Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi di Batliwa Fela Thata

Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi di Batliwa Fela Thata

Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi di Batliwa Fela Thata

“Botlhe ba ba dirang ka madi le ba ba tlhokomelang balwetse ba ba tlhokang go ariwa ba tshwanetse go akanyetsa karo e go sa dirisiweng madi mo go yone.”—Dr. Joachim Boldt, porofesa yo o dirang ka diidibatsi kwa Ludwigshafen, Jeremane.

MASETLAPELO a AIDS a pateleditse baitsesaense le dingaka go tsaya dikgato tse di oketsegileng tsa go dira gore kamore ya karo e nne e e bolokesegileng. Go phepafetse gore seno se ne sa raya gore ba dirise mekgwa e e gagametseng thata fa ba tlhatlhoba madi. Mme bomankge ba bolela gore le e leng dikgato tseno ga di tlhomamise gore ga go ne go nna le kotsi gotlhelele fa go tshelwa madi. Makasine wa Transfusion o bolela jaana: “Le e leng le fa batho ba ka dirisa gotlhe go ba nang le gone go dira gore madi a bone a nne a bolokesegile go gaisa, re dumela gore balwetse ba sa ntse ba tla leka go tila go tshelwa madi a motho yo mongwe ka gonne fela madi a se kitla a nna a a bolokesegileng mo go feletseng.”

Ga go gakgamatse go bo dingaka tse dintsi di nna kelotlhoko thata fa di tshela motho madi. Dr. Alex Zapolanski wa kwa San Francisco, California, o bolela jaana: “Totatota go tshela batho madi ga go a siama mme re gagamaletse gore a tilwe mo bathong botlhe.”

Batho ka kakaretso le bone ba simolola go lemoga dikotsi tsa go tshelwa madi. Eleruri, patlisiso nngwe e e dirilweng ka 1996 e senotse gore diperesente di le 89 tsa batho ba kwa Canada ba ka rata kalafi e nngwe eo e sa akaretseng go tshelwa madi. Journal of Vascular Surgery e bolela gore: “Ga se balwetse botlhe ba ba tla ganang go tshelwa madi a motho yo mongwe go tshwana le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, dikotsi tsa go fetisetsa malwetse mo bathong ba bangwe le tsa go fetola tsela e thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse e dirang ka yone di bontsha sentle gore re tshwanetse go bona mekgwa e mengwe e re ka e dirisang mo balwetseng botlhe ba rona.”

Mokgwa o o Ratiwang

Ka lesego, go na le mokgwa o mongwe o o ka dirisiwang—kalafi le karo e e sa diriseng madi. Balwetse ba bantsi ga ba go tseye e le kalafi e ba ka itlhobogelang mo go yone mme e le e ba e tlhophang bogolo go tse dingwe, mme e le ka mabaka a a utlwalang. Stephen Geoffrey Pollard yo o leng ngaka ya moari e e okametseng ya kwa Boritane, o bolela gore selekanyo sa go tsenwa ke malwetse le go swa mo bathong ba ba amogelang karo e e sa diriseng madi se “batla se lekana le sa balwetse ba ba amogelang madi, mme mo maemong a mantsi bone ba sireletsegile mo go tshwaetsweng morago ga karo le mo mathateng a gantsi a amanngwang le madi.”

Go tlile jang gore go nne le kalafi e e sa diriseng madi? Ka tsela nngwe potso eno e a gakgamatsa, e re ka kalafi e e sa diriseng madi totatota e sa le e nna teng le pele ga go dirisiwa madi. Eleruri, e nnile mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga fa boranyane jwa saense jwa go tshela batho madi bo ne jwa gatela pele go ya ntlheng ya gore bo dirisiwe ka metlha. Le fa go ntse jalo, mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga bangwe ba ne ba dira gore karo e e sa diriseng madi e simolole go ratiwa thata. Ka sekai, ka bo1960 ngaka ya moari e e itsegeng e bong Denton Cooley o ne a dira dingwe tsa dikaro tsa ntlha tsa pelo a sa dirise madi.

E ne ya re fa batho ba bantsi ba ba neng ba tshelwa madi ba tshwarwa ke bolwetse jwa sebete ka bo1970, dingaka tse dintsi di ne tsa simolola go batla kalafi e nngwe mo boemong jwa madi. Ka bo1980 ditlhopha tse dintsi tsa kalafi di ne di ara kwantle ga madi. Morago ga moo, e ne ya re fa leroborobo la AIDS le simologa, ba bangwe ba ba neng ba tlhoafaletse go dirisa one mokgwa ono wa kalafi ba ne ba nna ba ya go botsa ditlhopha tseno. Ka bo1990 maokelo a mantsi a ne a simolola dithulaganyo tsa go naya balwetse ba one go itlhophela kalafi e e sa diriseng madi.

Gone jaanong dingaka di kgonne go dirisa mekgwa ya go sa dirise madi fa di ara le fa di alafa mo maemong a tshoganyetso a ka tlwaelo a neng a tlhoka gore go tshelwe batho madi. D. H. W. Wong o akgetse jaana mo go Canadian Journal of Anaesthesia: “Dikaro tse di raraaneng tsa pelo, tsa mesifa, tsa malwetse a basadi le pelegi, tsa go golafala le tsa malwetse a diphilo di kgona go dirwa ka katlego go sa dirisiwe madi kana metswako e e dirilweng ka madi.”

Sengwe se se molemo ka karo e go sa dirisiweng madi mo go yone ke gore e dira gore motho a newe tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo. Dr. Benjamin J. Reichstein, ngaka ya moari e e okametseng kwa Cleveland, Ohio o bolela gore: “Bokgoni jwa ngaka ya moari bo botlhokwa thata mo go thibeleng go latlhegelwa ke madi.” Lokwalopaka longwe lwa semolao lwa mo Afrika Borwa lo bolela gore mo maemong a mangwe karo e e sa diriseng madi e ka nna “bonakonyana, ya nna phepa e bile e sa je madi a mantsi.” Lo oketsa jaana: “Ruri kalafi e e newang motho morago ga karo e e ntseng jalo mo makgetlhong a le mantsi e itshupile e le tlhwatlhwatlase e bile e sa je nako e ntsi.” Ano ke mangwe fela a mabaka a a dirang gore gone jaanong maokelo a a ka nnang 180 go ralala lefatshe a nne le dithulaganyo tse di dirang thata ka kalafi le karo e e sa diriseng madi.

Madi le Basupi ba ga Jehofa

Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a a theilweng mo Baebeleng. * Mme ba amogela—e bile ba batla—kalafi e nngwe e e sa diriseng madi. Dr. Richard K. Spence, fa a sa ntse a le ngaka ya moari e e okametseng kwa bookelong jwa New York o ne a bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba senka ka tlhoafalo kalafi e e molemolemo. Jaaka setlhopha, ke batho ba ba rutegileng thata ba ngaka ya moari e ka kopanang le bone.”

Dingaka di ne tsa kgona go dira mefuta ya dikaro tse dintsi mo Basuping ba ga Jehofa di sa dirise madi. Akanya ka boitemogelo jwa ga Denton Cooley yo o leng ngaka ya moari ya malwetse a pelo le ditshika. Mo nakong ya dingwaga di le 27, setlhopha sa gagwe se ne sa dira dikaro tsa pelo se sa dirise madi mo Basuping ba ga Jehofa ba le 663. Ditlamorago di bontsha ka phepafalo gore dikaro tsa pelo di ka kgona go dirwa go sa dirisiwe madi.

Ke boammaaruri gore ba le bantsi ba ne ba nyatsa Basupi ba ga Jehofa ka go gana ga bone madi. Mme kaelo nngwe e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Dingaka Tse di Dirang ka Diidibatsi wa kwa Great Britain le Ireland e bitsa boemo jwa Basupi e re ke “letshwao la go tlotla botshelo.” Boammaaruri ke gore boemo jo bo gagametseng jwa Basupi ke jone jo bo dirileng gore kalafi e e babalesegileng e bonwe ke botlhe. Porofesa Stein A. Evensen wa kwa National Hospital ya Norway o kwala jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tlhoka go ariwa ba ne ba bontsha tsela ba ba ba gatelela gore go tokafadiwe dilo mo karolong e e botlhokwa ya tirelo ya kalafi ya mo Norway.”

Go thusa dingaka gore di alafe Basupi ba ga Jehofa di sa dirise madi, ba ile ba simolola tirelo e e molemo thata ya go ikgolaganya le bone. Gone jaanong, go na le Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo tse di fetang 1 400 mo lefatsheng lotlhe tse di tlhomeletsweng go naya dingaka le babatlisisi dikgatiso tsa kalafi go tswa mo tshedimosetsong ya ditlhogo tse di fetang 3 000 tse di amanang le kalafi le karo e e sa diriseng madi. Dr. Charles Baron, porofesa wa kwa Boston College Law School o akgela jaana: “Ga se Basupi ba ga Jehofa fela, mme le balwetse ka kakaretso, ba go ka diregang gompieno gore ba tshelwe madi go sa tlhokege ka ntlha ya tiro ya Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo tse di tlhomilweng ke Basupi.” *

Tshedimosetso e e kaga kalafi le karo e e sa diriseng madi e e rulagantsweng ke Basupi ba ga Jehofa e ne ya sologela ba le bantsi ba ba mo go tsa kalafi molemo. Ka sekai, fa bakwadi ba buka ya Autotransfusion: Therapeutic Principles and Trends ba ne ba baakanya tshedimosetso eno ba ne ba kopa Basupi ba ga Jehofa go ba neela tshedimosetso e e malebana le go dirisa kalafi e nngwe kwantle ga go tshela batho madi. Basupi ba ne ba itumelela go ba naya se ba se kopang. Bakwadi ba yone ba ne ba bolela jaana moragonyana, ba ba leboga: “Fa re ntse re bala kgang eno, ga re ise re ke re bone lenaane le le opang kgomo lonaka, le le feletseng jaana la dikgato tse di ka tsewang go tila go tshela madi.”

Kgatelopele mo go tsa kalafi e dirile gore ba le bantsi ba akanye ka kalafi e e sa diriseng madi. Seno se tlile go re isa kae? Porofesa Luc Montagnier, yo o ribolotseng baerase ya AIDS, o bolela gore: “Fa re ntse re ya re tlhaloganya dilo mo tirong eno re kgona go bona sentle gore letsatsi lengwe go tshela batho madi go tla nyelela.” Gone jaanong, kalafi e nngwe mo boemong jwa madi e setse e boloka matshelo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 16 Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo di kgona go buisana le dingaka le baoki kwa bookelong fa di kopiwa go dira jalo. Mo godimo ga moo, fa ba kopiwa go thusa ka mo go kgethegileng, ba thusa balwetse go buisana le ngaka e e tshwereng marapo nako e sa ntse e le teng, ba bue le yone ka tshosologo mme ba nne ba ntse ba buisana le ene ka dinako tsotlhe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Se Dingaka Dingwe di se Buang

‘Karo e e sa diriseng madi ga se ya Basupi ba ga Jehofa fela mme ke ya balwetse botlhe. Ke akanya gore ngaka nngwe le nngwe e tshwanetse go e dirisa.’—Dr. Joachim Boldt, porofesa yo o dirang ka diidibatsi kwa Ludwigshafen, kwa Jeremane.

“Le fa gone go tshelwa madi go ka tswa go bolokesegile gompieno go feta mo nakong e e fetileng, go sa ntse go na le dikotsi, go akaretsa go kgoreletsa thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse le go tshwarwa ke bolwetse jwa sebete kana malwetse a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.”—Dr. Terrence J. Sacchi, ngaka e e okametseng ya motlatsaporofesa.

“Dingaka tse dintsi di itlhaganelela go tshela batho madi mme di a tshela fela di sa kgathale. Nna ga ke dire jalo.”—Dr. Alex Zapolanski, mookamedi wa karo ya pelo kwa San Francisco Heart Institute.

“Ga ke bone fa karo e e tlwaelegileng ya mo maleng mo molwetseng yo o siameng fela e ka tlhoka gore a nne a tshelwe madi.”—Dr. Johannes Scheele, porofesa wa karo kwa Jena kwa Jeremane.

[Ditshwantsho]

Dr. Joachim Boldt

Dr. Terrence J. Sacchi

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi

Mekgwa Mengwe ya Teng

Dieledi: Go dirisiwa metswako ya Ringer’s lactate, dextran, hydroxyethyl starch le e mengwe go boloka madi a le mo selekanyong se se siameng, go thibela go tlhaela ga madi. Dieledi dingwe tse di sa ntseng di lekeletswa le gone jaanong di kgona go tsamaisa okosejene.

Diokobatsi: Diporoteine tse dijini tsa tsone di fetotsweng di kgona go dira gore madi a dire disele tse dikhibidu tsa madi (erythropoietin), dipolatelete tsa madi (interleukin-11) le disele tse di farologaneng tse ditshweu tsa madi (GM-CSF, G-CSF). Melemo e mengwe e thusa thata mo go direng gore motho a se ke a latlhegelwa ke madi a mantsi ka nako ya karo (aprotinin, antifibrinolytics) kana di thusa go fokotsa go dutla ga madi a mantsi (desmopressin).

Dilo tsa baoloji tse di emisang go dutla ga madi: Go dirisiwa collagen le dibeeletsi tse di logakaneng tsa cellulose go emisa go dutla ga madi ka go di baya ka tlhamalalo mo nthong. Dikgomaretsi le dikano tsa fibrin di kgona go kaba dintho tse di bulegileng kana tsa tswala dikarolo tse dikgolo tsa thishu e e dutlang madi a mantsi.

Go boloka madi: Metšhine e e bolokang madi e busa madi a a duleng ka nako ya karo kana ya kgobalo. Madi ano a a phepafadiwa mme a ka busediwa gape mo molwetseng go ise go ko go direge gore a tswele kwa ntle. Mo maemong a a maswe thata, go ka kgonega go busetsa dilitara tsa madi go dirisiwa thulaganyo e e ntseng jalo.

Didirisiwa tsa karo: Didirisiwa tse dingwe di kgona go sega le go tswala ditshika tsa madi ka nako e le nngwe. Didirisiwa tse dingwe di kgona go kaba go dutla ga madi mo dikarolong tse dikgolo tsa dithishu. Motšhini wa laparoscopy le didirisiwa tse dingwe tse di sa tseneleleng kwa tengteng mo mmeleng di dira gore go kgonege go ara kwantle ga go latlhegelwa ke madi jaaka fa go direga fa motho a na le mesego e megolo thata.

Mekgwa ya go ara: Go dira dithulaganyo tse di feletseng tsa go ara, go akaretsa le go ikgolaganya le bomankge ba tsa kalafi ba ba nang le maitemogelo, go thusa setlhopha sa baari go tila mathata. Go botlhokwa go emisa go dutla ga madi ka bonako. Go diega lobaka lo lo fetang diura di le 24 go ka dira gore molwetse a swe. Go kgaoganya dikaro tse dikgolo ka dikarolwana di le mmalwa go ka fokotsa go latlhegelwa ke madi.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Kalafi E e Sa Diriseng Madi—A ke “Mokgwa o o Tshwanetseng” o Mosha wa Kalafi?

TSOGANG! e ne ya tlotla ka melemo ya kalafi le karo e e sa diriseng madi le bomankge ba le banè mo tirong eno.

Kwantle ga balwetse bao ka ntlha ya mabaka a bodumedi ba ka ganang go tshelwa madi, ke bomang gape ba ba ka kgatlhegelang kalafi e e sa diriseng madi?

Dr. Spahn: Mo bookelong jwa rona balwetse ba ba kopang kalafi e e sa diriseng madi gantsi ke ba ba nang le tshedimosetso e e feletseng.

Dr. Shander: Ka 1998 palo ya balwetse ba ba neng ba gana madi ka ntlha ya mabaka a bone a botho e ne e feta palo ya balwetse ba ba ganang madi ka ntlha ya mabaka a bodumedi.

Dr. Boyd: Ka sekai, go na le balwetse ba kankere. Go ne ga bonala ka makgetlho a mantsi gore fa ba sa tshelwe madi, ba tokafala thata go gaisa ba bangwe e bile ga go direge gantsi gore bolwetse jono bo boe gape.

Dr. Spahn: Gantsi re alafa boporofesa ba yunibesithi le ba malapa a bone kwantle ga madi. Le e leng dingaka tse di arang di kopa gore re tile go tshela batho madi! Ka sekai, ngaka nngwe e e arang e ne ya tla mo go rona malebana le mosadi wa gagwe yo o neng a tlhoka go ariwa. O ne a bolela jaana: “Tlhokomelang selo se le sosi fela—gore ga a tshelwe madi!”

Dr. Shander: Maloko a lephata la me la diidibatsi ba ne ba bolela seno: ‘Balwetse bano ba ba sa tshelweng madi ba dira sentle thata gongwe e bile botoka go gaisa ba bangwe. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le ditsela tse pedi tsa go alafa? Fa e le gore kalafi eno e molemo thata, re tshwanetse go e dirisa mo bathong botlhe.’ Ka jalo re letetse go bona kalafi e e sa diriseng madi e nna yone e e dirisiwang mo maemong otlhe.

Rre Earnshaw: Gone ke boammaaruri gore karo e e sa diriseng madi e dirisiwa thata mo Basuping ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke kafa re batlang go alafa batho botlhe ka teng.

A go sa dirise madi go ja madi a mantsi kana ga go je madi a mantsi?

Rre Earnshaw: Go tlhwatlhwatlase.

Dr. Shander: Kalafi e e sa diriseng madi e kwa tlase ka diperesente di le 25.

Dr. Boyd: Le e leng le fa seo e le lone fela lebaka, re tshwanetse go e dirisa.

Re gatetse pele go le kana kang mo go diriseng kalafi e e sa diriseng madi?

Dr. Boyd: Ke akanya gore e gatetse pele thata. Ga e ise e fitlhe kwa bokhutlong. Nako le nako re fitlhela lebaka le lengwe le lesha le le molemo la go sa dirise madi.

[Ditshwantsho]

Dr. Donat R. Spahn porofesa yo o dirang ka diidibatsi kwa Zurich, Switzerland

Dr. Aryeh Shander motlatsaporofesa yo o leng ngaka ya diidibatsi yo o okametseng kwa United States

Rre Peter Earnshaw, FRCS, ngaka ya moari e e okametseng e e dirang ka malwetse a a golafatsang kwa Lontone, Engelane

Dr. Mark E. Boyd porofesa wa pelegi le malwetse a basadi kwa Canada

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Seabe sa Molwetse

▪ Bua le ngaka ya gago ka kalafi e e sa diriseng madi pele ga a tshwanelwa ke go go alafa. Seno se botlhokwa segolobogolo mo basading ba baimana, batsadi ba ba nang le bana ba bannye le batsofe.

▪ Kwala dilo tse o eletsang di ka dirwa, segolobogolo fa e le gore go na le setlankana sa semolao se se diretsweng boikaelelo jono.

▪ Fa e le gore ngaka ya gago ga e batle go go alafa e sa dirise madi, senka ngaka e e tla diragatsang dikeletso tsa gago.

▪ E re ka dikalafi tse dingwe tse di sa diriseng madi di tlhoka nako gore di dire sentle, o se ka wa okaoka go senka kalafi fa e le gore o a itse gore o tlile go tlhoka go ariwa.