Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ba Di Gogang Kwa Pele mo go Tsa Kalafi

Ba ba Di Gogang Kwa Pele mo go Tsa Kalafi

Ba ba Di Gogang Kwa Pele mo go Tsa Kalafi

JOSÉ wa dingwaga tse 61, wa kwa Belgium yo o tswang kwa torotswaneng ya Oupeye, o ne a bolelelwa gore o tla tlhoka go tsenngwa sebete se sengwe. A re: “Ke ne ke tshogile tota.” Dingwaga di le masome a manè fela tse di fetileng, o ne o ka se ka wa akanya ka go tsenya motho sebete sa yo mongwe. Le e leng ka bo1970, e ne e le diperesente di le 30 fela tsa batho ba ba falolang morago ga karo e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba tlhola ba tsenngwa dibete tse dingwe, mme ba le bantsi ba tswelela pele ba tshela.

Mme go sa ntse go na le bothata jo bogolo. E re ka gantsi go tsenngwa sebete se sengwe go dira gore motho a dutle madi a mantsi thata, gantsi dingaka di tshela motho madi fa di dira karo eno. José o ne a gana madi ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Mme gone o ne a batla go tsenngwa sebete se sengwe. A go ka se kgonege? Bangwe ba ka nna ba akanya jalo. Mme le fa go ntse jalo, ngaka ya moari e e okametseng e ne e na le maikutlo a gore ene mmogo le badirikaene ba ne ba ka kgona go dira karo eno kwantle ga madi. Mme ba ne ba dira fela jalo! Malatsi a le 25 fela morago ga karo eno, José o ne a setse a boetse gae a na le mogatse le morwadie. *

Kalafi le karo tse go sa dirisiweng madi mo go tsone jaanong di setse di dirwa thata go feta pele ka thuso ya bokgoni jwa bao makasine wa Time o ba bitsang “bagaka ba tsa kalafi.” Mme ke ka ntlha yang fa e batlwa thata jaana? Go araba potso eo, a re tlhatlhobeng hisitori e e farafarilweng ke mathata ya go tshela batho madi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Basupi ba ga Jehofa ba tsaya karo ya go tsenngwa serwe sa motho yo mongwe e le kgang ya segakolodi sa motho ka boene.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Mo lefatsheng lotlhe, jaanong go na le dingaka tse di fetang 90 000 tse di boletseng fa di tla rata go alafa Basupi ba ga Jehofa kwantle ga madi