Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 11

Gana Bodumedi Jwa maaka!

Gana Bodumedi Jwa maaka!

Satane le madimona a gagwe ga ba batle gore o direle Modimo. Ba batla go dira gore mongwe le mongwe a fularele Modimo fa ba ka kgona. Ba leka go dira seno jang? Tsela e nngwe ke ka bodumedi jwa maaka. (2 Bakorintha 11:13-15) Bodumedi ke jwa maaka fa bo sa rute boammaaruri jwa Baebele. Bodumedi jwa maaka bo tshwana le madi a e seng a mmatota—a kgona go lebega e kete ke a mmatota, mme ga a na mosola. A ka go tsenya mo mathateng a magolo.

Maaka a bodumedi le ka motlha a ka se ka a itumedisa Jehofa, Modimo wa boammaaruri. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, go ne go na le setlhopha sa bodumedi se se neng se batla go mmolaya. Ba ne ba akanya gore tsela e ba neng ba obamela ka yone e ne e siame. Ba ne ba re: “Re na le Rre a le mongwe, e bong Modimo.” A Jesu o ne a dumalana le seo? Nnyaa! O ne a ba raya a re: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo.” (Johane 8:41, 44) Gompieno batho ba bantsi ba akanya gore ba obamela Modimo, mme tota ba direla Satane le madimona a gagwe!—1 Bakorintha 10:20.

Fela jaaka setlhare se se bodileng se ntsha maungo a a bodileng, bodumedi jwa maaka bo ntsha batho ba ba dirang dilo tse di bosula. Lefatshe le tletse matshwenyego ka ntlha ya dilo tse di maswe tse batho ba di dirang. Go na le boitsholo jo bo sa siamang, go lwa, bogodu, kgatelelo, polao le go betelela. Bontsi jwa batho ba ba dirang dilo tse di bosula tseno ba na le bodumedi, mme bodumedi jwa bone ga bo ba tlhotlheletse gore ba dire se se molemo. Ga ba ka ke ba nna ditsala tsa Modimo fa ba sa tlogele go dira dilo tse di bosula.—Mathaio 7:17, 18.

Bodumedi jwa maaka bo ruta batho go rapela medimo e e itiretsweng. Modimo a re go se ka ga rapelwa medimo e e itiretsweng. Seno se a utlwala. A o ne o ka rata fa motho mongwe a ne a se ka a go buisa mme a buisa setshwantsho sa gago? A motho yo o ntseng jalo e ka nna tsala ya gago ya boammaaruri? Nnyaa, a ka se ke. Jehofa o batla gore batho ba mmuise, e seng gore ba buise sefikantswe kgotsa setshwantsho, se se sa tsheleng.—Ekesodo 20:4, 5.

Bodumedi jwa maaka bo ruta gore go siame fela go bolaya ba bangwe ka nako ya ntwa. Jesu o ne a re ditsala tsa Modimo di ne di tla ratana. Ga re bolaye batho ba re ba ratang. (Johane 13:35) E bile go phoso go bolaya le bone batho ba ba bosula. Fa baba ba ga Jesu ba ne ba tla go mo tshwara, ga a ka a raya barutwa ba gagwe a re ba lwe gore ba mo sireletse.—Mathaio 26:51, 52.

Bodumedi jwa maaka bo ruta gore baikepi ba tla boga mo molelong wa dihele. Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore boleo bo isa losong. (Baroma 6:23) Jehofa ke Modimo yo o lorato. A Modimo yo o lorato a ka bogisa batho ka bosakhutleng? Le e seng! Mo Paradaiseng, go tla nna le bodumedi bo le bongwefela, jo Jehofa a bo amogelang. (Tshenolo 15:4) Ditumelo tsotlhe tse di theilweng mo maakeng a ga Satane di tla bo di seyo.