Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Itse?

A o A Itse?

A o A Itse?

(Dikarabo tsa dipotso tseno di ka bonwa mo ditemaneng tsa Baebele tse di umakilweng fano, mme lenaane lotlhe la dikarabo le kwadilwe mo tsebeng ya 29. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona “Insight on the Scriptures,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.)

1. Gantsi Jesu o ne dirisa mafoko afe go gatelela mo bareetsing ba gagwe gore dipolelo tsa gagwe di boammaaruri? (Mathaio 5:18)

2. Go ne go buiwa ka bomang fa go twe: “Yo mmotlana mo go bone a le kana ka batho ba le lekgolo, yo mogolo a le kana ka ba le sekete”? (1 Ditirafalo 12:8-14)

3. Ke leina la ga mang le gantsi le amanngwang le batlhabani ba ga Dafide ba ba pelokgale e bong Joabe, Abisai le Asahele? (2 Samuele 2:18)

4. Le mororo motho a ka tlhoiwa ka ntlha ya leina la gagwe, Jesu o ne a re motho o tshwanetse go dira eng gore a tle a bolokwe? (Mareko 13:13)

5. Hamane o ne a na le barwa ba le ba kae, ba ba neng ba bolawa botlhe ka ntlha ya bobaba jwa gagwe mo Bajudeng? (Esethere 9:10)

6. Sebopiwa sa semoya se se neng sa ama dipounama tsa ga Isaia ka legala le le tukang go mo kgontsha go diragatsa kabelo ya gagwe ya boporofeti e ne e le sa mofuta mang? (Isaia 6:6)

7. “Monna yo o tshwereng taolo” wa ga Herode, yo mosadi wa gagwe, e bong Joana, a neng a direla Jesu, e ne e le mang? (Luke 8:3)

8. Paulo o ne a kgothaletsa banna ba ba mo phuthegong go gabalalela tiro efe ya boikarabelo? (1 Timotheo 3:1)

9. Maina a dinoka di le nnè tse di neng di kgaogana mo “[nokeng] e e neng e elela go tswa mo Edene,” e ne e le afe? (Genesise 2:10-14NW)

10. Paulo o ne a tlhalosa gore sebediso se sennye se ne se kgona go dira eng? (Bagalatia 5:9)

11. Maina a barwa ba le bararo ba ga Noa, bao “batho botlhe ba lefatshe” ba neng ba tswa mo go bone e ne e le bomang? (Genesise 9:18, 19NW)

12. Rraagwe moporofeti Samuele e ne e le mang? (1 Samuele 1:19, 20)

13. Dintwa di le dintsi tsa makgaolakgang di ne di tlhabanelwa kwa motseng ofe wa ntwa o o neng o okame Mokgatšha wa Jeseriele? (Baatlhodi 5:19)

14. E re ka Bagibeone ba ne ba dirisa maano a bone gore ba bolokwe, ba ne ba abelwa go dira ditiro dife? (Jošua 9:27)

15. Barutwa ba ba 12 bao Jesu a neng a ba itlhopela ba ne ba newa leina lefe? (Mathaio 10:2)

16. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bidiwa ka maina afe a a neng a tshwanela ene fela? (Mathaio 23:8, 10)

17. Paulo o ne a kwala buka ya Bahebera a le kwa nageng efe? (Bahebera 13:24)

18. Jobe o ne a dirisa polelwana efe go bontsha gore o falotse loso ka lesoba la mogodu? (Jobe 19:20)

19. Mo metlheng ya bogologolo, dijo tsa ditlhaka di ne di phothelwa kae go di ntsha mo ditlhakeng le mo mmokong? (Ruthe 3:3)

20. Bomorwarraagwe Josefa ba ne ba mo tlhoetseng? (Genesise 37:3-11)

Dikarabo Tsa Dipotso

1. “Ammaaruri ke a lo raya”

2. Banna ba ba bofefo, ba ba pelokgale le ba ba nonofileng ba lotso lwa ga Gade ba ba neng ba na le Dafide kwa nageng fa a ne a sa ntse a thibetswe ka ntlha ya ga Kgosi Saulo

3. Mmaabone, e bong Seruja

4. Go itshoka go ya bokhutlong

5. Lesome

6. Serafa

7. Tšhusa

8. “Tiro ya bolebedi”

9. Pishone, Gihone, Hidekele, Euferatese

10. Go bedisa bopi jotlhe

11. Sheme, Hame, le Jafethe

12. Elekana

13. Megito

14. Ba ne ba nna “barwadi ba dikgong, le bagi ba metsi ba phuthego, le ba sebeso sa ga Jehofa”

15. Baaposetoloi

16. Rabi le Moeteledipele

17. Itali

18. “Ke falotse ka nama ya marinini fela”

19. Mo seboping

20. Ka gonne rraagwe o ne a mo rata go ba feta le ka ntlha ya ditoro tse a neng a di lora