Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 5

Ditsala Tsa Modimo di Tla Nna mo Paradaiseng

Ditsala Tsa Modimo di Tla Nna mo Paradaiseng

Paradaise ga e na go tshwana le lefatshe le re nnang mo go lone gompieno. Modimo ga a ise a ko a batle gore lefatshe le tlale ka matshwenyego le kutlobotlhoko, botlhoko le tshotlego. Mo isagweng, Modimo o tla dira lefatshe paradaise. Paradaise e tla nna jang? A re bone gore Baebele ya reng:

Batho ba ba siameng. Paradaise e tla nna legae la ditsala tsa Modimo. Di tla direlana dilo tse di molemo. Di tla tshela go ya ka ditsela tse di siameng tsa Modimo.—Diane 2:21.

Letlepu la dijo. Mo Paradaiseng, ga go na go nna le tlala. Baebele ya re: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka [kgotsa, dijo] di le dintsi mo lefatsheng.”—Pesalema 72:16.

Matlo a mantle le tiro e e itumedisang. Mo lefatsheng la Paradaise, lelapa lengwe le lengwe le tla nna le legae la lone. Mongwe le mongwe o tla dira tiro e e mo itumedisang tota.—Isaia 65:21-23.

Kagiso lefatshe ka bophara. Batho ba ka se tlhole ba tlhabana ba bo ba swela mo dintweng. Lefoko la Modimo la re: “[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse.”—Pesalema 46:8, 9.

Botsogo jo bo molemo. Baebele e solofetsa jaana: “Ga go na monni ope [wa Paradaise] yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Gape, ga go na ope yo o tla bong a tlhotsa kgotsa a le sefofu kgotsa a le susu kgotsa a le semumu.—Isaia 35:5, 6.

Botlhoko, bohutsana, le loso di tla fela. Lefoko la Modimo la re: “Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

Batho ba ba bosula ba tla bo ba seyo. Jehofa o solofetsa jaana: “Baikepi . . . ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—Diane 2:22.

Batho ba tla ratana e bile ba tla tlotlana. Go ka se tlhole go na le go tlhoka tshiamiso, kgatelelo, bopelotshetlha le letlhoo. Batho ba tla utlwana e bile ba tla tshela mmogo go dumalana le ditsela tsa Modimo tse di siameng.—Isaia 26:9.