Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tila Jang Dikotsi Tsa Internet?

Nka Tila Jang Dikotsi Tsa Internet?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Tila Jang Dikotsi Tsa Internet?

AKANYA fela o le mo laeboraring e kgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. O dikaganyeditswe ke dibuka, makwalodikgang, dikhathaloko, ditshwantsho le dikgatiso tsa mefuta yotlhe—tse di buang ka mo e ka nnang ka sengwe le sengwe. O kgona go bona tshedimosetso yotlhe ya bosheng mmogo le dibuka tse dintsi tsa makgolo a a fetileng a dingwaga kwantle ga mathata.

Ebu, Internet e ka dira gore o kgone go bona tshedimosetso e e ntseng jalo motlhofo. E kgontsha motho go nna mo khomputareng ya gagwe le go refosanya tshedimosetso le dikhomputara tse dingwe le badirisi ba bangwe ba dikhomputara gongwe le gongwe mo lefatsheng. * E dira gore badirisi ba yone ba kgone go rekisa dilwana, go reka, go banka, go buisana, go reetsa mmino wa bosheng—tsotlhe tseno ba ituletse mo magaeng a bone.

Ga go gakgamatse he, fa bomankge bangwe ba bolelela pele gore batho ba ba fetang dimilione di le 320 ba tla bo ba dirisa Internet fa ngwaga ono o fela. Ka jalo Internet e setse e dirisiwa thata kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. E re ka dikolo le dilaeborari di rotloetsa thata gore e dirisiwe, basha ba le dimilione ba setse ba na le yone. Kwa United States, mo e ka nnang diperesente di le 65 tsa basha ba dingwaga tsa magareng ga 12 le 19 ba setse ba e dirisitse kana ba dirile peeletso ya yone.

Fa Internet e dirisiwa ka tshwanelo, e ka go naya tshedimosetso e e molemo e e kaga maemo a bosa, bojanala le dilo tse dingwe. O ka e dirisa go reka dibuka, dilo tsa dikoloi le dilo tse dingwe. Ba le bantsi ba e dirisetsa tiro ya sekolo.

Le fa gone Internet e ka nna mosola, gape e ka tshwana le laeborari e e se nang motlhokomedi wa laeborari kana batho ba bangwe ba ba go etseng tlhoko. Motho o kgona go e tlhola a na le maikutlo a gore ga go na ope yo o mmonang. Mme eno ke nngwe ya dikotsi tse kgolo thata tsa go dirisa Internet. Ka ntlha yang? Ka gonne diaterese di le dintsi tsa Web di na le tshedimosetso e e senyang mo boitsholong le e e senyang semoyeng. Ka jalo, Internet e ka digela basha ba Bakeresete mo thaelong. Mo godimo ga moo, batho ka tlholego ba rata go batla go itse dilo—e leng bokoa jo Satane Diabolo a sa bolong go nna a bo dirisa thata. Eleruri Satane o ne a dirisa go rata dilo ga ga Efa mme ‘a mo faposa ka bohelepa jwa gagwe.’—2 Bakorintha 11:3.

Ka tsela e e tshwanang, mosha wa Mokeresete a ka faposiwa motlhofo ke tshedimosetso e e sa siamang fa a sa ikemisetsa go sireletsa bomoya jwa gagwe. Setlhogo sengwe mo go Better Homes and Gardens se tlhalositse jaana: “Internet ke lefelo le le tlhanaselang thata moo beng ba dikgang ba ba botlhale thata ba emang gone go rekisa tshedimosetso ya bosheng; mme go na le batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana, batsietsi, ba ba ditlhogo di thata le batho ba bangwe ba ba sa siamang ba le bone ba kailakailang mo go yone.”

Mosha mongwe yo o bidiwang Javier * o bolela jaana: “Diaterese dingwe tsa Web di a tshosa. Di ka tlhaga fela o sa di lebelela.” O oketsa jaana: “Di leka go go ngoka. Di batla go go hepisa—go go jela madi.” Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang John o dumela jaana: “Fa o setse o simolotse go leba tshedimosetso e e sa siamang, go thata go e tlogela—go a tshwakgola.” Basha bangwe ba Bakeresete ba ne ba itlwaetsa go leba diaterese tse di sa siamang tseno tsa Web, mme seno se ne sa ba tsenya mo mathateng a magolo. Bangwe ba ne ba bo ba senya kamano ya bone le Jehofa. Seno se ka tilwa jang?

“Go Bona Selo sa Lefela”

Ka dinako tse dingwe aterese ya Web ka boyone e supa ka phepafalo gore e na le tshedimosetso e e sa siamang. * Diane 22:3 e tlhagisa jaana: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.”

Le fa go ntse jalo, bothata jo bo tlwaelegileng thata ke jwa gore batho ba ka tsena mo atereseng e e sa siamang ba sa lebelela gotlhelele. Tsebe ya ntlha ya teng (home page) e ka tswa e na le ditshwantsho tse di kgatlhang tse di dirilweng ka kelotlhoko go go ngoka go tsena mo atereseng eno—mme di dira gore o nne o boaboele kwa go yone gangwe le gape! *

Kevin o tlhalosa se se neng sa diragalela mongwe wa ditsala tsa gagwe: “O ne a sa dire sepe e bile o ne a rata dilo. Ka bonako fela o ne a tlwaela go leba ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.” Ka lesego, mosha yono wa Mokeresete o ne a buisana le mogolwane mongwe mme a bona thuso.

A o setse o sweditse gore o tla dirang fa o ka tsena mo atereseng e e ntseng jalo? Go phepafetse gore ke eng se Mokeresete a tshwanetseng go se dira: Tswa mo atereseng eo ka yone nako eo—gongwe e bile tima Internet ka boyone! Dira jaaka mopesalema yo o neng a rapela jaana: “Faposa matlho a me mo go lebeng boithamako.” (Pesalema 119:37; bapisa Jobe 31:1.) Gakologelwa gore le e leng le fa go se na motho yo o re lebileng, ga se gore ga re bonwe ke ope. Baebele e re gakolola gore dilo tsotlhe “di mo mpaananeng fela mo matlhong a one o re nang le go ikarabelela mo go one.”—Bahebera 4:13.

Go buisana le batsadi ba gago kana le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng go ka nonotsha maikaelelo a gago a gore o se boele gape o leba diaterese tse di sa siamang. Gone mme, fa o ne o ka wela mo lorageng, a o ne o tla ikgaratlhela o le esi go tswa mo go lone go fitlha o tlhagile ka tlhogo fela e bo e le gone o kuang mokgosi go kopa thuso?

Go Tweng ka go Itlwaelanya le Batho ba Bangwe o Dirisa Khomputara?

Go tshwara motlotlo ka khomputara go dira gore badirisi ba Internet mo lefatsheng lotlhe ba kgone go buisana mmogo ka yone nako eo. Dikgwebo di dirisa thulaganyo eno go tshwara dikhonferense ka khomputara le go thusa bareki ka seo ba se tlhokang. Dithulaganyo tse dingwe tsa go tshwara motlotlo ka khomputara di kgontsha badirisi go bolelelana tshedimosetso ka dikgang tsa botegeniki, tse di jaaka go baakanya dikoloi kana go dira dithulaganyo tsa khomputara. Mekgwa mengwe ya go tshwara motlotlo ka khomputara e thusa ditsala le ba losika go buisana mo sephiring kwantle ga gore ba duele madi a mantsi a go founela kgakala. Le fa gone go na le dilo tse di molemo tse o ka di dirang ka thulaganyo eno, a go na le dikotsi dingwe?

Go tlhokega go nna kelotlhoko thata fa go tliwa mo thulaganyong eno ya go tshwara motlotlo ka khomputara mo o kgonang go bua le mongwe le mongwe fela mo go yone, ka gonne thulaganyo eno e ka tsosa dikotsi dingwe. Mokwadi Leah Rozen o akgela jaana: “Bana ba dingwaga tsa bolesome ba ba itseng boranyane jwa saense ba dirisa diura di le dintsi ba tshwere metlotlo ka khomputara le batho ba ba sa ba itseng ba ba tswang gotlhe mo nageng le e leng gotlhe mo lefatsheng. Ka bomadimabe, bangwe ba batho ba ba sa itsiweng bano ba basha bano ba tlotlang le bone mo khomputareng go ka direga gape gore e nne bagolo ba ba se nang boitshwaro ba ba senkang bana ba ba ka lekang go robala le bone.” Setlhogo sengwe mo go Popular Mechanics se tlhagisitse gore “o tshwanetse go nna kelotlhoko thata” fa o dirisa thulaganyo eno ya go tshwara motlotlo le ba bangwe ka khomputara. Go naya motho yo o sa mo itseng leina le aterese tsa gago e ka nna go itsenya mo mathateng a magolo! Ke ka ntlha yang fa o itsenya mo kotsing eo?

Le fa go ntse jalo, kotsi e e bofitlha thata ke fa o ka iphitlhela o tsalane ka tsela e e sa siamang le batho ba o sa ba itseng ba ba sa tlotleng melaometheo ya Baebele. * Babatlisisi ba bolela gore bontsi jwa dilo tse basha ba buang ka tsone fa ba tshwere motlotlo ka khomputara ke tlhakanelodikobo. Ka jalo, kgakololo ya Baebele mo go 1 Bakorintha 15:33 e a tshwanela: “Lo se ka lwa timediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.” Go itlwaelanya le ba ba bosula ka khomputara go kotsi. A mosha yo o boifang Modimo o tshwanetse go itsenya mo dikotsing tseno a sa kgathale?

Dilo Tse Di ka Go Sireletsang

Ka ntlha ya dikotsi tse Internet e ka di bakang, e tshwanetse ya dirisiwa ka kelotlhoko. Ka sekai, malapa mangwe a baya khomputara mo lefelong le le bulegileng, jaaka mo kamoreng ya bonno. Gape ba ka nna ba tlhoma molao wa gore Internet e dirisiwe fela fa ba bangwe ba le teng mo gae. Fa batsadi ba gago ba dira dithibelo tseno, bontsha tirisanommogo. (Diane 1:8) Go ntsha ga bone dikaelo tse di phepafetseng ke go go bontsha kafa ba go ratang ka teng.

Fa tiro ya sekolo e tlhoka gore o dirise Internet, ke ka ntlha yang o sa tlhomamise gore ke nako e kae e o tla e dirisang o le mo khomputareng? Leka go swetsa go sa le gale gore o tlile go dirisa nako e kana kang, o dirisa tshupanako e e lelang go go gakolola gore nako eo e fedile. Tom o akantsha jaana: “Rulaganya go sa le gale, itse sentle gore o batla eng mme o kgomarele seo—go sa kgathalesege gore dilo tse dingwe di lebega di kgatlha go le kana kang.”

Gape motho o tlhoka go nna kelotlhoko fa a dirisa E-mail. Basha ba Bakeresete ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba tshwarega thata ka go bala melaetsa e mentsintsi ya E-mail, segolobogolo fa tshedimosetso e ntsi ya yone e sa thuse sepe kana e se boammaaruri. Go dirisa E-mail ka tsela e e feteletseng thata go ka ja nako e e botlhokwa ya go dira tiro ya sekolo le ditiro tsa semoya.

Kgosi Solomone o ne a bolela jaana: “Ga go na bokhutlo jwa go dira dibuka tse dintsi, mme go ineela thata mo go tsone go lapisa nama.” (Moreri 12:12, NW) Mafoko ano a ka dira sentle mo go diriseng Internet. O se ke wa tshwarega thata mo go senkeng mabaka le dipalo mo o itlhokomolosang thuto ya gago ka namana ya Baebele le go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete. (Mathaio 24:14; Johane 17:3; Baefeso 5:15, 16) Gape gakologelwa gore, le fa gone go tlotla ka khomputara go ka nna le sebaka sa gone, ga go na sepe se se ka emisetsang go buisana le Bakeresetemmogo lo lebane mo matlhong. Ka jalo fa ruri go tlhokega gore o dirise Internet, dira tshwetso e e tlhomameng ya go e dirisa ka botlhale. Tila diaterese tse di kotsi mme o se ke wa senya nako e ntsi o le mo khomputareng. “Dibela pelo ya gago,” mme o se ke wa nna lekgoba la Internet.—Diane 4:23.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bona motseletsele wa “Internet—A o Ka e Dirisa? o o tlhagang mo makasineng wa Tsogang! ya July 22, 1997 (ka Seesemane).

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 11 Aterese ya Web ke mogolagang wa ditlhaka tse di dirisiwang go tsena mo teng ga karolo ya Web ka boyone. Ka dinako dingwe diaterese di na le mafoko a a supang maikaelelo a aterese eo.

^ ser. 12 Home page e tshwana le tsebe ya ntlhantlha ya eleketeroniki. E tlhalosa se o ka se bonang mo atereseng eno, gore ke mang yo o e kwadileng le tse dingwe jalo.

^ ser. 19 Dikotsi tse di ntseng jalo di ka nna teng mo dithulaganyong tsa go tshwara motlotlo le ba bangwe ka khomputara tse di tlhomilweng ke Bakeresete ba ba neng ba na le maitlhomo a a siameng a gore go tlotliwe ka dikgang tsa semoya. Batho ba ba sa ikanyegeng le batlhanogi ka dinako dingwe ba ne ba tsena mo metlotlong eno mme ka bofitlha ba leka go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba amogele dikgopolo tsa bone tse di sa tsweng mo Dikwalong.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Diaterese dingwe tsa Web di a tshosa. Di ka tlhaga fela o sa di lebelela”

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Malapa mangwe a baya khomputara ya mo gae mo lefelong le le bulegileng