Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bua Maaka—A go Ka Tsamaya ga Twe go Siame?

Go Bua Maaka—A go Ka Tsamaya ga Twe go Siame?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Go Bua Maaka—A go Ka Tsamaya ga Twe go Siame?

“MAAKANYANA A MANNYE KA DINAKO DINGWE A THUSA GORE O SE KA WA TLHOKA GO TLHALOSA DILO TSE DINTSINTSI.”

POLELWANA eno e bontsha kafa batho ba le bantsi ba ikutlwang ka teng ka go bua maaka. Pono ya bone ke gore go bua maaka ga go phoso fa go sa utlwise ope botlhoko. Kgopolo e e ntseng jalo e bile e na le leina la yone la borutegi—melao e e laolwang ke maemo, e e bolelang gore molao o le osi fela o motho a tlhokang go o latela ke o go tweng ke molao wa lorato. Ka mafoko a mangwe, go tlhalosa jalo mokwadi Diane Komp, “fa e le gore o dira ka maitlhomo a a siameng, le pelo ya gago e siame, (he) maaka a o a buileng . . . ga a tshwenye go le kalo.”

Batho ba le bantsi ba leba dilo ka tsela eno mo lefatsheng la gompieno. Matlhabisaditlhong a a akaretsang maaka a a builweng ke boradipolotiki ba ba tumileng le baeteledipele ba bangwe ba lefatshe a tshositse batho. Ka ntlha ya boemo jono, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba ikemiseditse go bua boammaaruri. Mo mafelong mangwe go bua maaka e bile go fetogile selo se se amogelwang semolao. “Ke duelelwa go bua maaka. Fa ke bua maaka ke fenya dikgaisano tsa go rekisa mme ngwaga le ngwaga fa go tlhatlhobiwa tiro ya rona go buiwa bontle ka ya me. . . . Go bonala seno e le sone selo sa konokono gongwe le gongwe fa batho ba thapisetswa kgwebo,” go ngongorega jalo mosadi mongwe yo o rekisang mo lebenkeleng. Ba le bantsi ba dumela gore se go tweng ke maakanyana a a sa reng sepe ga a kotsi go le kalo tota. A go ntse jalo? A go na le dinako tse go ka tweng go siame gore Bakeresete ba bue maaka?

Ditekanyetso Tsa Maemo a a Kwa Godimo Tsa Baebele

Baebele e nyatsa mefuta yotlhe ya go bua maaka e sa iphitlhe. “[Modimo] o tlaa senya ba ba buang maaka,” go rialo mopesalema. (Pesalema 5:6; bona Tshenolo 22:15.) Mo go Diane 6:16-19, Baebele e ntsha lenaane la dilo di le supa tse Jehofa a di ilang. “Loleme lo lo akang” le “mosupi wa kako yo o bilolang maaka” di tlhagelela sentle mo lenaaneng leno. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o tlhoile tshenyo e maaka a e bakang. Ke ka ntlha ya moo Jesu a neng a bitsa Satane a re ke moaki le mmolayabatho. Maaka a gagwe a ne a thabuetsa setho mo maswabing le loso.—Genesise 3:4, 5; Johane 8:44; Baroma 5:12.

O kgona go bona gore Jehofa o leba go bua maaka ka tsela e e masisi go le kana kang fa o leba se se diragaletseng Ananiase le Safira. Bobedi jono bo ne jwa bolelela baaposetoloi maaka ka boomo, go bonala e ne e le fa ba leka go dira gore ba bonwe ba le pelotshweu thata go feta jaaka ba ne ba ntse tota. Se ba se dirileng ba se dirile ka boomo le gone ba ne ba se akanyeditse go sa le gale. Ka gone moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana: “O tsieditse Modimo, e seng batho.” Ka ntlha ya seno, ba ne ba swa ka bobedi ba bolawa ke Modimo.—Ditiro 5:1-10.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa bo lo akelana.” (Bakolosa 3:9) Kgothatso eno e botlhokwa thata mo phuthegong ya Bokeresete. Jesu o ne a bolela gore lorato lo lo nang le melaometheo lo ne lo tla tshwaya balatedi ba gagwe ba boammaaruri. (Johane 13:34, 35) Lorato loo lo lo se nang boitimokanyo lo ka gola le go kgana fela mo go nang le go tshepana mo go feletseng le go ikanyana gone. Go thata go rata motho fa re sa kgone go tshepa gore o tla nna a re bolelela boammaaruri ka metlha.

Le mororo go bua maaka gotlhe go le phoso, maaka mangwe a maswe thata go feta a mangwe. Ka sekai, motho yo mongwe a ka nna a bua maaka ka gonne a tlhabilwe ke ditlhong kana a tshogile. Yo mongwe, ka ntlha ya boikepo, a ka nna a bo a itlwaeditse go bua maaka ka boikaelelo jwa go gobatsa kana go utlwisa ba bangwe botlhoko. Ka gonne a le pelo e maswe, motho yono yo o buang maaka ka boomo o kotsi mo bathong ba bangwe mme a ka kgaolwa mo phuthegong fa a sa ikwatlhae. E re ka e se maaka otlhe a a buiwang ka ntlha ya bopeloemaswe, motho o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a atlhola go sa tlhokege mme a tlhomamise gore o itse mabaka otlhe a a akarediwang fa motho a buile maaka. Go tshwanetse ga akanyetswa gore motho o ne a na le maikaelelo afe le gore a go na le maemo mangwe a a ka tswang a mo gogetse kwa goreng a dire se a se dirileng.—Jakobe 2:13.

“Bonokopela Jaaka Dinoga”

Mme gone, go bua boammaaruri ga go reye gore re tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe yo o re botsang tshedimosetso nngwe le nngwe e a e batlang. “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore di tle di se ka le ka motlha . . . tsa retologa tsa lo gagolaka,” Jesu o ne a tlhagisa jalo mo go Mathaio 7:6. Ka sekai, batho ba ba nang le maikaelelo a a maswe ba ka nna ba bo ba se na tshwanelo ya go itse dilo dingwe. Bakeresete ba tlhaloganya gore ba tshela mo lefatsheng le le sa ba rateng. Ka gone Jesu o ne a gakolola barutwa ba gagwe gore ba nne “bonokopela jaaka dinoga” mme ba ntse ba le “ba ba se nang molato jaaka maphoi.” (Mathaio 10:16; Johane 15:19) Jesu o ne a sa senole boammaaruri jotlhe ka metlha, bogolo jang fa go senola dintlha tsotlhe go ne go tlile go utlwisa ene kana barutwa ba gagwe botlhoko go sa tlhokege. Le fa go ntse jalo, le e leng mo maemong ano, o ne a sa bue maaka. Mo boemong jwa moo, o ne a tlhopha go se bue sepe kana go isa motlotlo go sele.— Mathaio 15:1-6; 21:23-27; Johane 7:3-10.

Banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba umakiwang mo Baebeleng, ba ba tshwanang le Aborahame, Isake, Rahabe, le Dafide, le bone ba ne ba le botlhale e bile ba le bonokopela fa ba dirisana le batho ba ba neng ba ka nna baba ba bone. (Genesise 20:11-13; 26:9; Jošua 2:1-6; 1 Samuele 21:10-14) Baebele e tlhaola banna bano le basadi bano gore e ne e le baobamedi ba ba ikanyegang ba ba neng ba le kutlo mo botshelong jwa bone. Seno se dira gore re tshwanelwe ke go ba etsa.—Baroma 15:4; Bahebera 11:8-10, 20, 31, 32-39.

Go ka nna ga nna le dinako tseo go bua maaka go ka bonalang e le tsela e e motlhofo ya go tswa mo mathateng. Mme Bakeresete gompieno ba dira sentle go etsa tsela ya ga Jesu le go latela segakolodi sa bone se se thapisitsweng sentle ka Baebele fa ba lebane le maemo a a boima thata.—Bahebera 5:14.

Baebele e re kgothaletsa gore re bue boammaaruri mme re ikanyege. Go bua maaka ga go a siama, mme re tshwanetse go latela kgakololo eno ya Baebele: “A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baefeso 4:25) Ka go dira jalo, re tla nna re ntse re na le segakolodi se se phepa, re rotloetsa kagiso le lorato mo phuthegong, mme re nne re ntse re tlotla “Modimo wa boammaaruri.”—Pesalema 31:5; Bahebera 13:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ananiase le Safira ba ne ba swa ka ntlha ya go bua maaka