Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Malapa A a Se Nang Borre—Go Emisa Mokgwa Ono

Malapa A a Se Nang Borre—Go Emisa Mokgwa Ono

Malapa A a Se Nang Borre—Go Emisa Mokgwa Ono

FA MEKGWA ya gompieno e ka tswelela jaana, go ise go ye kae re tla bo re na le malapa a le mantsi a a se nang borre. Pego ya Lephata la Pholo le Ditirelo Tsa Batho la kwa United States e bolela jaana: “Bana ba ba godisitsweng ke motsadi yo o se nang molekane ba nna le maduo a a kwa tlase, ga ba itshware sentle, e bile go direga gantsi gore ba lwalele ruri le go nna le malwetse a tlhaloganyo. . . . Bana ba ba godisetswang mo lelapeng la mmè yo o se nang molekane go ka direga thata gore ba ime ba sa ntse ba le bannye, ba tlogele sekolo, [le] go tswalelwa mo kgolegelong.”

Ga go gakgamatse he, go bo bomankge ba tsa loago, bagakolodi ba malapa, barutisi le e leng boradipolotiki ba senka ka tlhoafalo ditsela tsa go thibela mokgwa o o senyang ono. Go ile ga dirwa megwanto e mentsi ya banna go ba tlhotlheletsa gore ba ipele ka go nna ga bone borre le go dira gore banna ba amege ka malapa a bone. Go ile ga rekisiwa dibuka tse dintsi tse di buang kaga go nna rre. Go ne ga ba ga dirwa le maiteko a go patelela borre go sikara maikarabelo a bone. Kwa United States, “borre ba metlapa” ba ne ba nyatswa ke baatlhodi, ba tlhaselwa mo dithulaganyong tsa thelebishene tse go tshwarwang motlotlo mo go tsone ba ba ba tlhabisiwa ditlhong phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, maiteko ano ga a fetola sepe.

Ditsela Tsa go Rarabolola Bothata ka Bonako

Go rarabolola bothata jono ka bonakonako le gone go ka nna ga tsosa dipotso. Ka sekai, mosadi yo o tlhadilweng a ka nna a nyalwa gape ka bonako, a solofela go naya bana ba gagwe rre yo mosha. Mme le fa gone go nyala gape go ka nna le melemo ya gone, go ka tsoga mathata a mangwe. Ka dinako dingwe bana ga ba batle go amogela motho yo mongwe yo mosha gore e nne rraabone. Ka dinako dingwe ga ba mo amogele gotlhelele. Patlisiso nngwe e senotse gore “mo e ka nnang peditharong ya basadi ba ba neng ba nna le motsadi wa bobedi ba ne ba tlogela legae pele ba nna dingwaga di le 19 . . . , fa go bapisiwa le 50% ya basadi ba ba tswang kwa magaeng a a tlwaelegileng.” Le e leng mo malapeng a a atlegileng a motsadi wa bobedi, ka dinako dingwe go tsaya dingwaga di le dintsi pele ga bana ba amogela rre wa bobedi. *

Ka mo go tshwanang, ga go na ditsela tsa go rarabolola ka bonako bothata jwa go ima ga bana ba dingwaga tsa bolesome. Ka sekai, go senya mpa go kgatlhanong le molao wa Modimo e bile go dira gore lekgarebe le se ka la utlwela botshelonyana jo e leng gone bo simololang mo teng ga gagwe botlhoko. (Ekesodo 20:13; 21:22, 23; Pesalema 139:14-16; bapisa 1 Johane 3:17.) Go ka direga jang gore seno se se tlogele dintho mo maikutlong? Batho ba le bantsi ba tsaya gore go neela ngwana gore a godisiwe ke motho yo mongwe e ka nna yone tharabololo e e molemonyana, mme le yone e ka tlogela dintho mo maikutlong—mo go mmè le mo ngwaneng.

Nnyaa, ditsela tse di bonako tsa go rarabolola bothata jono ga di kitla di emisa mokgwa ono wa malapa a a se nang borre. Mokgwa ono wa gompieno wa malapa o tla emisiwa fela fa batho ba iketleeditse go dira diphetogo tse dikgolo mo megopolong ya bone, mo maikutlong a bone, mo boitshwarong jwa bone, mo maitsholong a bone. Go tlhokega sengwe se se fetang go bua thata le go ithuta ka tlhaloganyo ya motho go go ratiwang thata fa e le gore re batla go tlhotlheletsa batho go dira diphetogo tse dikgolo jaana. ‘Sengwe seo se segolo’ se bonwa mo Lefokong la Modimo, e bong Baebele. Gone e bile, ke Modimo ka boene yo o tlhomileng thulaganyo ya lelapa. (Baefeso 3:14, 15) O itse botoka go feta le fa e le mang gore bana ba tlhokang.

Melaometheo ya Baebele e Thusa Malapa go Itshoka

Mme a ruri Baebele e ka thusa bana ba ba se nang motsadi yo mongwe? A ga ba a senyega mo ba ka se baakanngweng? Nnyaa, ga ba senyega jalo. Kwa tshimologong ya setlhogo seno, re nopotse pego ya puso ya kwa United States e e ntshang lenaane la dikotsi tse dintsi tse bana bano ba lebaneng le tsone. Le fa gone e le lenaane le le tshosang, pego eno e ne ya konela jaana: “Le mororo go na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore go na le dikotsi tse dikgolo, patlisiso e bontshitse gape gore bontsi jwa bana ba mo malapeng a motsadi a le mongwe ba gola sentle.” Ee, ditlamorago tsa go tlhoka rre di ka nyelediwa kana gongwe tsa fokodiwa. Seno se ka direga bogolo jang fa go dirisiwa melaometheo ya Baebele go godisa ngwana.

Seno se tlhoka gore motsadi yo o se nang molekane a dire ka natla—e leng selo se se ka bonalang se le bokete kwa tshimologong. Mme fa o le mo boemong jono, o ka ithuta go ikanya Jehofa Modimo ka botlalo. (Diane 3:1, 2) Basadi bangwe ba Bakeresete mo motlheng wa Baebele ba ne ba lebane le maemo a a botlhoko, a a jaaka go nna motlholagadi. Baebele e bolela jaana ka ba ba ntseng jalo: “Mosadi yo tota e leng motlholagadi e bile a tlogetswe a le motlhoki o beile tsholofelo ya gagwe mo Modimong e bile o nnela ruri mo mekokotlelong le mo dithapelong bosigo le motshegare.” (1 Timotheo 5:5) Gakologelwa gore Jehofa o ipitsa “rramasiela.” (Pesalema 68:5) O ka tlhomamisega gore o tla thusa mosadi yo o boifang Modimo mo maitekong ao a a dirang go godisa bana ba gagwe.

Go tshwara thuto ya Baebele ya legae ka metlha le bana ba gago ke tsela e e molemo ya go ba thusa go gola gore ba nne bagolo ba ba tekatekano, ba ba godileng. (Duteronome 6:6-9) Batsadi ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ba se nang balekane ba dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di diretsweng segolobogolo basha ba ba golang, tse di jaaka Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo. * Tshedimosetso e e fitlhelwang mo go tsone e thusa basha go latela melao ya boitsholo e e ka ba thusang go tila go dira diphoso tse di dirilweng ke batsadi ba bone. Fa bana ba ntse ba ithuta kaga Jehofa Modimo, ba ka simolola go lemoga gore ba na le Rre wa selegodimo yo o amegang thata ka bone. (Pesalema 27:10) Seno se ka ba thusa go itshokela maikutlo a go itlhoboga. Mosetsana mongwe wa kwa Boritane yo o boneng fa batsadi ba gagwe ba tlhalana, o gakologelwa jaana: “Mo boemong jono jotlhe, Mmè o nthutile botlhokwa jwa go rapela le go ikanya Jehofa ka mo go feletseng. Seno se ne sa re thusa go itshoka.”

Go Boloka Kamano ya Motsadi le Ngwana

Baebele e bua ka phepafalo gore ngwana o tshwanetse go tlotla mmaagwe le rraagwe. (Ekesodo 20:12) Mme tlhalo ga e kgaotse kamano ya rre le ngwana wa gagwe. Le fa gone yo o kileng ya bo e le monna wa lelapa a sa tlhole a nna mo gae, bana ba sa ntse ba ka solegelwa molemo ke go nna le kamano e e lorato le ene. * Bothata ke gore mmè a ka nna a ikutlwa a mo galefetse e bile a sa batle gore a dirisane ka gope le bana. Mmè a ka dirisana jang ka maikutlo ano?

Baebele e gakolola ka tsela e e molemo fa e tlhagisa jaana: “Tlhokomela gore tšararego e se ka ya go gogela [ditirong tsa] bopeloetlhoi . . . Nna o itisitse gore o se ka wa retologela kwa go se se utlwisang botlhoko.” (Jobe 36:18-21, NW) Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go bua bontle ka mongwe yo o go utlwisitseng botlhoko kana yo o go tlogetseng. Mme ipotse: ‘A mosetsana a ka ithuta go ikanya monna fa ka metlha a bolelelwa kafa rraagwe a leng bosula ka teng? A mosimane a ka nna le botho jo bo tlhomameng, a nna monna yo o godileng sentle fa a nnela go tlhaselwa ka go bolelelwa gore, “O tshwana fela le rraago”? A bana ba ka nna le pono e e siameng ya bolaodi fa ba rutiwa gore ba nyatse rraabone kana ba thibelwa go mmona gotlhelele?’ Go a bonala sentle gore go senya kamano ya bana le rraabone go a senya.

O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore Baebele ga e nyatse kgalefo e e siameng. Baebele e bolela jaana: “Shakgalang, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa.” (Baefeso 4:26) Boleo ga se go galefa, mme ke go laolwa ke “tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba.” (Bakolosa 3:8) Ka jalo tila ‘go omana le rre’ fa pele ga bana ba gago. Fa o ikutlwa o batla go ntsha go betwa ke pelo go go mo go wena, latela kakantsho ya Baebele ya go buisana le mongwe ka “boimelesego” jwa gago, mme o bue le motho mongwe o sele, e seng le bana ba gago—gongwe e ka nna tsala e o e ikanyang. (Diane 12:25) Leka go nna le boikutlo jo bo siameng mme o tlogele go dulela ruri mo dilong tsa nako e e fetileng. (Moreri 7:10) Go dira jalo go ka go thusa thata go fokotsa bogale jwa gago.

La bofelo, gakologelwa gore Baebele e laela ngwana go tlotla rraagwe—le e leng le fa rraagwe a sa itshware ka tsela e e tlhomang sekao. (Baefeso 6:2, 3) Ka jalo leka go thusa bana ba gago go leba diphoso tsa rraabone ka tsela e e tshwanetseng. Mosadi mongwe yo mmotlana yo o goletseng mo lelapeng le le thubegileng o bolela jaana: “Ka go tsaya rre ka tsela e e siameng—jaaka motho yo o sa itekanelang, yo o kgonang go dira diphoso—kgabagare ke ne ka kgona go mo amogela.” Ka go kgothaletsa bana ba gago go tlotla rraabone, o ba thusa go leba bolaodi jwa gago jaaka motsadi ka tsela e e siameng!

Gape go botlhokwa gore o se ka wa dira gore melelwane gareng ga gago le bana ba gago e se ka ya bonala sentle. Ba sa ntse ba le mo tlase ga ‘molao wa mmaabone.’ (Diane 1:8) Bana ba basimane ba ka nna ba ikutlwa ba imeditswe thata fa go lebeletswe gore e nne bone ‘banna ba mo ntlong.’ Bana ba basetsana le bone ba ka nna ba ikutlwa ba imeditswe ke gore ba tshwanetse go nna batho ba bommaabone ba ba bolelelang diphiri tsa bone. Bana ba tlhoka go tlhomamisediwa gore wena jaaka motsadi o tla ba tlhokomela—e seng gore bone ba tlhokomele wena. (Bapisa 2 Bakorintha 12:14.) Go ba tlhomamisetsa jalo go ka ba dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile, le e leng le fa boemo jwa lelapa la bone bo se monate.

Borre ba e Seng ba Tlholego

Go tweng fa e le gore rre ga se karolo ya lelapa gotlhelele? Bomankge ba bolela gore bana ba ka solegelwa molemo ke go nna le motho wa monna yo ba ka tlwaelanang nae. Le fa go thusa ka tsela nngwe gore gongwe malome kana moagelani a bontshe go mo kgatlhegela ka tsela e e rileng, o tla solegelwa molemo segolobogolo ke go nna le ditsala tse di siameng tsa banna ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete. Jesu o ne a solofetsa gore phuthego e tla tshwana le lelapa le le mo emang nokeng.—Mareko 10:29, 30.

Mo metlheng ya Baebele Timotheo yo mosha o ne a gola go nna monna yo o tlhomologileng wa Modimo, a sa thusiwe ke rre yo o dumetseng. Baebele e bolela gore o thusitswe thata ke mmaagwe yo o lorato le nkokoagwe. (Ditiro 16:1; 2 Timotheo 1:1-5) Le fa go ntse jalo, o ne a solegelwa molemo gape ke go tsalana le monna wa Mokeresete—moaposetoloi Paulo. Paulo o ne a bitsa Timotheo “ngwanake yo o rategang le yo o boikanngo mo Moreneng.” (1 Bakorintha 4:17) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba kgothalediwa go reetsa kgakololo ya Baebele ya “go tlhokomela masiela le batlholagadi.” (Jakobe 1:27) Ba rotloediwa go ‘pholosa masiela’ ka go nna le kgatlhego ya bopeloephepa, e e lekalekaneng mo go ba ba ntseng jalo. (Jobe 29:12) Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Annette o gakologelwa kgatlhego ya mmatota e mogolwane mongwe wa Mokeresete a neng a mmontsha yone fa a sa ntse a le mosha, o bolela jaana: “E ne e le ene fela motho yo o jaaka rre yo ke neng ke na le ene.”

Go Emisa Mokgwa Ono

Go latela melaometheo eno go ka thusa bana ba ba se nang borraabone go atlega. Le mororo dilo di sa ba tsamaela sentle fa ba sa ntse ba le bana, ba ka kgona go nna bagolo ba ba tekatekano, ba ba atlegileng le go nna batsadi ba ba lorato, ba ba ikanyegang le ba ba ikemiseditseng. Le fa go ntse jalo, go thibela go botoka go feta go alafa. Mme kwa bokhutlong, mokgwa ono wa malapa a a se nang borre o ka fedisiwa fela fa banna le basadi ba dira tumalano ya go dirisa Baebele mo matshelong a bone—ka sekai, ka go kgomarela thibelo ya Baebele malebana le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo le ka go latela melao e Baebele e e tlhometseng banna le basadi ba ba nyalaneng.—1 Bakorintha 6:9; Baefeso 5:21-33.

Mo malatsing a gompieno, bana ba bantsi ba na le borre mo ntlong mme ba sa ntse ba ka nna ba bidiwa bana ba ba se nang borre. Mankge mongwe wa dikgang tsa lelapa o bolela jaana: “Bothata jo bogolo jo bana . . . ba lebaneng le jone gompieno ke gore batsadi ga ba na nako ya bone e bile ga ba ba tseye tsia.” Lefoko la Modimo le bua ka tlhamalalo ka kgang eno. E laela borre jaana malebana le bana ba bone: “Ba neyeng tao le kgalemo, e e tshwanelang kgodiso ya Bokeresete.” (Baefeso 6:4, New English Bible; Diane 24:27) Fa borre ba latela kgakololo eno ya Baebele, bana ga ba na ba boifa gore ba tla latlhiwa.

Le fa go ntse jalo, a go a utlwala go dumela gore batho ba le bantsi ba tla utlwa Baebele? Nnyaa. (Mathaio 7:14) Mme Basupi ba ga Jehofa ba thusitse batho ba le dimilione go bona boitumelo mo malapeng a bone ka thulaganyo ya thuto ya legae ya Baebele. * Gone mme, Baebele e tlhagisa gore banyalani botlhe ba tla nna le “pitlagano mo nameng ya bone” ka ntlha ya go sa itekanela. (1 Bakorintha 7:28) Mme ba ba tlotlang Lefoko la Modimo ka mmatota ba senka go rarabolola mathata a bone, e seng go tlhala fa ba kopana le bothata jwa ntlha fela. Gone ke boammaaruri gore go na le dinako tse ka tsone Mokeresete a ka tshwanelwang ke go akanya ka go arogana le molekane wa gagwe kana le e leng go mo tlhala. (Mathaio 5:32) Le fa go ntse jalo, go itse ka diphelelo tse go dira jalo go ka nnang le tsone mo baneng ba gagwe go tla tlhotlheletsa Mokeresete go senka ditsela tsa go sireletsa lenyalo la gagwe fa go ka kgonega.

Go latela Baebele ga go ne go felela fela ka go boloka lelapa la gago gone jaanong. Go ka dira gore lotlhe lo tshele ka bosakhutleng! Jesu o ne a bolela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go bala le go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo ke nngwe ya ditsela tsa botlhokwa tsa go tlhomamisa gore lelapa la gago le tla nna le kitlanye ka bosakhutleng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Tshedimosetso e e ka thusang batsadi ba bobedi e ne ya gatisiwa mo makasineng o o tsamaisanang le ono wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1999.

^ ser. 11 E e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

^ ser. 13 Seno ga se ne se dira fa ngwana a le mo kotsing ya go sotlwa ke rraagwe mo mmeleng le ka tlhakanelodikobo.

^ ser. 24 Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng (e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) e na le kgakololo e ntsi e e theilweng mo Baebeleng e e ka thusang malapa. O ka e bona ka go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Ka go latela melaometheo ya Baebele, motsadi yo o se nang molekane a ka atlega go godisa bana

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Banna ba Bakeresete gantsi ba ka ‘pholosa lesiela’ ka go mo kgatlhegela ka bopeloephepa le ka tsela e e siameng