pegong ya Baebele e e re thusang go bona kafa Jesu kgotsa Mokeresete mongwe wa bogologolo a ileng a bontsha nonofo nngwe ka gone mo bodireding. Boroutšhara jono ga bo a direlwa go re thusa gore re tshwarelele se re ka tlotlang ka sone mo bodireding. Go na le moo, bo diretswe go re thusa go bona gore re ka bontsha jang gore re rata batho. Ke nnete gore nonofo nngwe le nngwe e re tlileng go tlotla ka yone e botlhokwa mo bodireding. Mme gone, re tla lemoga gore dinonofo dingwe di botlhokwa thata fa re kopana le motho lekgetlo la ntlha, fa re dira maeto a go boela kgotsa fa re tshwere dithuto tsa Baebele.

Fa o bala thuto nngwe le nngwe, leka go bona gore o ka bontsha jang nonofo e go tlotliwang ka yone fa o le mo tshimong. Leka go dira gore tsela e o ratang Jehofa le batho ba bangwe ka yone e nne e oketsega. Go rata Jehofa le batho ke gone mo go tla go thusang gore o kgone go dira barutwa.

Re itumelela go dira mmogo le lona mo tirong eno ya botlhokwa. (Sefa. 3:9) Re rapelela gore Jehofa a tswelele a lo segofatsa fa lo ntse lo bontsha gore lo rata batho ba lo ba rerelang.

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa