Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Batho ba ba Kileng ba Tlhokofatswa

Go Thusa Batho ba ba Kileng ba Tlhokofatswa

Go Thusa Batho ba ba Kileng ba Tlhokofatswa

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA DENMARK

“GO MOTLHOFO THATA GO ALAFA MARAPO A A ROBEGILENG GO NA LE GO ALAFA MOYA O O NGOMOGILENG.”—Dr. Inge Genefke.

LEKAWANA lengwe le tsamaya ka iketlo mo seterateng sengwe se se se nang pharakano e ntsi mo toropong nngwe ya Yuropa, mme le ema ka nakwana go leba dilwana dingwe tse di rekisiwang tse di neng di bontshitswe mo fensetereng ya lebenkele lengwe. Ka tshoganyetso fela, matsogo a gagwe a simolola go roroma. Mangole a gagwe a reketla. O tshwara thamo ya gagwe jaaka e kete o tla tloga a betwa ke sengwe. O sa tswa go bona mo fensetereng, setshwano sa mapodise mangwe a le mabedi a a apereng yunifomo. Ga go na melao epe e lekawana leno le e tlotseng, mme ga go na lebaka la gore le boife. Le fa go ntse jalo, go bona banna bano fela ba ba apereng diaparo tsa mapodise go mo gopotsa lefelo lengwe le le bokgakala jwa dikilometara di le diketekete le nako nngwe fa a ne a tlhokofatswa, dingwaga di le dintsi tse di fetileng.

Seno e ka nna selo se se neng sa diragalela mongwe wa banna, basadi, tota le bana ba le dimilionemilione. Se ka tswa se ne sa diragalela mongwe yo o mo itseng. Motho yo o kileng a tshwarwa ka tsela e e setlhogo e ka nna motshabi kana mofaladi mongwe yo o fudugetseng mo lefelong la lona. Bana ba gagwe ba ka tswa ba tsena sekolo le bana ba gago. O ka nna wa bo o mo itse e le moagelani yo o didimetseng, yo o ritibetseng maikutlo, yo o maitseo le yo gantsi a se keng a tsenatsena mo dikgannyeng tsa batho. Le fa go ntse jalo, tsela e motho a lebegang ka yone ka fa ntle e ka tsietsa; e ka fitlha khuduego e e mo teng e e utlwiwang ke motho yo o kileng a tlhokofatswa jaaka fa a ntse a leka go lwantshana le maikutlo ano a a a gakologelwang sentle a fa a ne a bogisiwa mo mmeleng le mo tlhaloganyong mo nakong e e fetileng. Sengwe le sengwe se a se bonang—kana se a se utlwang—se ka mo gakolola dilo tse di setlhogo tsa nako e e fetileng. Mongwe wa ba ba ileng ba tlhokofatswa ka tsela eno o tlhalosa jaana: “Nako le nako fa ke utlwa lesea le lela, ke akanya ka batho ba ke neng ke ba utlwa ba lela kwa kgolegelong. Nako le nako fa ke utlwa modumo mongwe wa sengwe se se fetang ka bonako mo moyeng, ke gakologelwa thupa e e neng e ya kwa godimo le kwa tlase—modumo o e neng e o dira pele e ntitaya.”

Batho ga ba tlhokofatswe ke boradipolotiki ba ba feteletsang dilo le ke ditlhopha tsa dirukhutlhi fela. Kwa dinageng di le mmalwa, ba tlhokofatswa le ke masole le mapodise. Ka ntlha yang? Go tlhokofatsa motho e ka nna tsela e e bonako le e e nonofileng thata ya go bona tshedimosetso, go pateletsa motho gore a ipobole, go bona bosupi jwa go latofatsa motho, kana go ipusolosetsa. Go ya ka Dr. Inge Genefke wa kwa Denmark, yo e leng mankge yo o di gogang kwa pele mo go tsa go tlhokofatsa batho, ka dinako tse dingwe dipuso “di ne tsa simolola go laola le go ipoloka di le mo maemong a tsone ka go tlhokofatsa batho.” Monna mongwe yo o kileng a tlhokofatswa o bolela jaana: “Ba ne ba batla go nngomola pelo thata gore ba bangwe ba tle ba bone gore motho o diragalelwa ke eng fa a nyatsa puso.”

Mo bathong ba le bantsi kgopolo eno ya go tlhokofatsa batho ba bangwe e gakolola motho fela ka dilo tsa Metlha ya Lefifi. Mo godimo ga moo, ka 1948 lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la amogela Boipolelo Jwa Lefatshe Lotlhe Jwa Ditshwanelo Tsa Botho, jo bo reng: “Ga go na motho ope yo o tla tlhokofatswang kana yo o tla tshwarwang ka tsela e e setlhogo, ya bolalome kana e e tlhabisang ditlhong, kana yo o tla otlhaiwang ka tsela eno.” (Molawana 5) Le fa go ntse jalo, bomankge bangwe ba dumela gore mo e ka nnang diperesente di le 35 tsa batshabi ba lefatshe ba ile ba tlhokofatswa. Ke ka ntlha yang fa tlhokofatso e aname thata jaana? E ama batho ba ba neng ba tlhokofatswa jang, mme go ka dirwa eng go ba thusa?

Ditlamorago

Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba ba kileng ba tlhokofatswa ba tlogela dinagamagae tsa bone go ya go simolola botshelo jo bosha go sele. Mme le fa ba ka tswa mo lefelong leo, go boga—mo mmeleng le mo tlhaloganyong—go sa ntse go tswelela. Ka sekai, motho yo o kileng a tlhokofatswa a ka nna a ikutlwa a le molato ka gonne a ne a palelwa ke go sireletsa ditsala kana ba losika gore ba se ka ba tshwarwa makgwakgwa. Gape a ka nna a simolola go se tshepe batho ba bangwe gotlhelele, a boifa gore mongwe le mongwe yo a kopanang le ene e ka nna ya bo e le molomatsebe. Mokwadi Carsten Jensen o bolela jaana: “Motho yo o kileng a tlhokofatswa o tla nna e le motswakwa go ya go ile. Ga a tlhole a ikanya motho ope mo lefatsheng.”

Seno se felela ka gore motho yo o neng a tlhokofatswa a utlwe botlhoko thata mo mmeleng le mo tlhaloganyong, mme se mo tshwenye thata ene le motho ope fela yo o lekang go mo thusa. Mathata a mo mmeleng a ka nna a alafiwa ka bonako, mme ga go a nna jalo ka mathata a tlhaloganyo. Dr. Genefke o dumela jaana: “Pele re ne re akanya gore, ‘Go siame, re tla kopanya marapo a bone fela—mme morago ga moo ba ka nna ba ya gae.’ Mme re ne ra lemoga ka bonako gore ba ne ba jewa ke setlhabi se se mo dipelong tsa bone.” Le fa go ntse jalo, Dr. Genefke o akgela jaana: “Go ile ga re gakgamatsa go itse gore go a kgonega go namola le go thusa batho ba ba kileng ba tlhokofatswa, le fa go ka tswa go fetile dingwaga di le dintsi.”

Ka 1982, kwa National Hospital ya Copenhagen, Dr. Genefke le dingaka tse dingwe tsa kwa Denmark ba ne ba simolola lefaphanyana le lennye la go alafa batshabi ba ba neng ba kile ba tlhokofatswa. Go tswa mo lefapheng leno le le simolotseng le le lennye go ne ga tlhaga setheo sa lefatshe lotlhe se se bidiwang International Rehabilitation Council for Torture Victims (IRCT). Go tswa kwa ntlokgolong ya sone kwa Copenhagen, setheo seno se kaela tiro ya go namola ka go dirisa mafelo a a fetang 100 mo lefatsheng lotlhe. Go ralala dingwaga, setheo seno se ne sa ithuta go le gontsi ka go alafa batho ba ba kileng ba tlhokofatswa.

Ka fa O ka Thusang ka Teng

Gantsi go a thusa gore batho ba ba kileng ba tlhokofatswa ba bue ka se se ba diragaletseng. Tsebe nngwe ya tshedimosetso ya IRCT e bolela jaana: “Mo e ka nnang dingwaga di le 20 tse di fetileng, gantsi batho ba ba kileng ba tlhokofatswa ba ne ba boga ka ditsela tse pedi. Santlha ba tlhokofatswa mo mmeleng le mo tlhaloganyong, mme sa bobedi, ba sa kgone go bua ka gone.”

Gone ke boammaaruri gore ga go monate go bua ka kgang e e botlhoko jaaka go tlhokofatswa. Mme fa motho yo o bogang a eletsa go bulela tsala nngwe ya gagwe mafatlha mme tsala eno e sa batle go reetsa, motho yono yo o bogang a ka tlalelwa le go feta. Ka jalo, go botlhokwa gore motho yo o kileng a tlhokofatswa a tlhomamisetswe gore go na le mongwe yo o amegang ka ene. Gone mme, ga go motho yo o tshwanetseng go itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. Kwa bofelong, motho yo o kileng a tlhokofatswa ke ene yo o tla swetsang gore a o tla bulela mongwe mafatlha a gagwe, o tla dira seo leng, le gore o tla batla go bua le mang.—Diane 17:17; 1 Bathesalonika 5:14.

Bomankge ba le bantsi ba buelela gore go akanngwe ka seo go tlhokofatswa go ka se dirang mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Mo bathong bangwe ba ba ileng ba tlhokofatswa, go tlhokega thuso ya maemo a a kwa godimo go ba thusa gore ba tokafale. Mekgwa ya go alafa e akaretsa go katisa go hema le go bua. * Maikutlo a go tlhajwa ke ditlhong gantsi ke nngwe ya dilo tsa ntlha tse go tshwanetseng ga berekanwa le tsone. Ngaka nngwe e ne ya bolelela mosadi mongwe yo o kileng a betelelwa le go bidiwa gangwe le gape jaana: “Go tlwaelegile e bile go a utlwala gore o bo o utlwa o tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ga se wena yo o tshwanetseng go tlhajwa ke ditlhong. Batho ba ba go dirileng dilo tseno ke bone ba ba tshwanetseng go tlhajwa ke ditlhong.”

Ba ba Falotseng mo Dikampeng Tsa Pogisetso

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, dimilione tsa batho di ne di tshwarwa ka ditsela tse di setlhogo mo dikampeng tsa ga Hitler tsa pogisetso. Gareng ga batho bano go ne go na le diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba bogisiwa gonne ba ne ba gana go itatola dilo tse ba neng ba di dumela.Tumelo ya bone e ne ya ba thusa thata go itshokela maemo a a ntseng jalo a a lekang. Jang?

Bogologolo pele ba tsenngwa mo kgolegelong, Bakeresete bano e ne e le diithuti tse di kelotlhoko tsa Lefoko la Modimo. Ka jalo, ba ne ba sa gakgamala fa diteko di tlhaga, le gone ga ba a pega Modimo molato fa go boga ga bone go ne go sa fele ka bonako. Ka go ithuta Baebele, Basupi ba ithutile gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela boikepo le gore o tlile go bo nyeletsa jang ka nako ya gagwe e a e beileng. Go ithuta Baebele go ba rutile gore Jehofa ke “morati wa tshiamiso” le gore o a galefa fa batho ba tshwara batho ba bangwe makgwakgwa.—Pesalema 37:28; Sekaria 2:8, 9.

Gone mme, bontsi jwa batho bano ba ba neng ba falola kwa dikampeng tsa pogisetso ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go boga ga bone. Ka go dira jalo, ba ne ba nonotshiwa thata ke go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo. Fa Paulo a ne a ntse a koafala mo kgolegelong ya Roma, e leng boemo jo bo tshwanetseng jwa bo bo ne bo mo tlhobaetsa thata, o ne a kwalela badumedikaene jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 1:13; 4:6, 7.

Ka go ithuta Babele, baboloka bothokgami bano ba ile ba ithuta gore Modimo o solofeditse go dira lefatshe paradaise, koo ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go tlontlololwa jaaka go tlhokofatswa di tlileng go phimolwa kgabagare.

Basupi ba ga Jehofa ba bolelela baagelani ba bone tsholofelo eno e e theilweng mo Baebeleng mo dinageng tse di fetang 230. Maemo a lefatshe a a sa iketlang a dira gore ba kopane le batho ba bangwe ba le bantsi ba ba ileng ba boga ka ntlha ya bosetlhogo jo batho ba bo diretseng batho ba bangwe. Fa Basupi ba kopana le batho bano ba ba ileng ba tlhokofadiwa, ba leka go ba bolelela ka tsholofetso ya Baebele ya isagwe e e itumedisang. A bo ba ipelela go anamisa dikgang tse di molemo jang ne, tsa nako ya isagwe fa pogiso e tla bo e le selo sa nako e e fetileng!—Isaia 65:17; Tshenolo 21:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Tsogang! ga e kgothaletse kalafi epe e e rileng. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisega gore kalafi nngwe le nngwe e ba e latelang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

“GA GO NA MOTHO OPE YO O TLA TLHOKOFADIWANG KANA YO O TLA TSHWARWANG KA TSELA E E SETLHOGO, YA BOLALOME KANA E E TLHABISANG DITLHONG, KANA YO O TLA OTLHAIWANG KA TSELA ENO.”—Molawana 5, Boipolelo Jwa Lefatshe Lotlhe Jwa Ditshwanelo Tsa Botho

[Lebokoso mo go tsebe 18]

KAFA O KA THUSANG KA TENG

FA O ITSANE LE MONGWE YO O NTSENG A LWA LE DITLAMORAGO TSA GO TLHOKOFATSWA, DIKAKANTSHO TSE DI LATELANG DI KA NNA TSA THUSA:

● Bontsha kutlwelobotlhoko. O ka nna wa re: “Ke a itse gore go na le mathata a le mantsi kwa nageng e o tswang kwa go yone. O kgona jang?”—Mathaio 7:12; Baroma 15:1.

● O se ka wa itshunya nko kana wa nnela go gatelela gore o batla go thusa. Go na le moo, nna pelonomi mme o mo akanyetse. Dira gore motho yo o ileng a tlhokofatswa yono a itse gore o rata go mo reetsa.—Jakobe 1:19.

● O se ka wa batla go thusa go feta jaaka o tshwanetse. O se ka wa dira gore motho yo o bogang a ikutlwe a sa tlotlege kana a se na seriti. Maikaelelo ke go rwadisana morwalo le motho yono yo o bogang, e seng go leka go o rwala otlhe o le esi.