Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

Re Reetsa Modimo ka Tsela Efe?

Re Reetsa Modimo ka Tsela Efe?

Modimo o bua le rona ka Baebele. 2 Timotheo 3:16

Modimo wa boammaaruri o ile a laela banna bangwe gore ba kwale dikakanyo tsa gagwe mo bukeng e le nngwe e e boitshepo. Buka eo ke Baebele. E na le tshedimosetso ya botlhokwa e Modimo a batlang gore o e itse.

Modimo ke Motswedi wa botlhale jotlhe mme o itse se se ka re solegelang molemo. Ruri o tla nna botlhale fa o ka mo reetsa. —Diane 1:5.

Modimo o batla gore batho botlhe mo lefatsheng ba bale Baebele. Gone jaanong, e teng ka dipuo di le dintsi.

Fa o batla go reetsa Modimo, o tshwanetse go bala Baebele le go e tlhaloganya.

Batho gongwe le gongwe ba a reetsa. Mathaio 28:19

Basupi ba ga Jehofa ba ka go thusa go tlhaloganya Baebele.

Ba ruta boammaaruri ka Modimo mo lefatsheng lotlhe.

Thuto eo ke mahala. Gape o ka ithuta ka Modimo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona.