Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 6

Paradaise e Gaufi!

Paradaise e Gaufi!

Dilo tse di bosula tse di diregang gone jaanong mo lefatsheng di bontsha gore Paradaise e gaufi. Baebele e boletse gore re tla bona metlha e e boifisang pele fela ga Paradaise e tla. Re tshela mo metlheng eo gone jaanong! Dingwe tsa dilo tse Baebele e boletseng gore di tla direga ke tseno:

Dintwa tse dikgolo. “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Boporofeti jono bo diragetse. Fa e sale ka ngwaga wa 1914 go nnile le dintwa tse pedi tsa lefatshe le dintwa tse dintsi tse dipotlana. Go sule batho ba le dimilione mo go tsone.

Malwetse a a anameng. Go tla nna “mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo.” (Luke 21:11) A seno se diragetse? Ee. Kankere, bolwetse jwa pelo, kgotlholo e tona, malaria, AIDS, le malwetse a mangwe a bolaile batho ba le dimilione.

Tlhaelo ya dijo. Go ralala lefatshe go na le batho ba ba se nang dijo tse di lekaneng gore ba di je. Batho ba le dimilione ba bolawa ke tlala ngwaga le ngwaga. Seno ke sesupo se sengwe sa gore Paradaise e gaufi. Baebele ya re: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.”—Mareko 13:8.

Dithoromo tsa lefatshe. “Go tla nna le . . . dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:7) Seno le sone se diragetse mo motlheng wa rona. Batho ba feta milione ba bolailwe ke dithoromo tsa lefatshe fa e sale go tloga ka 1914.

Batho ba ba boikepo. Batho e tla nna “barati ba madi” le “baithati.” Ba tla nna “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” Bana ba tla nna “ba ba sa utlweng batsadi.” (2 Timotheo 3:1-5) A ga o dumalane gore go na le batho ba bantsi ba ba ntseng jalo gompieno? Ga ba tlotle Modimo, e bile ba tshwenya ba ba lekang go ithuta ka Modimo.

Bokebekwa. Go tla nna le “go oketsega ga go tlhoka molao.” (Mathaio 24:12) O tshwanetse wa bo o dumela gore bokebekwa bo maswe go feta kafa go neng go ntse ka teng mo dingwageng tse di fetileng. Batho gongwe le gongwe ba mo kotsing ya gore ba ka kgothotswa, ba tsiediwa kgotsa ba utlwisiwa botlhoko.

Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo gaufi. Baebele ya re: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Luke 21:31) Bogosi jwa Modimo ke eng? Ke puso ya Modimo ya selegodimo e e tla tlisang Paradaise mo lefatsheng leno. Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya boemo jwa dipuso tsa batho.—Daniele 2:44.