Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 16

Bontsha Gore o Rata Modimo

Bontsha Gore o Rata Modimo

Gore o tswelele o na le tsala, o tshwanetse go bua le yone. O a e reetsa le yone e a go reetsa. Gape o bua dilo tse di molemo ka tsala ya gago mo go ba bangwe. Go a tshwana le ka go nna tsala ya Modimo. Akanya ka se Baebele e se buang ka seno:

Bua le Jehofa ka metlha ka thapelo. “Nnelang ruri mo thapelong.”—Baroma 12:12.

Bala Lefoko la Modimo, Baebele. “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

Ruta ba bangwe ka Modimo. “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Atamalana le ditsala tsa Modimo. “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

Nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, . . . re kgothatsana.”—Bahebera 10:24, 25.

Thusa go ema tiro ya Bogosi nokeng. “A mongwe le mongwe a [neye] fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 9:7.