Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borre—Lebaka La go Bo ba Nyelela

Borre—Lebaka La go Bo ba Nyelela

Borre—Lebaka La go Bo ba Nyelela

“Ga ke gakologelwe nkile ka bona Mmè le Rre ba lwa kana ba omana. Se ke se itseng fela ke gore Rre o ne a tlhola a nna teng, mme—fa ke re phaa!—letsatsi lengwe o ne a sa tlhole a le teng. Le gompieno ga ke itse kwa Rre a leng teng. Ke a itse gore ga ke ikutlwe ke na le kamano epe le ene.”—Bruce.

“E ne e le nna fela ngwana kwa sekolong yo o neng a se na batsadi ba babedi e bile ke sa nne mo ntlong . . . Ka metlha ke ne ke ikutlwa ke sa tshwane le bana ba bangwe. Ka metlha ke ne ke ikutlwa ke farologane thata fela le bana botlhe ba dingwaga tsa me.”—Patricia.

BOTHATA jwa malapa a a se nang borre bo bakilwe ke diphetogo tsa diintaseteri. Fa ditiro tsa kwa madirelong di simolola go gogela banna kgakala le magae a bone, tlhotlheletso ya borre mo lelapeng e ne ya simolola go fokotsega; bommè ba ne ba nna le seabe se segolo thata mo go godiseng bana. * Le fa go ntse jalo, borre ba bantsi ba ne ba nna le malapa a bone. Le fa go ntse jalo, mo bogareng jwa bo1960, tlhalo kwa United States e ne ya simolola go oketsega ka tsela e e gakgamatsang. Dikgoreletsi tsa tlhalo tsa bodumedi, tsa ikonomi le tsa setšhaba di ne tsa simolola go nyelela. Banyalani ba le bantsi ba ile ba tlhopha go tlhalana ba tlhotlhelediwa ke bomankge ba baipegi ba ba neng ba bua ba bolela gore ga se fela gore tlhalo ga e kitla e gobatsa bana mme totatota e ka nna molemo mo go bone. Buka ya Divided Families—What Happens to Children When Parents Part, ya ga Frank F. Furstenberg Jr. le Andrew J. Cherlin e bolela jaana: “Kwa Belgium, Fora le Switzerland selekanyo [sa tlhalo] se oketsegile gabedi [fa e sa le go tloga ka bo1960], fa kwa Canada, Engelane le Netherlands gone se oketsegile gararo.”

Le fa gone gantsi bana ba nna le mmaabone morago ga tlhalo, bontsi jwa borre ba ba kgaoganang le bana ba bone ba batla go nna ba ntse ba na le kamano e e rileng le bana. Go neela batsadi boobabedi gore ba tlhokomele bana ke tsela e nngwe e e ratwang thata ya go rarabolola bothata jono. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa borre ba ba tlhadileng ba bona bana ba bone sewelo. Patlisiso nngwe e senotse gore ke ngwana a le 1 fela mo go ba le 6 yo o bonang rraagwe yo o tlhadileng beke le beke. Mo e ka nnang sephatlo sa bana ba ne ba ise ba bone borraabone ngwaga otlhe!

Mathata a go Kopanela Tlhokomelo ya Bana

Gore batho ba ba tlhalaneng ba kopanele boikarabelo jwa go tlhokomela bana, go tlhoka tirisanommogo le go ikanyega thata—dinonofo tse gantsi di tlhaelang thata. Babatlisisi e bong Furstenberg le Cherlin ba go tlhalosa jaana: “Lebaka le legolo la go bo borre ba tlogela go tlhola ba bona bana ba bone ke gore ga ba tlhole ba batla go dirisana ka gope le ba e kileng ya bo e le basadi ba bone. Mme basadi ba bantsi ba nna le boikutlo jono ka ba e kileng ya bo e le banna ba bone.”

Gone ke boammaaruri gore bontsi jwa borre ba ba tlhadileng ba bona bana ba bone ka metlha. Mme ka gonne ga ba na seabe sepe mo matshelong a letsatsi le letsatsi a bana ba bone, bangwe ba go fitlhela go le thata go itshwara jaaka borre fa ba na le bana ba bone. Ba le bantsi ba tlhopha karolo ya go nna ditsala fela tse di tshamekang le bone, ba dirise nako yotlhe e ba leng mmogo ka yone mo boitlosobodutung kana ba le kwa mabenkeleng. Ari wa dingwaga di le 14 o tlhalosa dinako tsa fa a ne a etelana le rraagwe ka mafelobeke jaana: “Ga go na thulaganyo e e tlhomilweng, ga go na bo ‘Ka nako eno o bo o boile.’ O gololesegile. Ga go na dithibelo dipe. E bile ka metlha rre o nthekela dimpho.”—How It Feels When Parents Divorce, ya ga Jill Krementz.

Rre yo o lorato o tshwanetse go ‘itse kafa a ka nayang bana ba gagwe dimpho tse di molemo ka teng.’ (Mathaio 7:11) Mme le fa go ntse jalo dimpho ga di ka ke tsa tsaya boemo jwa kaelo le kgalemelo tse di tlhokegang. (Diane 3:12; 13:1) Fa motho a tsaya seabe sa go nna tsala e go tlholwang go tshamekwa fela le yone kana moeng mme a tlogela go nna motsadi, kamano ya rre le ngwana e tlile go senyega. Patlisiso nngwe e ne ya swetsa jaana: “Tlhalo e ka senya kamano ya rre le ngwana gotlhelele.”—Journal of Marriage and the Family, ya May 1994.

Banna bangwe, ka gonne ba utlwisitswe botlhoko e bile ba galefisitswe ke gore ga ba tlhole ba na le seabe sepe mo matshelong a bana ba bone—kana e le ka ntlha ya go sa kgathale fela—ba feleletsa ba tlogetse malapa a bone mme ba palelwa le ke go ba thusa ka madi jaaka go tlhokega. * (1 Timotheo 5:8) Mosimane mongwe yo o neng a utlwile botlhoko wa dingwaga tsa bolesome o bolela jaana: “Ga go na sepe se sentle se ke se gakologelwang ka rre. Ga a itshwenye ka sepe, ga a re thuse, ga a dire sepe fela, mme ke akanya gore ga se selo se sentle.”

Batsadi Ba ba Sa Nyalang

Dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba dikgora di okeditse dipalo tsa bana ba ba se nang borraabone thata. Buka ya Fatherless America e bolela jaana: “Mo e ka nnang nngwetharong ya bana ba ba tsalwang mo [United States] jaanong ba tsholwa ke batho ba ba sa nyalang.” Mo maseeng a a ka nnang 500 000 a a tsalwang ngwaga le ngwaga ke basha ba dingwaga di le 15 go ya go di le 19, diperesente di le 78 tsa one a tsalwa ke basha ba ba iseng ba nyalane. Le fa go ntse jalo, go ima ga bana ba dingwaga tsa bolesome ke bothata jwa lefatshe lotlhe. Mme dithulaganyo tse di rutang kaga dithibelapelegi kana tse di rerang kaga go ikgapa di dirile go le gonnye thata go fetola boitsholo jwa tlhakanelodikobo jwa bana ba dingwaga tsa bolesome.

Buka ya Teenage Fathers, ya ga Bryan E. Robinson, e tlhalosa jaana: “Go ima ga batho ba ba iseng ba nyale ga go tlhole go tlhabisa ditlhong le go tlontlolola jaaka go ne go dira ka bo1960 ka gonne go sa tlhole go twe sepe fela ka tlhakanelodikobo le go ima pele ga lenyalo. . . . Gape basha ba gompieno ba nna ba tlhaselwa ka dilo tsa tlhakanelodikobo mo diphasalatsong, mo mminong, mo dibaesekopong le mo thelebisheneng. Metswedi ya tshedimosetso ya kwa Amerika e bolelela basha gore tlhakanelodikobo e monate, e a kgatlha e bile e a itumedisa e sa ba bontshe ditlamorago tsa mmatota tsa go tlhakanela dikobo ka tsela e e sa laolesegeng le e e se nang maikarabelo.”

Basha ba bantsi go bonala ba sa lemoge ditlamorago tsa tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang. Ela tlhoko dingwe tsa dikakgelo tse mokwadi e bong Robinson a neng a di utlwa: “‘O ne a sa lebege jaaka motho [yo o ka imang]’; ‘Re ne re tlhakanela dikobo gangwe fela ka beke’; kana ‘Ke ne ke sa akanya gore o ka ima ka lekgetlho la ntlha fela.’” Gone mme, makau mangwe a itse sentle gore tlhakanelodikobo e ka felela ka gore motho a ime. Buka ya Young Unwed Fathers e lemogile seno: “Mo basimaneng ba bantsi [ba mo ditoropong], tlhakanelodikobo ke letshwao la botlhokwa le le bontshang gore o na le maemo a a rileng mo tikologong e a nnang mo go yone; go tlhakanela dikobo e nna letshwao le le bontshang se o se fitlheletseng. Bontsi jwa basetsana ba ithaopa go robala le makawana mangwe gore ba gape tlhokomelo ya bone.” Mo mafelong mangwe a mo ditoropong, basimane ba ba se nang bana ba ka nna ba sotlwa ka gore ke “lekgela”!

Dilo di nna maswe le go feta fa o sekaseka ditlamorago tsa patlisiso e e dirilweng ka 1993 mo go bommè ba ba tsenang sekolo kwa California. Go fitlhetswe gore peditharong ya basetsana ba ba neng ba ima, ga ba a imisiwa ke balekane ba bone ba basimane ba dingwaga tsa bolesome, mme ke banna ba dingwaga di le 20 le go feta! Tota e bile, dipatlisiso dingwe di supa gore bontsi jwa bommè ba dingwaga tsa bolesome ba ba sa nyalwang ke ba go neng ga tlhakanelwa dikobo le bone ba sa ntse ba le bannye thata—kana le e leng bana ba ba sotlilweng. Go dirisa batho mo go anameng jalo go senola kafa batho gompieno ba lwalang ka teng le kafa ba sokameng ka teng.—2 Timotheo 3:13.

Lebaka La go Bo Makau a Tlogela Bana ba Bone

Basimane ba dingwaga tsa bolesome ba ba nang le bana ga se gantsi ba tsayang boikarabelo jo bo feletseng ka bana ba bone. Mosimane mongwe yo lekgarebe la gagwe le neng la ima o ne a bolela jaana: “Ke ne ka mmolelela fela gore, ‘Ke tla go bona.’” Le fa go ntse jalo, jaaka setlhogo sengwe mo go Family Life Educator se bontsha, “bontsi jwa borre ba basha bano ba bolela gore ba eletsa thata go nna le kamano e e gaufi thata le bana ba bone.” Go ya ka patlisiso nngwe ya borre bano ba basha ba ba sa nyalang, diperesente di le 70 tsa bone ba etela bana ba bone gangwe mo bekeng. Setlhogo seno se tlhagisa jaana: “Le fa go ntse jalo, fa bana ba ntse ba gola, ga ba tlhole ba ba etela thata jaaka pele.”

Rre mongwe wa dingwaga di le 17 o sobokantse lebaka la go bo go direga jalo, a bolela jaana: “Fa nka bo ke itsile gore seno se tlile go nna bokete jaana, nka bo ke sa se letlelela go direga.” Ke basha ba le mmalwa fela ba ba godileng sentle mo maikutlong kana ba ba nang le boitemogelo jwa go sikara maikarabelo a go nna motsadi. E bile ke ba se kae fela ba ba rutegileng mo go lekaneng kana ba ba nang le kitso ka tiro nngwe e e tlhokegang go itshedisa. Go na le go lebana le ditlhong tsa go palelwa, bontsi jwa makawana ano ba tlogela bana ba bone fela jalo. Rre mongwe yo mosha o ipobola jaana: “Botshelo jwa me bo farafarilwe ke mathata.” Yo mongwe o buile jaana a hutsafetse: “Ga ke kgone le go itlhokomela; ga ke itse gore ke tla dirang fa nka tshwanelwa ke go tlhokomela le [morwaake].”

Morara o o Botlha

Mo metlheng ya Baebele Bajuda ba ne ba na le polelo e e reng: “Batsadi ba jele morara o o botlha, mme bana ba utlwa botlha.” (Esekiele 18:2, Today’s English Version) Modimo o ne a bolelela Bajuda gore ga go tlhokege gore go nne jalo, gore diphoso tsa nako e e fetileng ga di tlhoke go boelediwa gape mo nakong e e tlang. (Esekiele 18:3) Le fa go ntse jalo, dimilione tsa bana gompieno go bonala ba utlwa botlha jwa “morara o o botlha” wa batsadi ba bone—ba duela kotlhao ya go sa gola ga batsadi ba bone, go tlhoka boikarabelo le go senyega ga manyalo a bone. Dipatlisiso di le dintsi thata di bontsha gore bana ba ba golang ba se na rraabone ba welwa ke dikotsi tse dintsi thata mo mmeleng le mo maikutlong. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 7.) Se se ngomolang pelo le go feta ke gore boswa jwa go tlhoka rre mo gae gantsi bo fetisediwa go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe—modikologo o o sa feleng wa botlhoko le mahutsana.

A malapa a a se nang borre a tla nna a sa atlege? Legoka. Tota e bile, dikgang tse di monate ke gore modikologo ono wa malapa a a se nang borre o ka fedisiwa. Setlhogo sa rona se se latelang se tla bontsha gore jang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Se se kgatlhang ke gore pele ga diintaseteri di nna teng, dibuka tse di buang ka go godisa bana kwa United States gantsi di ne di lebisitswe go borre, e seng go bommè.

^ ser. 10 Go ya ka babatlisisi e bong Sara McLanahan le Gary San-defur, kwa United States, “mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa bana ba ka molao ba tshwanetseng go tlamelwa ga ba na lekwalo [la kgotlatshekelo] le le bontshang gore ba tshwanetse go tlamelwa, mme kwatara ya ba ba nang le lekwalo leo ga ba amogele tlamelo eo. Ke bana ba ba kwa tlase ga nngwetharong ba ba amogelang madi otlhe a ba tshwanelwang ke go a amogela.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

DIKOTSI TSA GO GOLA O SE NA RRE

Go gola o se na rre go bakela bana dikotsi tse di masisi. Le fa gone tshedimosetso e e latelang e ka utlwisa bangwe botlhoko, go itse dikotsi ke kgato ya ntlha e e tla thusang go thibela kana go fokotsa tshenyo e seno se e bakang. Lemoga gape gore dipalopalo tsa dipatlisiso di dira mo ditlhopheng tsa batho e seng mo bathong ka bongwe. Bana ba bantsi ba golela mo magaeng a a se nang borre mme ba sa nne le mathata ape ano. Jaaka setlhogo sa rona sa bofelo se tla bontsha, go nna le seabe ga batsadi le go dirisa melaometheo ya Baebele go ka dira go tlala seatla mo go fokotseng mathata ano a a ka nnang teng. Ela tlhoko he, dingwe tsa dikotsi tse ngwana yo o se nang rraagwe a ka lebanang le tsone.

O mo Kotsing e Kgolwane ya go Sotlwa ka Tlhakanelodikobo

Patlisiso e bontsha ka phepafalo gore go tlhoka rre go tsenya ngwana mo kotsing e kgolwanyane ya go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Patlisiso nngwe e senotse gore mo dikgetsing di le 52 000 tsa go sotliwa ga bana, “diperesente di le 72 e ne e le bana ba ba nnang mo legaeng le mo go lone motsadi a le mongwe kana ba le babedi e seng ba tlholego.” Buka ya Fatherless America e bua jaana e gatelela: “Kotsi e e ntseng e gola ya go sotlwa ga bana ka tlhakanelodikobo mo setšhabeng sa rona e bakwa thata ke palo e e ntseng e oketsega ya go tlhoka borre ba ba nyetseng le e e ntseng e gola ya go nna le borre ba bobedi, makau le banna ba bangwe ba ba sa amaneng le bone kana ba ba tlileng go nna mo gae ka nakwana fela.”

O mo Kotsing e Kgolwanyane ya go Tlhakanela Dikobo A sa Le Monnye

Gonne go ka direga gore go bo go se na kaelo ya batsadi mo legaeng la motsadi a le mongwe, gantsi basha ba na le sebaka se segolo sa go wela mo boitsholong jo bo sa siamang. Lebaka le lengwe gape e ka nna go tlhoka thapiso ya batsadi. Lephata la Pholo le Ditirelo Tsa Batho la kwa United States le bolela jaana: “Basetsana ba ba se nang rraabone mo botshelong jwa bone go ka direga ka makgetlho a le mabedi le sephatlo gore ba ime.”

Khumanego

Patlisiso e e dirilweng mo basetsaneng ba bantsho ba dingwaga tsa bolesome mo Afrika Borwa e bontshitse gore khumanego ke yone e dirang gore go nne le batsadi ba bantsi ba ba sa nyalanang. Bakwadi ba patlisiso eno ba bolela jaana: “Mo e ka nnang 50% ya dikgetsi tseno, go ka direga gore mosha a se tlhole a boela sekolong.” Bontsi jwa bommè ba ba sa nyalwang bo feleletsa e le diaka e bile ba rekisa diokobatsi. Go a tshwana le kwa dinageng tsa Bophirima. Kwa United States, “diperesente di le 10 tsa bana ba ba mo lelapeng la batsadi ba babedi ba ne ba humanegile [ka 1995], fa go bapisiwa le diperesente di le 50 tsa malapa a basadi ba ba sa nyalwang.”—America’s Children: Key National Indicators of Well-Being 1997.

Go Itlhokomolosiwa

Ka ntlha ya go patelesega go iphataphatela botshelo, batsadi bangwe ba ba se nang balekane ba fekeediwa ke boikarabelo jwa bone mme ga ba kgone go nna le nako e e lekaneng le bana ba bone. Mmè mongwe yo o tlhadilweng o gakologelwa jaana: “Ke ne ke bereka motshegare mme ke ya kwa sekolong bosigo—ke ngomogile pelo tota. Ke ne ke itlhokomolositse bana gotlhelele.”

Go Utlwa Botlhoko mo Maikutlong

Go farologana le se se bolelwang ke bomankge bangwe gore bana ba fola ka bonako morago ga tlhalo, babatlisisi ba ba jaaka Dr. Judith Wallerstein ba fitlhetse gore tlhalo e baka dintho tse di nnelang ruri mo maikutlong. “Makau le makgarebe a a fetang nngwetharong a gareng ga dingwaga di le lesomerobongwe le masomeamabedirobongwe ga ba na maikaelelo ape fela dingwaga di le lesome morago ga gore batsadi ba bone ba tlhalane. Ba ne ba tshela fela ba se na mekgele e ba ipeetseng yone . . . e bile ba itlhobogile.” (Second Chanc­es, ya ga Dr. ­Judith Wallerstein le Sandra Blakeslee) Go sa itlotle, go tshwenyega thata mo maikutlong, go nna seganana le go galefa thata di ne tsa lemogiwa mo baneng ba bantsi ba batsadi ba bone ba tlhalaneng.

Buka ya The Single-Parent Family e bolela jaana: “Dipatlisiso di le mmalwa di bontsha gore basimane ba ba godisitsweng ba se na borre mo matshelong a bone ga ba tlhomamisege sentle ka bong jwa bone, ga ba itlotle e bile moragonyana mo matshelong a bone, ba nna le mathata a go nna le ditsala tse di atamelaneng thata le bone. Mathata a basetsana ba ka nnang le one ka ntlha ya go tlhoka rre yo o ba tlhomelang sekao ga se gantsi a bonalang go fitlha ba nna mo dingwageng tsa bosha kana morago ga moo, mme a akaretsa go sa kgone go nna le dikamano tse di atlegileng le banna ba bangwe fa ba setse ba godile.”