Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Russia ba Ipelela go Obamela ka Kgololesego

Ba-Russia ba Ipelela go Obamela ka Kgololesego

Ba-Russia ba Ipelela go Obamela ka Kgololesego

FA E SA LE SOVIET UNION E PHUTLHAMA KA 1991, BATHO BA BA NNANG KOO BA ILE BA IPELELA GO OBAMELA MODIMO KA KGOLOLESEGO GO FETA PELE. GAPE KGOLOLESEGO E E NTSENG JALO E NE YA IPELELWA LE KE BATHO BA BA NENG BA FUDUGELA KWA DINAGENG TSE DINGWE.

MO BATHONG ba le bantsi ba ba nnang kwa go se pele e neng e le Soviet Union, kgololesego ya go kopana phatlhalatsa go obamela Modimo ke selo se se itumedisang eleruri—se ba neng ba se amogiwa ka masomesome a dingwaga.

Morago ga Menolopuso ya Bolshevik ka 1917, go ne ga nna kotsi go bala Baebele kwa Russia, mme ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba tsenya kgololesego ya bone mo kotsing gore ba e bale. Go ne go sa nna jalo ka Basupi ba ga Jehofa. Tota e bile, makasine wa Newsweek wa April 16, 1956—mo e batlileng e nna dingwaga tse 44 tse di fetileng—o ne wa nopola mosha mongwe wa kwa Jeremane Botlhaba a bolela jaana: “Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba balang Baebele.” Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa batho ba ba berekisiwang ka thata ka ntlha ya go tshwara dipokano tsa thuto ya Baebele le go rera ka molaetsa wa Baebele. Le fa go ntse jalo, gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, ba ne ba tlhoma mogopolo mo tsholofelong ya bone e e theilweng mo Baebeleng, jaaka lebokoso le le fano le bontsha.

E ne ya re fa Soviet Union e simolola go phutlhama ka 1991, Basupi koo ba ne ba tshwara dikopano di le supa tse dikgolo tse di neng di gatelela thulaganyo ya thuto ya Baebele. Palogotlhe ya ba ba neng ba le teng kwa dikopanong tseno tsotlhe e ne le 74 252. Ka 1993, dingwaga di le pedi fela moragonyana, batho ba le 112 326 ba ne ba phuthegela kwa dikopanong tse di ntseng jalo tse robedi kwa direpaboliking di le 4 tsa tse 15 tse pele e neng e le tsa Soviet Union. * Bontsi jwa diketekete tseno bo ne bo nnile dingwaga di le dintsi kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa batho ba ba berekisiwang ka thata tsa Soviet. Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ne ba lebogela thata kgololesego ya bone ya go obamela Modimo go se na sepe se se ba kgoreletsang.

Ngwaga mongwe le mongwe fa e sa le ka 1993, batho ba ba tswang kwa direpaboliking tse pele e neng e le tsa Soviet ba ile ba ipelela tshiamelo ya go kopana ka kgololesego kwa dikokoanong tsa Bokeresete kwa nagagaeng ya bone. Ka sekai, mo ngwageng o o fetileng Basupi ba ga Jehofa ba le 282 333 mmogo le ditsala tsa bone ba ne ba itumelela go obamela mmogo kwa Dikopanong Tsa Kgaolo tse 80 tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti” tse di neng di tshwaretswe kwa direpaboliking tse pele e neng e le tsa Soviet. Mme go ne ga kolobediwa palogotlhe ya batho ba ba 13 452.

Le fa go ka nna ga lebega go gakgamatsa, mo ngwageng o o fetileng go ne ga nna le dikopano tse dikgolo tsa puo ya Se-Russia le kwa dinageng tse dingwe mo lefatsheng. Palogotlhe ya batho ba le 6 336 ba ne ba nna teng kwa dikokoanong di le nnè tse di ntseng jalo kwa dinageng tse di kwa ntle ga se pele e neng e le Soviet Union! Dikokoano tseno di ne di tshwaretswe kae? Mme ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi jaana ba ba buang Se-Russia ba kgatlhegela Baebele thata jaana? A re sekaseke pele potso ya bobedi ka bokhutshwane.

Ba Lemoga Gore ba a Tlhoka Semoyeng

Russia e na le hisitori e telele thata ya bodumedi. Dikereke tsa yone tse dikgolo tse di kgabisitsweng thata, tse di neng tsa agiwa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, di balelwa gareng ga dilo tse di itsegeng thata mo Labokereseteng. Le fa go ntse jalo, Kereke ya Orthodox ya Russia, fela jaaka Kereke ya Katoliki ya Roma, ga ya ka ya ruta batho sepe ka Baebele.

Buka ya bosheng jaana ya The Russian Tragedy—The Burden of History e tlhalosa jaana: “Baebele ga e ise e ko e nne karolo ya botlhokwatlhokwa ya Kereke ya Orthodox ya Russia.” Go ya ka mokanoki mongwe wa bodumedi wa kwa Russia e bong Sergei Ivanenko, seno se feletse ka gore “go sa itse Baebele ga badumedi ba le bantsi ba dikereke tsa Orthodox go dirile gore ba ineele thata mo tumelobotlhoding, mo tirisabadimong le mo boselamoseng go feta batho ba ba sa dumeleng.”

Mokwadi mongwe yo o itsegeng thata wa kwa Russia e bong Tolstoy le ene o ne a bua se se tshwanang. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka feleletsa ke tlhatswegile pelo gore thuto ya kereke [ya Orthodox ya Russia], fa go buiwa ka yone, e ne e tsietsa batho ka boferefere e bile e le kotsi, mme fa go buiwa ka ditiro tsa yone, e ne e tletse ka ditumelo tse di maswe thata tsa botlhodi le boloi, tse di neng di bipa dithuto tsa Bokeresete gotlhelele.”

Boemo jono bo ne jwa tsosa Bokomonisi jwa Soviet ka thuto ya jone ya bolatolamodimo le moano wa jone o o itsegeng thata o o reng: “Bodumedi ke matekwane a batho.” Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Bokomonisi ka bojone bo ne jwa nna mofuta mongwe wa bodumedi, gantsi bo bidiwa Bodumedi jwa Bokomonisi. Mme Bodumedi jono jwa Bokomonisi ga bo a ka jwa tsaya nako e telele. E ne ya re fa Naga ya Soviet e gosomana ka 1991, batho ba le dimilionemilione ba ne ba tlhakane tlhogo e bile ba sa itse gore ba lebe kae. Ka ntlha ya go kgothadiwa ke Basupi ba ga Jehofa, Ba-Russia ba le diketekete ba ne ba batla dikarabo mo Baebeleng.

Ba-Russia ba ile ba balelwa gareng ga batho ba ba rutegileng thata mo lefatsheng ka ntlha ya thulaganyo ya bone e e molemo ya go ithuta. Ka jalo, Ba-Russia ba le bantsi ga ba ka ba nna babadi ba Baebele fela mme gape ba ne ba simolola go rata le se e se rutang. Mo godimo ga moo, segolobogolo mo lesomeng la dingwaga la bo1990, batho ba ba makgolo a a dikete ba ba tswang kwa go se pele e neng e le Soviet Union ba ne ba fudugela kwa dinageng tse dingwe, tse di jaaka Gerika, Jeremane le United States. Go ne ga felela ka eng?

Ba Gololesegile go Obamela Kwa Jeremane

Mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga, Bajeremane ba le bantsi ba ne ba fudugela kwa Russia. Mongwe wa bone yo a neng a itsege thata e ne e le Sophie wa dingwaga tse 15, yo ka 1762, a neng a tlhatlhama monna wa gagwe go nna mmusi wa Russia. Ka nako ya puso ya gagwe e e tsereng lobaka lo loleele, Sophie, yo moragonyana a neng a itsiwe e le Catherine yo Mogolo, o ne a laletsa balemirui ba kwa Jeremane go tla go nna kwa Russia. Morago ga moo, e ne ya re fa Jeremane e tlhasela Soviet Union ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, bontsi jwa ba ba neng ba tlholega kwa Jeremane ba ne ba romelwa kwa Siberia le kwa direpaboliking tsa Soviet tse di jaaka Kazakhstan, Kyrgyzstan le Uzbekistan. Bosheng jaana Bajeremane ba le bantsi ba ba buang Se-Russia, mmogo le ba bangwe ba ba tswang kwa go se pele e neng e le Soviet Union, ba ne ba fudugela kwa Jeremane go ya go ipelela maemo a a botoka a itsholelo.

Ka December 1992, phuthego ya ntlha ya Se-Russia kwa Jeremane e ne ya tlhongwa kwa Berlin. Mo ngwageng o o fetileng, diphuthego tse 52 le ditlhotshwana tse 43 di ne tsa tlhomiwa go nna dipotologo di le tharo tsa Se-Russia kwa Jeremane. Tlhora ya batho ba ba neng ba le teng kwa Kopanong ya Kgaolo kwa Cologne ya “Lefoko la Modimo la Boporofeti” ya puo ya Se-Russia, e e neng e tshwerwe go tloga ka July 30 go ya go August 1 e ne e le 4 920, koo batho ba le 164 ba neng ba kolobediwa gone go bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa. Pelenyana ga moo, ka April 1, mo diphuthegong tsa Jeremane tsa puo ya Se-Russia, go ne go na le batho ba le 6 175 ba ba neng ba tlile go tla go keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu.

Ba-Russia Kwa United States

Batho ba ba buang Se-Russia ba ba tswang kwa go se pele e neng e le Soviet Union ba ne ba thologelela le kwa United States. The New York Times e ne ya bega jaana: “Magareng ga 1991 le 1996, Ba-Russia e ne e le setlhopha sa bafaladi se se golang ka bonako thata mo Brooklyn. Mo lobakeng lone lono, Tirelo ya Bofaladi le Kamogelo e ne ya amogela bafaladi ba feta 339 000 kwa United States ba ba neng ba tswa kwa go se pele e neng e le Soviet Union.”

Moragonyana, makasine wa Times wa January 1999 o ne wa bolela gore mo lesomeng le le fetileng la dingwaga, mo e ka nnang Bajuda ba le 400 000 ba ba neng ba tswa kwa go se pele e neng e le Soviet Union ba ne ba fudugetse kwa New York City le kwa mafelong a a e dikologileng. Mo godimo ga moo, Ba-Russia ba le diketekete ba ile ba nna le kwa dikarolong tse dingwe tsa United States mo dingwageng tsa bosheng jaana. Ka sekai, mo e ka nnang bafaladi ba bangwe gape ba le 35 000 ba Ba-Russia ba ile ba thologelela kwa California bokone, ba dira gore e nne lefelo la boraro le legolo thata morago ga New York le Los Angeles le le nang le bafaladi ba ba tswang kwa go se pele e neng e le Soviet Union. Gape batho bano ba ba buang Se-Russia ba ne ba dirisa tshono ya go ithuta Baebele, mme makgolokgolo a bone e setse e le baobamedi ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa.

Ka April 1, 1994, phuthego ya ntlha ya Se-Russia ya Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya gompieno kwa United States e ne ya tlhongwa kwa Brooklyn, New York. Kgabagare, diphuthego tsa Se-Russian di ne tsa simololwa kwa Pennsylvania, California le Washington. Ditlhopha tsa thuto di ne tsa simololwa kwa dikarolong tse dingwe tse dintsi tsa naga eno.

La Ntlha Kwa United States

Ngogola ka August 20 go ya go 22, tlhora ya batho ba le 670 go tswa kwa United States yotlhe le Canada ba ne ba ipelela go nna teng kwa kopanong ya ntlha ya kgaolo ya puo ya Se-Russia e e neng e tshwaretswe kwa New York City. Dipuo tsotlhe di ne di neelwa ka Se-Russia, mme terama ya moaparo o o feletseng wa bogologolo, e e bontshang kgang ya Baebele ya ga Jakobe le Esau, e ne e tshamekwa ke maloko a Phuthego ya Se-Russia ya Los Angeles, California. Ruri e ne e le ntlhakgolo ya kopano eno.

Ntlha e nngwe gape e kgolo ya kopano eno e ne e le go kolobediwa ga batho ba le 14, ba ba mo setshwantshong se se fano. Ba le mmalwa ba ne ba tsamaya loeto lwa dikilometara di ka nna 4 000 go tswa kwa Portland, Oregon le kwa Los Angeles le San Francisco, California, go ya go kolobediwa kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa New York City. Mo nakong e e fetileng, batho bano ba ba 14 ba ne ba nna kwa direpaboliking tsa se pele e neng e le Soviet tsa Armenia, Azerbaijan, Belarus, Moldova, Russia le Ukraine. Maitemogelo a bone a senola gore ba ipelela kitso ya Modimo go le kana kang le go mo obamela ka kgololesego.

Svetlana (wa boraro go tswa ka fa molemeng, mo moleng o o kwa pele) o goletse kwa Moscow. Fa a le dingwaga di le 17 o ne a nyalwa ke moopedi mongwe yo o tumileng yo a neng a mo feta ka dingwaga di le dintsi, mme ka 1989 ba ne ba fuduga le ngwana wa bone wa mosimane ba fudugela kwa United States. Monna wa gagwe o ne tsamaya maeto a maleele thata, mme morago ga dingwaga di le tlhano ba ne ba tlhalana.

E ne ya re fa Svetlana a kopana le Mosupi mongwe yo a neng a bereka le ene, ditsala tsa gagwe di ne tsa mo tlhagisa gore a se ka a inaakanya le se ba neng ba re ke “lekoko le le neng le tlile go laola botshelo jwa [gagwe] le go mo tseela madi otlhe a [gagwe].” Le fa go ntse jalo, o ne a batla go ithuta se Baebele e se rutang. O bolela jaana fa a sena go bontshiwa leina la Modimo mo Baebeleng: “Ke ne ke kgatlhilwe thata ke gore Basupi e ne e le bone fela ba ba neng ba itsise leina leo.”

Fa Andrei (wa boraro go tswa ka fa molemeng, mo moleng o o kwa morago) a ne a sa ntse a le mmotlana o ne a tlogela legae kwa Siberia go ya go tswelela a ikatisetsa boatleletiki kwa go se jaanong e leng St. Petersburg. Ka bonako fela morago ga moo, Soviet Union e ne ya phutlhama, mme ka 1993, fa Andrei a le dingwaga di le 22, o ne a fudugela kwa United States. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka simolola go akanya ka Modimo mme ka simolola go ya kwa Kerekeng ya Orthodox ya Russia. Nako nngwe, fa go ne go ketekwa Ista ya Se-Russia, ke ne ka nna bosigo jotlhe kwa kerekeng ke senka go atamelana gaufi le Modimo.”

Mo e ka nnang ka yone nako eno Svetlana o ne a kopana le Andrei, mme o ne a mmolelela dilo tse a neng a ntse a di ithuta mo thutong ya gagwe ya Baebele. Andrei o ne a dumela go ya le ene kwa pokanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, mme morago ga moo o ne a amogela thuto ya Baebele. Ba ne ba nyalana ka January 1999. Mme ba ne ba itumetse thata morago ga gore ba kolobediwe kwa kopanong nngwe e kgolo.

Pavel (wa bonè go tswa kwa molemeng, mo moleng o o kwa morago) o tsholetswe gaufi le Qaraghandy, Kazakhstan, mme moragonyana o ne a fudugela kwa Nal’chik, Russia. Toropokgolo eno e gaufi le Chechnya le Dagestan, koo go nnileng le dintwa di le dintsi gone. Pavel o ne a kopana la ntlha le Basupi koo ka August 1996, mme o ne a fudugela kwa San Francisco mo kgweding e e latelang. O ne a inaakantse le diokobatsi mme a na le ngwana wa mosetsana, yo a neng a mo tlogetse le mmagwe kwa Russia.

Ka bonako fela morago ga gore Pavel a goroge kwa United States, o ne a ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa mme a amogela thuto ya Baebele. O ne a baakanya botshelo jwa gagwe mme a kwalela mmaagwe morwadie a mmolelela ka ditumelo tse disha tse a di boneng. Jaanong mosadi yono o ithuta le Basupi ba ga Jehofa, mme go ntse go rulaganngwa gore a tle go nna kwa United States gore ene le Pavel ba kgone go nyalana mme ba direle Jehofa mmogo le morwadiabone kwa California.

George (wa bobedi go tswa ka fa molemeng, mo moleng o o kwa morago,) o tsholetswe kwa Moscow a bo a golela teng. O ne a goroga kwa United States ka 1996, mme mo ngwageng o o latelang o ne a nyala Flora, yo ka tlholego a neng a tswa kwa Azerbaijan. George o ne a tsena Kereke ya Orthodox ya Russia, mme e ne ya re fa a sena go bala khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo, o ne a nna le dipotso malebana le thuto ya Tharonngwe. Fa Mokgatlho wa Watch Tower o ne o araba lekwalo la gagwe o ne wa mo romelela boroutšhara jwa A o Tshwanetse go Dumela Tharo-Nngwe? Ka 1998 ene le Flora ba ne ba simolola go ithuta Baebele. Jaanong mosadi wa gagwe le ene o rulaganyetsa gore a kolobediwe.

Ntlhakgolo e nngwe ya kopano eno e ne e le go amogela ditumediso tse di tswang kwa Moscow, koo batho ba le 15 108 ba neng ba phuthegetse kwa kopanong ya bone gone, mo go one mafelobeke ao. A bo batlakopanong kwa New York City ba ne ba itumela jang ne fa ba utlwa gore go kolobeditswe batho ba le 600 kwa kopanong eo! Go ne go ntse jalo segolobogolo ka gonne makwalodikgang le dithelebishene di ne tsa simolola go bega kwa United States le kwa mafelong a mangwe dilo tse di neng di sa jese di welang mo bekeng ya kopano eno.

Se se Neng se Direga Kwa Moscow

Ka July 21, 1999, Basupi ba ne ba saenela tumelano ya go dirisa Olympic Stadium e e neng e le gaufi le bogare jwa Moscow mme e bapile thata le kereke e kgolo ya Orthodox ya Russia. Le fa go ntse jalo, beke pele ga kopano eno e simolola, go ne go bonala sentle gore ba ne ba tlile go nna le mathata. Ka Laboraro, August 18, Basupi ba ne ba ntse ba ise ba letlelelwe go dirisa setadiamo, le mororo ba ne ba setse ba duetse madi a go se hira. Go ne ga gatelelwa mo badireding ba bagolo gore Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlho wa bodumedi o o amogetsweng semolao mo Russia, jaaka lebokoso le le mo tsebeng ya 28 le bontsha.

Ka ntlha ya gore batlakopanong ba ka nna 15 000 ba ne ba ipaakanyetsa go nna teng ka Labotlhano mo mosong, baemedi ba Basupi ba ne ba simolola go tlhobaela. Batlakopanong bangwe ba ne ba ya kwa Moscow ba tswa kwa metseng le ditoropong tse di kgakala thata. Kgabagare, morago ga diura tse dintsintsi go ntse go buisanwa, mo e ka nnang ka 8:00 p.m., ka Labone, August 19, balaodi ba setadiamo ba ne ba itumelela go itsise baemedi ba Basupi gore kopano e ka nna ya tswelela pele. Lekgotla la tsamaiso ya toropo le ne la bolela gore le ne le se na bothata ka kopano eno.

Mo mosong o o latelang diketekete tsa batho di ne tsa thologela kwa setadiamong. Basupi ba ba neng ba ithaopile ba ne ba berekile bosigo jotlhe go ba baakanyetsa. Gape mo mosong oo wa ntlha go ne go na le boradikgang, ba ba neng ba boleletswe pelenyana gore kopano eno e ne e tlile go ganediwa gore e se tshwarwe. Mongwe wa bone o ne a bolela jaana: “Re itumela le lona! Re itumelela go utlwa gore kopano ya lona e tswelela pele.”

Sekao sa Boitshwaro jo bo Rulagantsweng Sentle

Balaodi ba setadiamo ba ne ba akanya gore go tla bo go le botlhale go tsaya dikgato tsa tshireletso. Ka jalo, batho ba ba disang ba ba neng ba tshotse didirisiwa tse di kgonang go bona gore a motho o tshwere dibetsa, tse di tshwanang le tse di dirisediwang go phuruphutsa bapagami ba difofane kwa boemafofaneng, ba ne ba eme mo dikgorong tsotlhe. Gape mapodise a ne a tletsetletse mo gare ga setadiamo. Kopano e ne ya tswelela pele sentle ka thulaganyo go se na matshosetsi ape a a masisi.

Ka Matlhatso maitseboa mongwe o ne a founa a bolela gore go na le bomo mo setadiamong. Molaetsa ono o o tshosang o ne wa amogelwa pele ga puo ya bobedi pele ga ya bofelo ya letsatsi e fela. Ka jalo, fa balaodi ba setadiamo ba kopa, batho ba ne ba itsisiwe ka boripana gore ba tswe ka bonako mo setadiamong. E ne ya re fa batho botlhe ba dira jalo ka mokgwa o o rulagantsweng sentle, badiredi ba bagolo ba setadiamo le mapodise ba ne ba tshwarwa ke kgakge. Ba ne ba ise ba ko ba bone sepe se se tshwanang le seno! Ba ne ba ba botsa gore a ba ne ba ikatisitse pele.

Ga go a fitlhelwa bomo epe, mme mo letsatsing le le latelang thulaganyo e ne ya lelefadiwa gore e akaretse dipuo tse di neng tsa se ka tsa neelwa ka Matlhatso. Balaodi ba setadiamo ba ne ba itumelela tsela e kopano eno e tsamaileng ka yone.

Kwa Gerika le Kwa Dinageng Tse Dingwe

Mo mafelobekeng a bofelo a August le a ntlha a September, go ne ga tshwarwa dikopano tsa kgaolo tsa puo ya Se-Russia le kwa Gerika—ya ntlha kwa Athena mme morago ga moo kwa Thesalonika. Palogotlhe ya batho ba ba neng ba le teng e ne e le 746, mme go ne ga kolobediwa ba le 34. Go na le diphuthego di le 8 tsa Se-Russia kwa Gerika le ditlhotswana di le 17 tsa bafaladi ba ba tswang kwa go se pele e neng e le direpaboliki tsa borwa tsa Soviet Union. Diphuthego tseno le ditlhotshwana tseno di tshwara dipokano tsa tsone ka Se-Russia le ka dipuo tse dingwe tse di buiwang ke bafaladi.

Gareng ga batho ba ba neng ba kolobediwa kwa Athena go ne go na le Victor. E ne e le molatolamodimo pele, mme ka August 1998 o ne a nna teng kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa Athena, koo mosadi wa gagwe a neng a kolobediwa gone. O ne a bolela gore o ne a kgatlhwa ke lorato lo batlakopanong ba neng ba lo bontsha mo e leng gore o ne a tlhotlheletsega go ithuta Baebele.

Monna mongwe yo o bidiwang Ighor o ne a amogela khopi ya buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mme morago ga gore a e bale o ne a latlha ditshwantsho tsotlhe tsa gagwe tsa bodumedi. E bile o ne a simolola go ipitsa Mosupi wa ga Jehofa. E ne ya re fa a sena go kwalela ofisi ya lekala kwa Athena le go etelwa ke Basupi ka November 1998, ka bonako fela o ne a nna teng kwa pokanong ya ntlha ya phuthego mme ga a ise a ko a foswe ke dipokano dipe fa e sa le ka nako eo. Jaanong, morago ga go kolobediwa, Ighor o ikaeletse go nna modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa.

Batho ba ba buang Se-Russia ba ile ba fudugela kwa dinageng tse dingwe di le mmalwa mo lefatsheng tse re sa di umakang. Bontsi jwa batho bano le bone ba ipelela go ithuta Baebele ka kgololesego le go kopana ka kgololesego go obamela Modimo. Tshiamelo eno ke selo se se itumedisang eleruri mo go bone!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Direpaboliki di le 15 tse gone jaanong e leng dinaga tse di ikemetseng ka nosi ke tseno: Armenia, Azerbaijan, Belarus, Estonia, Georgia, Kazakhstan, Kyrgyzstan, Latvia, Lithuania, Moldova, Russia, Tajikistan, Turkmenistan, Ukraine le Uzbekistan.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Ba-Russia ba ba Ratang Baebele

Mokanoki mongwe yo o tlotlegang thata wa bodumedi kwa Russia e bong porofesa Sergei Ivanenko, o ne a tlhalosa Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba ithutang Baebele ka tlhoafalo eleruri. Mo bukeng ya gagwe ya bosheng jaana e e kwadilweng ka Se-Russia, ya O lyudyakh, nikogda nye rasstayushchikhsya s bibliey (Batho Ba le Ka Motlha ba sa Kgaoganeng le Dibaebele Tsa Bone), o ne a kwala jaana ka se se neng sa ba diragalela bogologolo kwa Soviet Union: “Tota le fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba feleletsa ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go latola dilo tse ba neng ba di dumela, ba ne ba bona ditsela tsa go dirisa Baebele.” Go bontsha seno, o ne a anela boitemogelo jono jo bo latelang.

“Magolegwa a ne a sa letlelelwa go nna le Baebele. Dibaebele di ne di tsewa fa go ne go phuruphutshiwa. Kwa go nngwe ya dikampa tse di kwa Bokone, go ne go na le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo e leng ramotlakase mme o ne a boloka dibuka tsa Baebele mo lefelong lengwe le le neng le fetisa motlakase le le neng le na le maatla a magolo a motlakase. Karolo nngwe le nngwe ya Baebele e ne e bofeletswe ka mogala mo terateng nngwe e e kgethegileng mme monna yono ke ene fela yo a neng a itse gore ke mogala ofe o a neng a tshwanetse go o goga gore a kgone go ntsha karolo e e rileng ya Baebele—ka sekai, go ntsha Efangele ya ga Mathaio—kwantle ga gore a tlabolwe ke motlakase. Gone mme ga go na phuruphutsho epe e e neng ya atlega, le fa balebedi ba ne ba phuruphutsha thata go le kana kang, mme ka jalo Baebele eno e e tlhomologileng ga e a ka ya bonwa.”

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Basupi ba ga Jehofa Ba Kwadisiwa Gape Kwa Russia

E setse e le dingwaga di feta di le lekgolo fa e sa le Basupi ba ga Jehofa ba bolela ka tlhagafalo ka Bogosi jwa Modimo kwa Russia. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dithibelo tsa puso, kwa tshimologong Basupi ga ba ka ba amogelwa semolao go fitlha ka March 27, 1991. Ka nako eo, ba ne ba kwadisitswe ka leina la Tsamaiso ya Mekgatlho ya Bodumedi Jwa Basupi ba ga Jehofa mo U.S.S.R.

Ka September 26, 1997, molao mongwe wa “Malebana le Kgololesego ya Segakolodi le Mokgatlho wa Badumedi” o ne wa tlhomiwa. Molao ono o mosha o ne wa anamisiwa thata ke babegadikgang mo lefatsheng lotlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne ba le bantsi ba ne ba tsaya gore karolo nngwe ya molao ono e ne e tlile go leka go thibela ditiro tsa bodumedi tsa madumedi a mannye kwa Russia.

Ka jalo, le fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lole ka thata jaana gore ba kwadisiwe ka 1991, molao o mosha wa Russia wa Kgololesego ya Segakolodi o ne o batla gore bone, mmogo le mekgatlho yotlhe e mengwe ya bodumedi, e kwadisiwe gape. Seno se ne sa tsosa dipotso di le mmalwa. A seno se ne se bontsha gore puso ya Russia e boela kwa mokgweng wa yone wa go gatelela Basupi ba ga Jehofa? Kana a go letlelelwa ga bodumedi le kgololesego ya kobamelo tse di ileng tsa tlhomamisiwa tlase ga Molaomotheo wa Lekgotla la Russia di ne di tla engwa nokeng?

Karabo e ne ya tla kgabagare. A bo Basupi ba ne ba ipela jang ne fa ba ne ba amogelwa gape semolao fa Lephata la Bosiamisi la Russia le ne le ntsha lekwalo la go kwadisa “Tsamaiso ya Basupi ba ga Jehofa mo Russia,” semolao ka April 29, 1999!

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kopano ya ntlha ya kgaolo ya puo ya Se-Russia kwa United States

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Terama ya Baebele e e neng e tshamekwa kwa New York ke Phuthego ya Se-Russia ya Los Angeles

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Batho bano ba ba 14 ba ba kolobeditsweng kwa New York ba tswa kwa direpaboliking di le thataro tse pele e neng e le tsa Soviet Union

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Batho ba ba fetang 15 000 ba ne ba kokoana kwa Olympic Stadium kwa Moscow