Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 11

A Jehofa O a Re Reetsa?

A Jehofa O a Re Reetsa?

Modimo o utlwa dithapelo tsa rona. 1 Petere 3:12

Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) O batla gore re bue le ene go tswa pelong.

Rapela Jehofa fela.

Go na le dilo di le dintsi tse re ka di rapelelang. 1 Johane 5:14

Rapelela gore thato ya Modimo e dirwe kwa legodimong le mo lefatsheng.

Rapela ka leina la ga Jesu go bontsha gore o anaanela se a go diretseng sone.

Kopa Jehofa gore a go thuse go dira se se siameng. O ka nna wa rapelela le dijo, tiro, bonno, diaparo le botsogo.