Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 4

Ditlamorago Tsa go Reetsa Satane e Ile ya Nna Dife?

Ditlamorago Tsa go Reetsa Satane e Ile ya Nna Dife?

Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo, ka jalo ba ile ba swa. Genesise 3:6, 23

Efa o ile a reetsa noga mme a ja leungo. Morago ga moo, o ne a le naya Adame, mme le ene a le ja.

Se ba se dirileng se ne se le phoso—e ne e le boleo. Modimo o ne a ba leleka mo legaeng la bone la Paradaise.

Botshelo jo bone le bana ba bone ba neng ba bo tshela bo ne bo le thata. Ba ne ba tsofala mme ba swa. Ga ba a ka ba ya kwa lefelong lengwe la moya; ba ne ba sa tlhole ba le teng.

Baswi ga ba tshele, ba tshwana fela le lorole. Genesise 3:19

Rotlhe re a swa ka gonne re tswa mo go Adame le Efa. Baswi ga ba kgone go bona kgotsa go utlwa kgotsa go dira sepe fela.—Moreri 9:5, 10.

E ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa gore batho ba swe. Ka jalo, go ise go ye kae o tla tsosa batho botlhe ba ba suleng. Fa ba ka mo reetsa, ba tla tshelela ruri.