Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 3

Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?

Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?

Jehofa o ne a naya Adame le Efa dilo di le dintsi tse di molemo. Genesise 1:28

Jehofa o ne a bopa mosadi wa ntlha e bong Efa, mme a mo naya Adame gore e nne mosadi wa gagwe.—Genesise 2:21, 22.

Jehofa o ne a ba bopa ba na le megopolo le mebele e e itekanetseng, ba se na selabe sepe.

Legae la bone la Paradaise e ne e le tshimo ya Edene—lefelo le lentlentle le le nang le dinoka le ditlhare tsa maungo le diphologolo.

Jehofa o ne a bua le bone; a ba ruta. Fa ba ne ba ka mo reetsa, ba ne ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise.

Modimo o ne a laetse gore ba se ka ba ja mo go sengwe sa ditlhare tseo. Genesise 2:16, 17

Jehofa o ne a bontsha Adame le Efa setlhare sengwe sa maungo mo tshimong mme a ba bolelela gore fa ba ka ja maungo a sone ba tla swa.

Mongwe wa baengele o ne a tsuologela Modimo. Moengele yoo yo o bosula ke Satane Diabolo.

Satane o ne a sa batle gore Adame le Efa ba ikobele Jehofa. Ka jalo, o ne a dirisa noga gore e bolelele Efa gore fa a ka ja leungo la setlhare seo ga a kitla a swa, go na le moo o ne a tla tshwana le Modimo. Boammaaruri ke gore seo e ne e le maaka.—Genesise 3:1-5.