Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 13

Maselamose le Boloi Ga di A Siama

Maselamose le Boloi Ga di A Siama

Satane o batla gore o dire maselamose. Batho ba le bantsi ba direla bagologolwane kgotsa meya ditlhabelo gore ba itshireletse mo go gobaleng. Ba dira seno ka gonne ba tshaba maatla a lefatshe la meya. Ba rwala dipalamonwana tsa maselamose kgotsa maseka. Ba a nwa kgotsa ba itshasa “melemo” e gotweng e na le maatla a boselamose. Batho ba bangwe ba fitlha dilo tse ba dumelang gore di na le maatla a go ba sireletsa, mo magaeng a bone kgotsa mo mmung. Ba bangwe ba dirisa “molemo” wa maselamose ka gonne ba dumela gore o tla dira gore ba atlege mo go tsa kgwebo, mo ditlhatlhobong tsa sekolo, kgotsa fa ba ratana le mongwe.

Se se ka go sireletsang mo go Satane ke gore Jehofa e nne tsala ya gago. Jehofa Modimo le baengele ba gagwe ba maatla thata go feta Satane le madimona a gagwe. (Jakobe 2:19; Tshenolo 12:9) Jehofa o batla go bontsha nonofo ya gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe—tse di ikanyegang mo go ene ka botlalo.—2 Ditiragalo 16:9.

Lefoko la Modimo la re: “Lo se ka lwa dira maselamose.” Jehofa o kgala maselamose le boloi ka gonne dilo tseo di ka tsenya motho kafa tlase ga taolo ya ga Satane Diabolo.—Lefitiko 19:26.