Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 2

Modimo ke Tsala E e Di Gaisang Tsotlhe E o Ka Nnang le Yone

Modimo ke Tsala E e Di Gaisang Tsotlhe E o Ka Nnang le Yone

Go nna tsala ya Modimo ke selo se se molemolemo se se ka go diragalelang. Modimo o tla go ruta gore o ka dira jang gore o itumele le gore o ikutlwe o sireletsegile; o tla go golola mo ditumelong tse dintsi tse di phoso le mo mekgweng e e kotsi. O tla reetsa dithapelo tsa gago. O tla go thusa go nna le kagiso ya mogopolo le tshepo. (Pesalema 71:5; 73:28) Modimo o tla go tshegetsa mo dinakong tsa matshwenyego. (Pesalema 18:18) E bile Modimo o go naya mpho ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.

Fa o atamalana le Modimo, o tla atamalana le ditsala tsa Modimo. Le bone ba tla nna ditsala tsa gago. E bile tota, ba tla nna jaaka bomorwarrago le bomorwadiarrago. Ba tla itumelela go go ruta ka Modimo mme ba tla go thusa le go go kgothatsa.

Ga re lekane le Modimo. Fa o batla go nna tsala ya Modimo, o tshwanetse go tlhaloganya ntlha nngwe ya botlhokwa. Go nna tsala ya Modimo ga go tshwane le go nna tsala le motho yo o lekanang le ene. O mogolo thata e bile o botlhale thata gape o nonofile go re feta. Go a tshwanela gore e be e le Mmusi wa rona. Ka jalo fa re batla go nna tsala ya gagwe, re tshwanetse go mo reetsa mme re dire se a re bolelelang gore re se dire. Seno se tla re solegela molemo ka metlha.—Isaia 48:18.