Bommè ba ba Nang le AIDS ba Lebane le Mathata
Bommè ba ba Nang le AIDS ba Lebane le Mathata
CYNTHIA, * mosadi mongwe yo o nnang kwa West Indies, o ne a tshwanelwa ke go tlhopha magareng ga gore a o tla anyisa leseanyana la gagwe letsele kana botlolo. Tlhopho eno e ka lebega e le motlhofo. Mo godimo ga moo, ka masomesome a dingwaga bomankge ba tsa boitekanelo ba ile ba nna ba buelela mashi a mmangwana gore ke “dijo tse di itekanetseng go gaisa tsotlhe” mo maseeng. Mo godimo ga moo, masea a a anyang botlolo mo bathong ba ba humanegileng go ka direga ka makgetlho a a ka nnang 15 gore a bolawe ke letshololo go feta masea a a anyang letsele. Tota e bile, United Nations Children’s Fund (UNICEF) e bega gore bana ba ba ka nnang 4 000 ba a swa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya dikotsi tse di amanang le mashi a e seng a letsele.
Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng ya ga Cynthia, tshwetso e e malebana le gore a o ne a tlile go anyisa lesea la gagwe letsele kgotsa nnyaa, e ne e akaretsa kotsi e nngwe e e farologaneng gotlhelele. Monna wa gagwe o ne a mo tshwaeditse ka human immunodeficiency virus (HIV), e e bakang AIDS. Mme morago ga gore a belege, Cynthia o ne a utlwa gore ngwana yo mmagwe a nang le mogare wa HIV o na le kgonagalo ya 1 go 7 ya gore a ka tshwaediwa ka go anya letsele. * Ka jalo, o ne a tshwanelwa ke go dira tlhopho e e seng monate: gore a bee lesea la gagwe mo kotsing ya go anya letsele kana mo kotsing ya go anya botlolo.
Mo dikarolong tsa lefatshe tse bolwetse jono jwa leroborobo jwa AIDS bo tlhasetseng thata kwa go tsone, basadi ba le 2 kana ba le 3 mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba ba imileng ba na le mogare wa HIV. Kwa nageng nngwe, palo e e fetang halofo ya basadi botlhe ba ba imileng ba ba tlhatlhobilweng ba ne ba tshwaeditswe. UN Radio e bega jaana: “Dipalopalo tseno di dirile gore borasaense ba dire ka natla go batla tharabololo.” Go tsibogela matshosetsi ano, mekgatlho e le merataro ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ntshitse maitemogelo, maiteko, le madi a yone go bopa Thulaganyo e e Kopanetsweng ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya HIV/AIDS, e e itsegeng e le UNAIDS. * Le fa go ntse jalo, se UNAIDS e neng ya se fitlhela ke gore ga se kgetsi e potlana go rarabolola bothata jwa AIDS.
Dikgoreletsi Tse di Raraaneng Tse di Kgoreletsang Tharabololo e e Motlhofo
Go ya ka Edith White, mankge mo go tsa go anya ga ngwana letsele le go tshwaediwa ga ngwana ke mmagwe ka mogare wa HIV, badiri ba tsa boitekanelo ba gakolola bommè ba ba nang le mogare wa HIV ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng gore ba se ka ba anyisa bana ba bone letsele, ka gonne seno se batla se menaganya kotsi ya gore lesea le tshwaediwe. Go dirisa mashi a poere a masea go lebega e le yone tsela e e utlwalang. Le fa go ntse jalo,
mo dinageng tse di tlhabologang—koo go diregang ka bonako fela gore dikgopolo tse dintle di felele ka ditlamorago tse di sa itumediseng—go thata go dirisa tharabololo eno e e motlhofo.Nngwe ya dikgoreletsi tseno ke ya loago. Mo dinageng tse go anyisa ngwana letsele e leng tlwaelo mo go tsone, basadi ba ba anyisang masea a bone botlolo ba ka tswa ba phasalatsa gore ba tshwaeditswe ka mogare wa HIV. Mosadi a ka boifa gore o tlile go pegwa molato, go latlhiwa, kgotsa le e leng go bediwa fa batho ba simolola go itse boemo jwa gagwe. Basadi bangwe ba ba leng mo boemong jono ba ikutlwa ba se na sepe se ba ka se dirang fa e se go anyisa masea a bone letsele gore ba boloke boemo jwa bone jwa gore ba na le mogare wa HIV e le sephiri.
Go na le dikgoreletsi tse dingwe gape. Ka sekai, akanya ka Margaret wa dingwaga di le 20. Ene, go tshwana le basadi ba bangwe ba ba ka dirang diperesente di le 95 ba mo metseselegaeng ya Uganda, ga a ise a ko a tlhatlhobelwe mogare wa HIV. Le fa go ntse jalo, Margaret o na le lebaka la go tshwenyega. Ngwana wa gagwe wa ntlha o ne a swa, mme wa bobedi o bokoa e bile o lwaletse ruri. Margaret o anyisa ngwana wa gagwe wa boraro letsele gasome ka letsatsi, le fa go ka direga gore o ka tswa a na le mogare wa HIV. O bolela jaana: “Ke ne nka se kgone go naya lesea la me mashi a poere.” Ka ntlha yang? Margaret o bolela gore go naya ngwana a le mongwe fela mashi a poere a masea go ja madi a a fetang a a amogelwang ngwaga otlhe ke lelapa mo motseng wa gagabo ka nngwe le halofo. Tota le fa mashi a poere a ne a ka bo a sa duelelwe, go ne go tlile go nna le bothata jwa go bona metsi a a phepa go dira mashi ano a poere gore e nne dijo tse di seng kotsi mo maseeng. *
Dingwe tsa dikgoreletsi tseno di ka kgona go fokodiwa fa bommè ba ba tshwaeditsweng ka mogare wa HIV ba ka newa thulaganyo e e siameng ya go tlosa leswe le go thibela malwetse, mashi a poere a a lekaneng a ba ka a dirisang mo boemong jwa mashi a letsele, le metsi a a phepa. A go ja madi a le mantsi? Gongwe. Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore, go direla batho dilo tseno go lebega e le kgang fela ya go rulaganya dilo tsa botlhokwa tse di tlang pele go na le go batla matlole. Eleruri, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le bega gore dinaga dingwe tsa lefatshe tse di tlhabologang e bile di humanegile thata di dirisa madi a a menaganeng gabedi mo sesoleng, go feta a ba a dirisang mo go tsa boitekanelo le thuto.
Go Tweng ka Diokobatsi Tse di Lwantshang AIDS?
Borasaense ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba ile ba bega gore seokobatsi sengwe se se motlhofo, le se se sa jeng madi se se bidiwang AZT se ka thusa thata mo go fokotseng bothata jwa go tshwaediwa ga ngwana ke mmagwe ka mogare wa HIV. Ka thuso ya UNAIDS, tlhwatlhwa ya kalafi eno e ne ya fokodiwa go nna R300. Mo godimo ga moo, batho ba ba dirang dipatlisiso ka AIDS ba ne ba itsise ka July 1999, gore go alafa bommè ba ba nang le mogare wa HIV le maseanyana a bone ka seokobatsi sa nevirapine se se jang R18 fela go lebega go le botoka thata go gaisa AZT mo go thibeleng gore mogare wa HIV o se ka wa fetela mo ngwaneng. Bomankge ba tsa boitekanelo ba bolela gore nevirapine e ka kgona go thibela mo e ka nnang masea a le 400 000 a a tsholwang ngwaga le ngwaga gore a se ka a simolola matshelo a one a tshwaeditswe ka mogare ono wa HIV.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba nyatsa kalafi e e ntseng jalo ya diokobatsi, ba bolela gore gonne se e se dirang fela ke go thibela gore mogare wa HIV o se ka wa tswa mo go mmangwana wa fetela mo leseeng, kgabagare mmangwana o tlile go bolawa ke AIDS mme a tlogela ngwana e le khutsana. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le araba ka gore selo se sengwe se se utlwisang botlhoko se se ka dirwang ke gore masea a letlwe go tsenwa ke mogare ono wa HIV, ka go dira jalo, masea ano a a se nang molato a atlholelwa loso ka iketlo le ka tsela e e hutsafatsang. Gape ba bolela gore bommè ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa HIV ba ka tswelela ba tshela dingwaga di le dintsinyana. Akanya ka Cynthia, yo o neng a umakiwa pelenyana. O ne a lemoga ka 1985, fa lesea la gagwe le tsholwa, gore o na le mogare ono wa HIV, mme o ne a simolola go lwala fela dingwaga di le robedi morago ga moo. Mme le fa lesea la gagwe le ne le tshotswe le na le mogare wa HIV, fa le le dingwaga di le pedi le ne le sa tlhole le na le mogare ono.
Tsholofetso ya Baebele e e gomotsang ke gore go ise go ye kae go tlile go nna le tikologo e e babalesegileng tota le gore go tlile go nna le tharabololo e e nnetseng ruri ya dipetso tse di tshwanang le AIDS. (Tshenolo 21:1-4) Jehofa Modimo o solofetsa lefatshe le lesha le mo go lone “monni wa gona [a se kitlang] a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Basupi ba ga Jehofa ba tla rata go go bolelela ka tharabololo eno ya go ya go ile. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le bagatisi ba makasine ono kana Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Ga se leina la gagwe la mmatota.
^ ser. 3 Go ya ka UNICEF, mo e ka nnang masea a le 500 go ya go 700 ka letsatsi a tshwaediwa ka mashi a letsele a bommaabo ba ba nang le mogare wa HIV.
^ ser. 4 Mekgatlho eno e merataro ke UNICEF, United Nations Development Programme, United Nations Population Fund, World Health Organization, Banka ya Lefatshe, le United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization. UNAIDS e ne ya tlhongwa ka 1995.
^ ser. 8 Patlisiso nngwe ya bosheng jaana e bontsha gore go tswakanya mashi a poere le mashi a letsele go ka oketsa kotsi ya gore lesea le tshwaediwe ke mogare wa HIV le gore mashi a letsele a ka nna le dilwantshamegare tse di thusang go lwantsha mogare ono. Fa seno se le boammaaruri, he go anyisa ngwana letsele fela—tota le ka dikotsi tsa gone—e ka nna tlhopho e e botoka. Le fa go ntse jalo, dilo tseno tse di fitlheletsweng ke patlisiso eno di sa ntse di tlhoka go tlhomamisiwa.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]
WHO/E. Hooper