Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 7

Baswi ba Tla Tsoga!

Baswi ba Tla Tsoga!

1-3. Rotlhe re mo dikgoleng tsa eng mme Jehofa o tla re golola jang?

AKANYA fela o tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya molato o o sa o dirang. Go bonala o se kitla o tsamaya o gololwa. Ga go bonale dilo di tla tsamaya di siama e bile ga go sepe se o ka se dirang. Fa o setse o ineetse, o utlwalela ka mongwe yo o nang le dithata tsa go go golola le gore o solofetsa go dira jalo! O ne o tla ikutlwa jang?

2 Rotlhe re mo dikgoleng tsa loso. Ga re na kgoro ya botso. Mme Jehofa o na le maatla a go re golola mo losong e bile o solofetsa gore “loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.

3 Ruri go nametsa pelo go itse gore letsatsi lengwe ga re kitla re akanya ka loso gotlhelele! Mme Jehofa ga a kitla a fedisa loso fela. Gape o tla tsosa batho ba ba setseng ba sule. A o a itse gore seo se raya eng? Se raya gore Modimo o tla tsosa batho “ba ba se nang maatla mo losong.” (Isaia 26:19) Baebele e bitsa tiragalo eo e re ke tsogo ya baswi.

FA MONGWE YO RE MO RATANG A TLHOKAFALA

4. (a) Ke eng se se ka re gomotsang fa mongwe wa losika kgotsa tsala e re e ratang e tlhokafetse? (b)  Ditsala dingwe tsa ga Jesu e ne e le bomang?

4 Go utlwisa botlhoko tota go tlhokafalelwa ke mongwe wa losika kgotsa tsala e re e ratang thata. Ga go sepe se re ka se dirang go mo tsosa. Mme Baebele e a re gomotsa. (Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.) A re tlotle ka sekai se se bontshang kafa Jehofa le Jesu ba eletsang ka gone go tsosa batho ba re ba ratang ba ba suleng. Jesu o ne a tlhola a etela Lasaro mmogo le bokgaitsadie e bong Maratha le Marea. Batho bano e ne e le ditsala tsa ga Jesu. Baebele ya re: “Jesu o ne a rata Maratha le monnawe le Lasaro.” Mme letsatsi lengwe, Lasaro o ne a tlhokafala.—Johane 11:3-5.

5, 6. (a) Jesu o ne a dira eng fa a bona ba losika lwa ga Lasaro le ditsala ba hutsafetse? (b) Go itse kafa Jesu a neng a ikutlwa ka gone ka loso go re gomotsa jang?

5 Jesu o ne a ya go gomotsa Maratha le Marea. Fa Maratha a utlwa gore Jesu o mo tseleng, o ne a tswa a ya go mo kgatlhantsha. O ne a itumetse fa a bona Jesu mme o ne a mo raya a re: “Fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” Maratha o ne a tsaya gore Jesu o diegile. Jesu o ne a utlwa botlhoko fa a bona Marea a lela mme le ene o ne a lela. (Johane 11:21, 33, 35) O ne a utlwa botlhoko jo re bo utlwang fa re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang.

6 Go itse gore Jehofa le Jesu ba tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone fa re swetswe, go re gomotsa thata. (Johane 14:9) Jehofa o na le maatla a go nyeletsa loso e bile o solofetsa gore o tla dira jalo mo nakong e e sa feditseng pelo.

“LASARO, TSWA!”

7, 8. Ke eng fa Maratha a ne a sa batle gore leje le tlosiwe, mme Jesu o ne a dira eng?

7 Fa Jesu a goroga kwa setopo sa ga Lasaro se neng se laditswe gone, o ne a fitlhela lebitla le tswetswe ka leje le legolo. O ne a re: “Tlosang leje.” Mme Maratha o ne a sa batle. Setopo sa ga Lasaro se ne se le mo lebitleng leo malatsi a le manê. (Johane 11:39) Maratha o ne a sa itse gore Jesu o tla tloga a dira eng.

Akanya fela kafa ba losika le ditsala tsa ga Lasaro ba neng ba itumetse ka gone fa a ne a tsosiwa!—Johane 11:38-44

8 Jesu o ne a raya Lasaro a re: “Tswa!” Maratha le Marea ba ne ba gamaregile. “Monna yo o neng a sule a tswa, dinao tsa gagwe le diatla di hapilwe ka dihapi.” (Johane 11:43, 44) Lasaro o ne a tsositswe mo baswing! O ne a kopana le ditsala le masika. Ba ne ba mo tshwara le go bua le ene. Eo e ne e le kgakgamatso tota! Jesu o ne a tsositse Lasaro.

“MORWEETSANA, KE A GO RAYA, TSOGA!”

9, 10. (a) Ke mang yo o neng a naya Jesu maatla a go tsosa baswi? (b) Ke eng fa dipego tsa tsogo ya baswi di le botlhokwa mo go rona?

9 A Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe go tsosa baswi? Nnyaa. Pele a tsosa Lasaro, o ne a rapela mme Jehofa a mo naya maatla a go tsosa Lasaro. (Bala Johane 11:41, 42.) Lasaro ga se ene fela yo o ileng a tsosiwa. Baebele e na le pego ya mosetsana wa dingwaga tse 12 yo o neng a lwala fela thata. Rraagwe mosetsana yoo e bong Jairo, o ne a sa itse gore a direng mme a kopa Jesu gore a fodise morwadie. E ne e le ene fela ngwana wa gagwe wa go tshega le go tlhonama. Fa Jairo a ntse a bua le Jesu, banna bangwe ba ne ba tla mme ba re: “Morwadio o sule! Ke ka ntlha yang o sa ntse o tshwenya moruti?” Mme Jesu o ne a raya Jairo a re: “Se boife, fela supa tumelo.” Jesu o ne a ya kwa lelapeng la ga Jairo. Fa ba ntse ba atamela ntlo ya gagwe, Jesu o ne a bona batho ba lela. O ne a ba raya a re: “Tlogelang go lela, gonne ga aa swa mme o robetse.” Batsadi ba ngwana yono ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore Jesu o raya jang. Jesu o ne a kopa batho gore ba tswe mo ntlong mme go sale batsadi ba ngwana fela. O ne a mo tshwara ka seatla mme a re: “Morweetsana, ke a go raya, Tsoga!” Batsadi ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota fa ba bona ngwana wa bone a tsoga a bo a tsamaya. Jesu o ne a tsositse morwadiabone. (Mareko 5:22-24, 35-42; Luke 8:49-56) Nako le nako fa ba bona morwadiabone, ba ne ba tla gakologelwa se Jehofa a se ba diretseng. *

10 Batho ba Jesu a neng a ba tsosa mo baswing, ga ba tlhole ba tshela gone jaanong. Mme se re se balang ka go tsosiwa ga bone se dira gore re nne le tsholofelo. Jehofa o batla go tsosa baswi, mme o tlile go dira jalo.

DIPEGO TSA TSOGO YA BASWI DI RE RUTA ENG?

Moaposetoloi Petere o tsosa Dorekase.—Ditiro 9:36-42

Elija o tsosa ngwana wa motlholagadi.—1 Dikgosi 17:17-24

11. Moreri 9:5 e re ruta eng ka boemo jwa ga Lasaro?

11 Baebele ya re “baswi . . . ga ba itse sepe gotlhelele.” Lasaro le ene o ne a le mo seemong seo. (Moreri 9:5) Go ne go ntse jaaka e kete Lasaro o ne a robetse. (Johane 11:11) Fa Lasaro a ne a le mo lebitleng, o ne a sa “itse sepe gotlhelele.”

12. Re itse jang gore Lasaro o ne a tsosiwa mo baswing?

12 Batho ba le bantsi ba ne ba le teng fa Jesu a tsosa Lasaro. Tota le baba ba ga Jesu ba ne ba itse gore Lasaro o ne a tsositswe mme seno e ne e le bosupi jwa gore baswi ba ka tsosiwa. (Johane 11:47) Batho ba le bantsi ba ne ba ya go etela Lasaro mme seo sa dira gore ba simolole go dumela gore Jesu o ne a rometswe ke Modimo. Baba ba ga Jesu ba ne ba sa rate seo, ka jalo, ba ne ba loga maano a go bolaya Jesu le Lasaro.—Johane 11:53; 12:9-11.

13. Re tlhomamisegile go le kana kang gore Jehofa o tla kgona go tsosa baswi?

13 Jesu o ne a re “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla tsosiwa. (Johane 5:28) Seno se raya gore Jehofa o tla tsosa batho botlhe ba a batlang go ba tsosa. Mme seo se tla tlhoka gore a gakologelwe sengwe le sengwe ka batho bao. A Modimo a ka kgona go dira jalo? Go na le dinaledi di le dibilione. Baebele ya re Jehofa o itse leina la nngwe le nngwe ya tsone. (Bala Isaia 40:26.) Fa e le gore Modimo o kgona go gopola leina la naledi nngwe le nngwe, seo se raya gore o kgona go gopola sengwe le sengwe ka motho yo a tlileng go mo tsosa. Sa botlhokwa le go feta, Jehofa ke ene a bopileng sengwe le sengwe, ka jalo, re a itse gore o na le maatla a go tsosa batho.

14, 15. Mafoko a ga Jobe a re ruta eng ka tsogo ya baswi?

14 Jobe o ne a dumela gore baswi ba tla tsoga. O ne a botsa a re: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” Mme o ne a raya Jehofa a re: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” Jobe o ne a itse gore Jehofa o beile nako e a tla tsosang baswi ka yone.—Jobe 14:13-15.

15 O ikutlwa jang go bo o itse gore go tlile go nna le tsogo ya baswi? Gongwe o ipotsa go re: ‘A ba masika le ditsala ba tla tsosiwa?’ Re gomodiwa ke go itse gore Jehofa o batla go tsosa baswi. A re bone gore Baebele ya re go tla tsosiwa bomang le gore ba tla nna kae fa ba sena go tsosiwa.

‘BA TLA UTLWA LENTSWE LA GAGWE MME BA TLA TSWA’

16. Batho ba ba tla tsosiwang ba tla tshela mo lefatsheng le le ntseng jang?

16 Batho ba ba neng ba tsosiwa mo nakong e e fetileng, ba ne ba boa ba kopana gape le ba masika le ditsala tsa bone. Go tla nna fela jalo le mo nakong e e tlang mme go tla nna botoka go feta pele. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ba tla tsosiwang ba tla nna le tshono ya go tshelela ruri ba sa swe. Mme ba tla tshela mo lefatsheng le le se nang dintwa, bokebekwa le bolwetse.

17. Ke bomang ba ba tla tsosiwang?

17 Ke bomang ba ba tla tsosiwang? Jesu o ne a re ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’ (Johane 5:28, 29) Tshenolo 20:13 le yone ya re: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese [kgotsa Lebitla] tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.” Batho ba ba suleng ba tla boa ba tshela gape. Moaposetoloi Paulo o ne a re go tla nna le tsogo ya “ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Bala Ditiro 24:15.) Seo se kaya eng?

Baswi ba tla tsosiwa mme ba tla boa ba kopana gape le baratiwa ba bone

18. Batho “ba ba siameng” ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ke bomang?

18 Batho “ba ba siameng” ba akaretsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela pele Jesu a tla mo lefatsheng. Batho ba ba jaaka Noa, Aborahame, Sara, Moshe, Ruthe le Esethere ba tla tsosiwa gore ba tshele mo lefatsheng. O ka bala ka bone mo go Bahebera kgaolo 11. Go tla direga eng ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba swang mo nakong eno ya rona? Le bone ‘ba siame,’ ke ka moo ba tla tsosiwang.

19. Batho “ba ba sa siamang” ke bomang? Jehofa o tla ba naya tshono ya go dira eng?

19 “Ba ba sa siamang” ba akaretsa batho ba le dimilione ba ba sa nnang le tshono ya go itse Jehofa. Jehofa ga a kitla a ba lebala. O tla ba tsosa gore ba nne le tshono ya go ithuta ka ene le go mo direla.

20. Ke eng fa go se kitla go tsosiwa mongwe le mongwe?

20 A seno se raya gore mongwe le mongwe yo o suleng o tla tsosiwa? Nnyaa. Jesu o ne a re go tla nna le batho ba ba se kitlang ba tsosiwa. (Luke 12:5) Ke mang yo o tla dirang tshwetso ya gore ke bomang ba ba tla tsosiwang le gore ke bomang ba ba se kitlang ba tsosiwa? Jehofa ke ene a dirang tshwetso ya makgaolakgang mme o neile Jesu tshwanelo ya “go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.” (Ditiro 10:42) Motho yo o dirang dilo tse di bosula e bile a sa batle go fetoga, ga a kitla a tsosiwa.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 19.

BA BA TSOSIWANG GO YA GO TSHELA KWA LEGODIMONG

21, 22. (a) Go direga eng ka batho ba ba tsosiwang go ya go tshela kwa legodimong? (b) Motho wa ntlha go tsosiwa go ya go ya tshela kwa legodimong ke mang?

21 Baebele ya re go na le batho ba ba tla yang go tshela kwa legodimong. Ga ba tsosiwe ba na le mebele e e tshwanang le ya rona, go na le moo, ba tsosiwa gore ba kgone go ya go tshela kwa legodimong e le baengele.

22 Jesu ke ene motho wa ntlha go tsosiwa ka tsela eo. (Johane 3:13) Jehofa o ne a mo tsosa morago ga malatsi a le mararo. (Pesalema 16:10; Ditiro 13:34, 35) Jesu ga a tsosiwa a na le mmele o o tshwanang le wa rona. Moaposetoloi Petere a re Jesu o ne a “bolawa mo nameng, mme a tshedisiwa mo moyeng.” (1 Petere 3:18) Jesu o ne a tsosiwa e le moengele yo o nang le maatla a magolo! (1 Bakorintha 15:3-6) Mme Baebele ya re ga se ene wa bofelo go tsosiwa ka tsela eo.

23, 24. “Letsomanyane” le Jesu a neng a bua ka lone ke bomang mme ba kae ka palo?

23 Pele Jesu a bolawa, o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo.” (Johane 14:2) Seno se raya gore balatedi bangwe ba ga Jesu ba tla ya go tshela le ene kwa legodimong. Ke ba le kae? Jesu o ne a re ba mmalwa fela, ke “letsomanyane.” (Luke 12:32) Moaposetoloi Johane o ne a bona Jesu a “eme mo Thabeng [e e kwa legodimong] ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manê le bonê [kgotsa 144 000].”—Tshenolo 14:1.

24 Bakeresete ba ba 144 000 ba tla tsosiwa leng? Baebele ya re seno se tla direga fa Keresete a sena go nna kgosi kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:23) Re tshela mo go yone nako eo, mme bontsi jwa ba ba 144 000 ba setse ba tsositswe e bile ba kwa legodimong. Fa ba ba sa ntseng ba setse mo lefatsheng ba tlhokafala, ka ponyo ya leitlho fela ba tla tsosiwa go ya go tshela kwa legodimong. Mme batho ba le bantsi ba tla tsosiwa gore ba tshele mo lefatsheng le le tla bong le fetotswe go nna Paradaise.

25. Re tla ithuta ka eng mo kgaolong e e latelang?

25 Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tla golola batho mo losong mme loso lo tla nyelediwa gotlhelele! (Bala Isaia 25:8.) Mme ba ba yang kwa legodimong, ba ya go dira eng koo? Baebele ya re ba tla busa le Jesu mo pusong ya gagwe. Re tla ithuta mo go oketsegileng ka puso eo mo kgaolong e e latelang.

^ ser. 9 Go na le dipego tse dingwe mo Baebeleng tse di buang ka bana le bagolo, banna le basadi, Baiseraele le batswakwa ba ba neng ba tsosiwa mo baswing. O ka bala ka tsone mo go 1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21; Mathaio 28:5-7; Luke 7:11-17; 8:40-56; Ditiro 9:36-42; 20:7-12.