Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 8

Baba ba Modimo ke Bomang?

Baba ba Modimo ke Bomang?

Mmaba yo mogolo wa Modimo ke Satane Diabolo. Ke sebopiwa sa moya se se neng sa tsuologela Jehofa. Satane o ntse a tsweletse a lwa le Modimo mme o bakela batho matshwenyego. Satane o bosula. Ke moaki e bile ke mmolai.—Johane 8:44.

Dibopiwa tse dingwe tsa moya di ne tsa kopanela le Satane fa a tsuologela Modimo. Baebele e di bitsa madimona. Jaaka Satane, madimona ke baba ba batho. A rata go utlwisa batho botlhoko. (Mathaio 9:32, 33; 12:22) Jehofa o tla senya Satane le madimona a gagwe ka bosakhutleng. Ba saletswe ke nako e khutshwane fela gore ba tshwenye batho.—Tshenolo 12:12.

Fa o batla go nna tsala ya Modimo, o se ka wa dira se Satane a batlang gore o se dire. Satane le madimona ba tlhoile Jehofa. Ke baba ba Modimo, mme ba batla go go dira mmaba wa Modimo. O tshwanetse go tlhopha gore o batla go itumedisa mang—Satane kgotsa Jehofa. Fa e le gore o batla botshelo jo bo sa khutleng, o tshwanetse go tlhopha go dira thato ya Modimo. Satane o na le maano le ditsela tse dintsi tse a tsietsang batho ka tsone. Batho ba le bantsi ba tsiediwa ke ene.—Tshenolo 12:9.