Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dilo Tse Baitsesaense Ba sa Di Itseng

Dilo Tse Baitsesaense Ba sa Di Itseng

Baitsesaense ba ithutile dilo di le dintsi ka lobopo. Le fa go ntse jalo, go na le dipotso tsa botlhokwa tse ba sa kgoneng go di araba.

A baitsesaense ba kgona go tlhalosa gore lobopo le botshelo di simologile jang? Ka bokhutshwane fela re ka re nnyaa. Bangwe ba re baitsesaense ba ba ileng ba ithuta ka lobopo ba ka kgona go tlhalosa gore go tlile jang go re lo nne gone. Le fa go ntse jalo, Marcelo Gleiser yo o reng ga re ka ke ra kgona go itse gore a Modimo o teng kgotsa nnyaa e bile e le porofesa wa dinaledi kwa Dartmouth College a re: “Ga re ka ke ra tlhalosa gore lobopo lo simologile jang.”

Setlhogo sengwe se se mo makasineng wa Science News le sone se ile sa bua se se tshwanang ka botshelo, se a re: “Ga go kgonege gore re itse gore botshelo bo simologile jang mo Lefatsheng. Matlapa a bogologolo le masaledi a ditshedi tsa bogologolo tse di neng di ka re tlhalosetsa gore botshelo bo simologile jang mo Lefatsheng ga di tlhole di le teng.” Seno se bontsha gore saense ga e ise e arabe potso ya botlhokwa ya gore lobopo le botshelo di simologile jang?

Jaanong o ka tswa o ipotsa gore, ‘fa e le gore go na le mongwe yo o bopileng lefatshe, ke mang?’ Gape o ka tswa o ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘Fa e le gore go na le Mmopi yo o botlhale, goreng a letla batho ba boga? Goreng a letla gore go nne le dikereke tse dintsi jaana tse di sa dumalaneng ka dilo di le dintsi? Goreng a letla baobamedi ba gagwe ba dira dilo tse di bosula?’

Saense ga e kgone go araba dipotso tseo. Mme seo ga se reye gore ga re ka ke ra kgona go bona dikarabo tse di kgotsofatsang. Batho ba le bantsi ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng.

Go na le baitsesaense bangwe ba ba neng ba ithuta Baebele mme ba dumela gore go na le Mmopi. Fa o batla go itse gore ke eng ba dumela jalo tsena mo jw.org, o bo o senka “viewpoints on the origin of life.”