Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Mmapa wa Magodimo—Mo Nakong e e Fetileng le Jaanong

Go Dira Mmapa wa Magodimo—Mo Nakong e e Fetileng le Jaanong

Go Dira Mmapa wa Magodimo—Mo Nakong e e Fetileng le Jaanong

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NETHERLANDS

MOTHO o jesitswe kgakge gantsi ke go bona dinaledi tse di gasagasameng mo loaping lo lontsho lo e keteng forobele, mme go ralala hisitori seno se mo tlhotlheleditse go baka Mmopi wa dilo tseno tse dintlentle jaana. Bogologolo tala, mmoki mongwe o ne a re: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.” (Pesalema 19:1) Le fa go ntse jalo, batho ba bogologolo ba ba neng ba ela loapi tlhoko bosigo ba ne ba bona se se fetang bontlentle jono fela.

Go Bona Ditshwantsho mo Loaping

Mo dinakong tse di fetileng, baithutadinaledi ba ne ba lemoga gore dinaledi tsotlhe di ne di bonala di tsamaya ka mokgwa mongwe o o rulagantsweng sentle. Le mororo dinaledi di ne di tsamaya mo loaping go tswa botlhaba go ya bophirima, boemo jwa tsone bo ne bo sa fetoge fa di bapisiwa le tse dingwe. * Ka mafoko a mangwe, bosigo bongwe le bongwe ba ne ba bona ditlhopha tse di tshwanang tsa dinaledi. Ka gonne motho a ne a batla go rulaganya dinaledi tseno tse dintsintsi, o ne a di baya ka ditlhopha tsa tsone. Ka go di leba gangwe fela, o ne a bona di tshwana le diphologolo, batho, kana dilo tse dingwe tse di sa tsheleng. Ka tsela eno, go ne ga simolola mokgwa wa go bitsa ditlhopha tse di rileng tsa dinaledi ka maina a masomosomo a tsone.

Mangwe a masomosomo a dinaledi a re a itseng gompieno a ne a tlhalosiwa la ntlha kwa Babelona wa bogologolo. Gareng ga masomosomo ano a dinaledi go na le a le 12 a a emelang ditshupo tsa sodiake. Ditshupo tseno di ne di na le seabe se se botlhokwa thata—e bile di sa ntse di na le sone—mo bolepadinaleding, e leng boitseanape jwa maatla a go tweng dinaledi di na le one mo mererong ya batho. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgala go batla ditshupo mo dinaleding. (Duteronome 18:10-12) Go ntse go le jalo, baobamedi ba ga Jehofa Modimo ba ne ba itse gore go na le masomosomo a dinaledi. Ka sekai, buka ya Baebele ya Jobe, e bua ka Jehofa e le ene yo o “[dirang] lesomo la dinaledi la Ashe, lesomo la dinaledi la Kesile, le lesomo la dinaledi la Khima.”—Jobe 9:9NW.

Maina a masomosomo a le mantsi a dinaledi a re a itseng gompieno a tswa mo ditlhamaneng tsa Segerika. Maina a a jaaka Cepheus, Cassiopeia, Andromeda, le Hercules a sa ntse a ka bonwa mo ditšhateng tsa dinaledi tsa segompieno.

Ditšhate Tsa Dinaledi Tsa Nako e e Fetileng

Mo e ka nnang ka 150 C.E., moithutadinaledi mongwe wa Mogerika e bong Ptolemy o ne a sobokanya kitso ya dinaledi e ba neng ba na le yone ka motlha wa gagwe. Tshobokanyo eno, e e bidiwang Almagest, e na le lenaane la masomosomo a le 48 a dinaledi. Ditšhate le diatlelase tsa loapi tse di neng tsa dirwa mo makgolong a dingwaga morago ga Ptolemy gantsi di ne di bontsha one masomosomo ano a le 48 a dinaledi. Tota e bile, go fitlha mo e ka nnang ka lekgolo la bo16 la dingwaga, palo ya masomosomo a dinaledi e ne e ise e fetoge. * Moragonyana, masomosomo ano a dinaledi a ne a okediwa ka a mangwe a le 40. Ka 1922, International Astronomical Union e ne ya amogela semolao lenaane leno la masomosomo a le 88 a dinaledi.

Buka ya ga Ptolemy ga e tlhalose ka masomosomo ano a dinaledi fela, mme gape e na le lenaane la dinaledi di feta di le sekete, e ntsha tshedimosetso malebana le gore di phatsima go le kana kang le gore di eme kae mo loaping. Ptolemy ga a tlhalose fela gore naledi e e rileng e ema kae go ya ka bogodimo le bophara jwa magodimo mme o naya le dintlha tse dingwe tse di oketsegileng ka botlalo. Ka sekai, naledi nngwe e e leng mo lesomosomong la Ursa Major, kana Great Bear, e tlhalosiwa e le “naledi e e fa mogatla o simololang teng,” mme naledi nngwe ya motshotshonono go bolelwa gore e “ka fa molemeng wa lengole la moja la ga Andromeda.” Buka nngwe ya thuto e bolela gore, ka gone “mankge mongwe le mongwe yo o ithutang dinaledi o ne a tshwanetse go itse tsela eno e dipopo tsa magodimo di bopegileng ka yone!”

Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa masomosomo a le mantsi a bogologolo a dinaledi a le kwa loaping lwa bokone? Mankge mongwe yo o dirang ditshwantsho tsa dipopo tsa magodimo, kana modirammapa wa loapi o tlhalosa gore ke ka gonne mokgwa ono wa go bitsa ditlhopha tse di rileng tsa dinaledi ka maina a masomosomo a tsone o simologile kwa kgaolong ya Mediterranean, koo loapi lwa bokone lo bonalang sentle gone. E ne ya nna moragonyana fela fa batho ba simolola go batlisisa mo loaping lwa borwa, ba neng ba bona masomosomo a mangwe a masha a dinaledi. Mangwe a masomosomo a masha a dinaledi a na le maina a a jaaka Chemical Furnace, Pendulum Clock, Microscope le Telescope.

“Loapi lo lo Dinaledinaledi Lwa Bakeresete”

Ka 1627, mokanoki wa Mojeremane e bong Julius Schiller o ne a gatisa atlelase ya dinaledi e e bidiwang Coelum Stellatum Christianum (Loapi lo lo Dinaledinaledi Lwa Bakeresete). O ne a na le maikutlo a gore nako e gorogile jaanong ya gore go tlosiwe dilo tsa boheitane kwa magodimong. Ka jalo, o ne a tswa letsholo la go tlosa dilo tsa boheitane kwa loaping mme mo boemong jwa tsone a dirisa maina a dilo tse di mo Baebeleng. Buka ya The Mapping of the Heavens e tlhalosa gore o ne a dirisa “Tesetamente e Ntšha mo magodimong a bokone mme a dirisa Tesetamente e Kgologolo mo go a borwa.” “Hemisefere ya borwa ya ga Schiller e ne ya fetolwa go nna motseletsele wa dilo tse di mo Tesetamenteng e Kgologolo—Jobe o dirisiwa mo boemong jwa Indian le Peacock, mme Centaur o fetolwa go nna Aborahame le Isake.” Kwa Hemisefereng ya Bokone, “Cassiopeia e nna Marea Magadalena, Perseus e nna St Paul, fa ditshupo di le somepedi tsa Sodiake di fetotswe fela go nna baaposetoloi ba le somepedi.”

Ke lesomosomo le le lengwe fela la dinaledi le le neng la se ka la fetolwa leina ka tsela eno. E ne e le Columba (Lephoi), le go bolelwang gore le ne le emela lephoi le Noa a neng a le roma go ya go batla lefatshe le le omileng.

Go Fetoga ga Dimmapa

Fa nako e ntse e ya, tsela e ditšhate tsa dinaledi di neng di lebega ka yone e ne ya fetoga. Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, morago ga gore go tlhangwe thelesekoupo, go ne go tlhokega ditšhate tse di bontshang mafelo a a tlhomameng tota ao dinaledi di emeng kwa go one. Mo godimo ga moo, mekgabisa e e dirilweng ka matsetseleko e e neng e tletse mo ditšhateng tsa bogologolo e ne e ya se ka ya tlhola e dirisiwa thata mme kgabagare e ne ya nyelela. Gompieno, diatlelase di le dintsi tsa dinaledi di na fela le dinaledi, masitlha a dinaledi, di-nebula, masagaripa, le dilo tse dingwe tse di kgatlhang mo mothong yo o elang loapi tlhoko fa go le bosigo.

Mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, go ne ga simololwa ga dirwa dibuka tse di nang le tshedimosetso e ntsi ka dilo tseno. Mongwe wa batho ba ba neng ba di goga kwa pele mo tirong eno e ne e le moithutadinaledi mongwe wa Mojeremane e bong Friedrich Wilhelm Argelander. A thusiwa ke batho bangwe ba le mmalwa, o ne a simolola namane e tona ya tiro ya go kwala buka ya dinaledi tse di kwa loaping lwa bokone. Ba dirisa thelesekoupo, ba ne ba bona mo e ka nnang dinaledi di le 325 000 mme ba ne ba lekanya gore nngwe le nngwe ya tsone e eme fa kae le gore e phatsima go le kana kang. Ka gonne lefelo la go leba dinaledi le ba neng ba berekela kwa go lone le ne le le kwa toropong ya Bonn kwa Jeremane, buka eno e ne ya bidiwa Bonner Durchmusterung (Tshekatsheko e e Feletseng ya Kwa Bonn). E ne ya gatisiwa ka 1863. Morago ga gore Argelander a swe, tiro ya gagwe e ne ya tswelediwa pele ke mongwe wa bathusi ba gagwe. O ne a dira mmapa wa dinaledi tsa loapi lwa borwa mme a gatisa tiro ya gagwe e le Südliche Bonner Durchmusterung (Tshekatsheko e e Feletseng ya Borwa ya Kwa Bonn). Patlisiso ya bofelo e ne ya kwalwa ka 1930. E ne ya gololwa kwa Cordoba, Argentina. Dibuka tseno ga di ise di ko di fetoge, nako kgolo ke eno.

Gompieno le ka Moso

Morago ga dibuka tsa ga Argelander le batlhatlhami ba gagwe go ne ga latela dibuka tse dingwe tse di botokanyana go di feta. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, morago ga go tla ga dithelesekoupo tsa lefaufau, go ne ga kgonega go dira dimmapa tse go iseng go ko go tsamaye go akanngwe gore di tla tsamaya di dirwa. Ka thuso ya Hubble Space Telescope, jaanong baithutadinaledi ba rulagantse buka e e nang le mo e ka nnang dinaledi di le dimilione di le 15!

Kgatelo pele nngwe e e neng ya dirwa bosheng jaana mo go dirweng ga dimmapa tsa magodimo ke go kwalwa ga dibuka tse pedi tse disha ke European Space Agency. Dibuka tseno di theilwe mo dilong tse di neng tsa bonwa ka thelesekoupo ya lefaufau ya satalaete ya Hipparcos. Go tla go fitlha jaanong ga go na buka epe e nngwe e e tshwanang le tseno ka go tlhalosa dinaledi ka tlhomamo jaana. Go theilwe mo dibukeng tseno, go ne ga dirwa diatlelase tse dingwe tse disha tsa dinaledi. Nngwe ya tsone ke atlelase e e nang le tshedimosetso e e akaretsang dilo di le dintsi thata, ya dibolumo di le tharo, e e bidiwang Millennium Star Atlas.

Leina leno le ka gopotsa babadi ba Baebele ka Mileniamo, kana Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete ya kagiso, e e umakiwang mo Baebeleng. (Tshenolo 20:4) Ka nako eo, ga go belaetse gore batho ba tla ithuta go le gontsi ka lobopo lono lo lo boitshegang, lo tota le diatlelase tsa gompieno tse dikgolo thata tsa dinaledi di kgonang go dira karolonyana e nnye fela ya lone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Sengwe se batho bano ba bogologolo ba neng ba sa se itse ke gore selo seno se se neng se bonala e kete ke go tsamaya ga dinaledi tota se ne se bakwa ke go dikologa ga lefatshe mo aseng ya lone. E leng lone lebaka le le dirang gore letsatsi le lebege e kete le a tlhatloga le go dikela.

^ ser. 9 Masomosomo ano a le 48 a dinaledi a ne a itsege kwa Mesopotamia, kwa Mediterranean, le kwa Yuropa. Moragonyana, a ne a itsiwe le ke batho ba ba neng ba fudugela kwa Amerika Bokone le kwa Australia. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe, jaaka Ba-China le Ba-India ba Amerika Bokone, ba ne ba dirisa tsela e e farologaneng go arola loapi.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Tšhate ya Dinaledi ya ga Apian, 1540

[Motswedi wa Setshwantsho]

By permission of the British Library (Maps C.6.d.5.: Apian’s Star Chart)

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Hemisefere ya Borwa jaaka go dirilwe mmapa wa yone mo lekgolong la bo19 la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 1998 Visual Language

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Lesomosomo la dinaledi la Orion jaaka le tlhaga mo tšhateng ya segompieno ya dinaledi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

Background on pages 25-7: Courtesy of ROE/Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin