Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

Modimo o tshwana le rre yo o lorato. 1 Petere 5:6, 7

Modimo ke Mmopi wa rona mme o amega ka rona. Fela jaaka rre yo o botlhale le yo o lorato a ruta bana ba gagwe, Modimo le ene o ruta batho ba gagwe botlhe tsela e e molemolemo ya botshelo.

Modimo o re senolela dithuto tsa boammaaruri tse di re itumedisang le go re naya tsholofelo.

Fa o reetsa Modimo, o tla go kaela le go go sireletsa mme a go thuse go lebana le mathata.

Mme ga se gone gotlhe—o tla tshelela ruri!

Modimo a re: ‘Tlang kwa go nna. Reetsang, mme lo nne lo tshela.’ Isaia 55:3