Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O KOPANA LE MOTHO LEKGETLO LA NTLHA

THUTO 6

Nna Pelokgale

Nna Pelokgale

Molaomotheo: “Modimo o ne a re thusa gore re nne pelokgale go lo rerela dikgang tse di molemo.”—1 Bathes. 2:2.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Luke 19:1-7. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Goreng batho bangwe ba ka tswa ba ne ba sa rate go bua le Sakaio?

  2.   Mme ke eng se se dirileng gore Jesu a mo rerele?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Re tshwanetse go nna pelokgale gore re kgone go rerela mongwe le mongwe molaetsa wa Bogosi.

Etsa Jesu

3. Ikaege ka Jehofa. Moya wa Modimo o ile wa thusa Jesu gore a kgone go rera, mme le wena o ka go thusa. (Math. 10:19, 20; Luke 4:18) Kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale jwa go rerela batho ba o ka tswang o tshaba go bua le bone.—Dit. 4:29.

4. O se ka wa akanya gore batho ba ka se amogele molaetsa. Re ka nna ra okaoka go rerela batho ka ntlha ya tsela e ba lebegang ka yone, e ba tshelang ka yone, maemo a bone le dilo tse ba di dumelang. Nna o gopotse gore:

  1.    Jehofa le Jesu ba kgona go bona se se mo pelong, mme rona ga re kgone.

  2.   Jehofa a ka kgona go thusa mongwe le mongwe gore a fetoge.

5. Nna pelokgale, mme gape nna maitseo o bo o nne kelotlhoko. (Math. 10:16) O se ka wa ngangisana le batho. Emisa motlotlo fa motho a sa batle go reetsa kgotsa fa o ikutlwa o sa sireletsega.—Diane 17:14.