Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 7

Tlhagiso go Tswa mo nakong e e Fetileng

Tlhagiso go Tswa mo nakong e e Fetileng

Jehofa ga a na go letlelela batho ba ba bosula gore ba senye Paradaise. Ke ditsala tsa gagwe fela tse di tla nnang mo go yone. Ke eng se se tla diragalelang batho ba ba bosula? Gore o itse karabo, sekaseka kgang ya ga Noa e e boammaaruri. Noa o tshedile diketekete tsa dingwaga tse di fetileng. E ne e le monna yo o siameng yo ka metlha a neng a leka ka natla go dira thato ya ga Jehofa. Mme batho ba bangwe mo lefatsheng ba ne ba dira dilo tse di bosula. Ka jalo Jehofa o ne a bolelela Noa gore O ne a tlile go tlisa morwalela gore a fedise batho botlhe ba ba boikepo bao. O ne a bolelela Noa gore a age araka gore ene le ba lelapa la gagwe ba tle ba se ka ba swa fa Morwalela o tla.—Genesise 6:9-18.

Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba aga araka. Noa o ne a tlhagisa batho gore Morwalela o ne o tla, mme ga ba ka ba mo reetsa. Ba ne ba tswelela ba dira dilo tse di bosula. Fa araka e sena go wediwa, Noa o ne a tsenya diphologolo mo teng ga araka, mme ene le ba lelapa la gagwe le bone ba ne ba tsena mo teng. Go tswa foo Jehofa a tlisa pula ya matlakadibe. Pula e ne ya na malatsi a le 40 le masigo a le 40. Metsi a ne a rwalelela lefatshe lotlhe.—Genesise 7:7-12.

Baikepi ba ne ba swa, mme Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba bolokwa. Jehofa o ne a ba boloka mo Morwaleleng mme a ba baya mo lefatsheng le le phepafaditsweng le le se nang boikepo. (Genesise 7:22, 23) Baebele ya re nako e sa ntse e tla gape fa Jehofa a tla senya ba ba ganang go dira se se siameng. Batho ba ba siameng ga ba na go senngwa. Ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.—2 Petere 2:5, 6, 9.

Gompieno batho ba bantsi ba dira dilo tse di bosula. Lefatshe le tletse ka matshwenyego. Jehofa o romela Basupi ba gagwe gangwe le gape gore ba tlhagise batho, mme batho ba bantsi ga ba batle go reetsa mafoko a ga Jehofa. Ga ba batle go fetola ditsela tsa bone. Ga ba batle go amogela se Modimo a se buang ka se se siameng le se se sa siamang. Go tla diregang ka batho bano? A ba tla fetoga nako nngwe? Ba bantsi ba bone ba ka se fetoge. Nako e etla e baikepi ba tla senngwang mme ba ka se tlhole ba tshela gape.—Pesalema 92:7.

Lefatshe ga le na go senngwa; le tla dirwa paradaise. Ba ba nnang ditsala tsa Modimo ba tla tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng.—Pesalema 37:29.