Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ba ne Ba Lapolosa Tota!’

‘Ba ne Ba Lapolosa Tota!’

‘Ba ne Ba Lapolosa Tota!’

BOSHENG jaana, mokaedimogolo wa hotele nngwe e e gaufi le boemafofane bongwe jwa ditšhabatšhaba kwa Japane o ne a etela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Ebina. O ne a lebega a itumetse thata. Ka ntlha yang?

Ka 1998, Basupi ba ba fetang 200 ba ne ba nna mo hoteleng ya mokaedi yono fa ba ne ba ya le fa ba boa kwa dikopanong tsa bone tsa ditšhabatšhaba kwa Afrika, Amerika Bokone, Australia le Korea. Fa badiri ba hotele eno ba ne ba tshwere pokano nngwe go tlotla ka ditiro tsa ngwaga o o fetileng, ba ne ba bolela gore mo baeng ba le 30 000 ba ba tlholang ba tla mo hoteleng eno ngwaga le ngwaga, bayakopanong bano ba ne ba kgatlha thata go feta botlhe ba ba neng ba ba direla.

Ka jalo, mokaedi yono wa hotele o ne a ya kwa Ebina go bontsha kanaanelo ya gagwe. O ne a bolela jaana: ‘Baeng bao, ba ne ba le maitseo thata mme ba ne ba tlogela diphaposi tsa bone di le phepa e bile di le bothakga. Gantsi ba ne ba anaanela. Mo godimo ga moo, ba ne ba re naya mafoko a a kgothatsang a a tswang mo Baebeleng. Ba ne ba lapolosa tota!’

Mokaedi yono o ne a tswelela jaana: ‘Re bona baeng ba le bantsi ba ba tshwenyegileng. Ka jalo re ntse re ba senkela tshedimosetso nngwe e e tla ba thusang. Re tla rata gore ba solegelwe molemo ke thuto ya Baebele ka gonne e tlhotlheletsa matshelo a batho ka tsela e e siameng.’

Ka ntlha ya seno, mokaedi yono o ne a kopa disete di le 80 tsa dikgatiso di le mmalwa tsa Basupi ba ga Jehofa gore a di beye mo diphaposing tsa hotele. Gareng ga dikgatiso tse a neng a di kopile go ne go na le buka ya ditsebe tse 192 ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Fa e le gore o tla rata go bona khopi ya buka eno, tsweetswee tlatsa setlankana se se fa tlase fano o bo o se romele kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng seno kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di bontshitsweng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

Nthomelelang buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.