Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Dira Tshwetso?

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Dira Tshwetso?

“Botshelo bo itlhagela fela.” —Stephen Hawking le Leonard Mlodinow, bomankge ba fisikisi.

“Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Mafoko a Baebele, Genesise 1:1.

A lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone di bo- pilwe ke Modimo kgotsa di itlhagetse fela? Mafoko a bomankge ba fisikisi ba a buileng le a Baebele e a buileng a araba potso eno ka ditsela tse pedi tse di sa tshwaneng. Go na le batho ba ba dumalanang le bomankge bano le ba ba dumalanang le Baebele mme ba le bantsi ga ba itse gore ba dumele eng. Gantsi batho ba ngangisana ka kga- ng eno mo dibukeng le mo mananeong a thelebishene.

Gongwe o kile wa utlwa morutabana wa gago a re lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone di itlhagetse fela le gore ga go na yo o di bopileng. A o ne a ntsha bosupi jwa gore ruri ga go na Mmopi? Gongwe o kile wa utlwa baeteledipele bangwe ba re go na le Mmopi. A ba ne ba ntsha mabaka a a bontshang gore go na le Mmopi, kgotsa a ba ne ba go raya ba re o dumele mo Modimong le fa gone ba ne ba sa go naya bosupi jwa gore o teng?

Gongwe o kile wa akanya gore go na le Mmopi mme ga go na ope yo o kileng a go tlhalosetsa gore ruri o teng. Mme o ka tswa o ipotsa gore a tota o tlhoka go itse karabo ya potso eno.

Makasine ono wa Tsogang! o tlile go bua pele ka mabaka a dirileng gore batho bangwe ba dumele gore go na le Mmopi. Go tswa foo, o tla re tlhalosetsa lebaka la go bo karabo ya potso eno e le botlhokwa.