Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng Karabo e le Botlhokwa

Goreng Karabo e le Botlhokwa

Goreng go le botlhokwa go itse gore a go na le Mmopi? Fa e le gore dilo tse di tshelang di go bontsha gore go na le Modimo yo o maatla, o ka tswa o batla bosupi jo bo tla go tlhatswang pelo gore ke ene a kwadileng Baebele. Mme fa e le gore o tshepa Baebele e tla go thusa ka ditsela tse di latelang.

Botshelo jwa gago bo tla itumedisa le go feta

BAEBELE E A RE: ‘[Modimo o] dira dilo tse di molemo, o lo nesetsa dipula go tswa kwa legodimong e bile o lo naya dipaka tsa thobo e ntsi, gore lo nne le dijo tse lo ka di jang gore lo kgotsofale le gore lo itumele.’—Ditiro 14:17.

SE E SE KAYANG: Sengwe le sengwe sa tlho- lego se se mo lefatsheng ke mpho e e tswa- ng kwa Mmoping. O tla lebogela dilo tseno le go feta fa o lemoga gore Mmopi o a go kgathalela.

O tla bona kgakololo e e ka go thusang gone jaanong

BAEBELE E A RE: “Foo o tla tlhaloganya tshiamo, tshiamiso le go nna tekatekano, o tla tlhaloganya gore ke tsela efe e e siameng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.”—Diane 2:9.

SE E SE KAYANG: Modimo ke ene a re bopileng ka jalo o itse se re se tlhokang gore re kgone go itumela. Fa o ithuta Baebele o tla ithuta dilo di le dintsi tse di ka go thusang gone jaanong.

O tla bona dikarabo tsa dipotso tsa gago

BAEBELE E A RE: “Foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa.”—Diane 2:5.

SE E SE KAYANG: Go itse gore go na le Mmopi go tla go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tse di latelang: Re tshelela eng? Goreng batho ba boga jaana? Go direga eng ka rona fa re swa? O tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng.

O tla nna le tsholofelo

BAEBELE E A RE: “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.” —Jeremia 29:11.

SE E SE KAYANG: Modimo o solofetsa gore o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula tse di jaaka go boga le loso. Fa o tshepa ditsholofetso tsa Modimo o tla go thusa go nna pelokgale fa o lebana le mathata a letsatsi le letsatsi.