Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bomang Makgoba Gompieno?

Ke Bomang Makgoba Gompieno?

Ke Bomang Makgoba Gompieno?

AKANYA fela ka dipalopalo tseno. Go lekanyediwa gore bana ba ba gareng ga dimilione di le 200 le di le 250 ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 15 ba fetsa bontsi jwa diura tse ba tsogileng ka tsone ba bereka. Bana ba ba ka nnang kwatara ya milione, bao bangwe ba bone ba nang le dingwaga di le supa fela, ba ne ba tsenngwa mo bosoleng mo dingwageng tsa gareng ga 1995 le 1996 fela, ka gone bangwe ba bone ba fetogile makgoba a ntwa. Palo ya basadi le bana ba ba rekisiwang e le makgoba ngwaga le ngwaga go lekanyediwa gore e feta milione.

Mme le fa go ntse jalo, dipalopalo tseno ka botsone ga di kgone go senola tlalelo e batho bano ba leng mo go yone. Ka sekai, kwa nageng nngwe e e kwa bokone jwa Afrika, mokwadi e bong Elinor Burkett o ne a kopana le Fatma, mosadi mongwe yo mosha yo o neng a kgona go ngwegela mong wa gagwe yo o setlhogo. Le fa go ntse jalo, morago ga gore Burkett a bue le ene, o ne a lemoga gore Fatma o “tla nna lekgoba ka bosakhutleng, mo mogopolong wa gagwe.” A go ka tsamaya ga direga gore Fatma a akanye ka isagwe e e botoka? Burkett o bolela jaana: “Ga a kgone le go akanya fela gore go tla diragalang ka moso mo mosong. Isagwe ke nngwe ya dilo tse dintsi tsa mogopolo tse a se nang tsone.”

Ee, mo lobakeng lone leno, dimilione tsa bengkarona ke makgoba a a se nang boithesepe. Ke ka ntlha yang fa batho bano botlhe ba nna makgoba, gone go tla jang gore ba nne makgoba? Ba latlhelwa mo mefuteng efe ya bokgoba?

Bagwebi ba Batho

Boroutšhara bongwe jwa bojanala jo bo anamisiwang kwa United States bo buile puo phaa fa bo ne bo re: “Maeto a bojanala a tlhakanelodikobo kwa Thailand. Basetsana ba mmatota. Tlhakanelodikobo ya mmatota. Ka tlhwatlhwatlase. . . . A o ne o itse gore o ka reka lekgarebane ka $200 [R1 230] fela?” Se boroutšhara jono bo sa kang jwa se bolela ke gore “makgarebane” ano go ka direga gore a tserwe ka dikgoka kana a rekisitswe ka dikgoka kwa mafelong a diaka, kwa ba dirisiwang teng go robala le batho ba ka nna 10 go ya go 20 ka letsatsi. Fa ba sa tlhakanele dikobo le bone, ba a itewa. Fa lefelo lengwe la diaka le ne le jewa ke molelo kwa Setlhaketlhakeng sa Phuket, e leng lefelo lengwe la bojanala kwa borwa jwa Thailand, diaka di le tlhano di ne tsa sha lore! Ka ntlha yang? Ka gonne beng ba bone ba ne ba ba bofeletse ka diketaane mo malaong a bone gore ba se ke ba ngwega.

Makgarebe ano a tswa kae? Go bolelwa fa karolo eno ya madirelo a tlhakanelodikobo e tladitswe ka basetsana le basadi ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe ba ba tserweng ka dikgoka, ba tlisiwa ka patelelo le go rekisiwa go nna diaka. Kgwebo ya lefatshe lotlhe ya tlhakanelodikobo e a atlega ka ntlha ya khumanego kwa dinageng tse di tlhabologang, go huma thata kwa dinageng tse di humileng le dipuso tse di itlhokomolosang kgwebo ya lefatshe lotlhe ya makgoba le ya batho ba ba ithekisang go nna makgoba.

Mekgatlho ya basadi kwa Borwabotlhaba jwa Asia e lekanyeditse gore go tloga kwa bogareng jwa bo1970 go ya kwa masimologong a bo1990, go rekisitswe basadi ba le dimilione di le 30 mo lefatsheng lotlhe. Batho ba ba gwebang ka batho ba tsamaya ba sasanka kwa diteisheneng tsa terena, kwa metsaneng e e humanegileng le kwa diterateng tsa ditoropo ba batlana le basetsanyana le basadi ba ba lebegang ba ka kgona go dirisiwa. Gantsi go tsewa batho ba ba sa rutegang, dikhutsana, ba ba latlhilweng kana ba ba humanegileng. Ba newa ditsholofetso tse e seng tsa boammaaruri tsa gore ba tla newa ditiro, ba romelwe kwa dinageng di sele mme ba rekisiwe kwa mafelong a diaka.

Fa e sa le dinaga tsa Bokomonisi di phutlhama ka 1991, go simolotse setlhopha se sesha sa basetsana le basadi ba ba humanegileng. Go tlosiwa ga melao, go dira gore dilo tse pele e neng e le tsa setšhaba jaanong e nne tsa poraefete le boemo jo bo ntseng bo gola jwa go sa lekalekane ka maemo di dirile gore tlolomolao, lehuma le go tlhoka ditiro go aname. Basadi le bana ba bantsi ba basetsana ba kwa Russia le kwa Botlhaba jwa Yuropa ba setse ba fetogile motswedi o mogolo o o direlang setlhopha sa lefatshe lotlhe sa diaka madi. Anita Gradin yo o kileng ya bo e le Mokomisinara wa Tolamo wa kwa Yuropa o boletse jaana: “Go na le dikotsi tse dinnye thata fa o gweba ka batho go feta fa o gweba ka diokobatsi.”

Go Latlhegelwa ke Nako ya Bongwana

Kwa feketiring nngwe e nnye e e dirang dikhapete kwa Asia, bana ba bannye ba go tloga ka dingwaga di le tlhano ba dira go tloga ka ura ya 4 mo mosong go fitlha ka ura ya 11 bosigo ba sa duelwe sepe. Mo maemong a mantsi bana bano ba ba berekang ka thata jaana ba lebana le dikotsi tse dintsi tsa botsogo: metšhine e e kotsi, go bereka diura tse dintsi thata mo lefelong le le se nang lesedi le le lekaneng le mo tikologong e e se nang moya o o lekaneng le go bereka ka dikhemikale tse di kotsi. *

Ke ka ntlha yang fa bana ba batliwa thata jaana gore e nne bone babereki? Ka gonne go berekisa bana go tlhwatlhwatlase e bile ka gonne ka tlholego bana ba laolega motlhofo, go motlhofo go ba kgalema e bile gape ba tshaba go ngongorega. Bahiri ba bone ba ba setlhogo ba bona mebelenyana ya bone le menwana ya bone e e bonako e le selo se se ka ba thusang thata go dira mefuta e e rileng ya ditiro, e e jaaka go loga dikhapete. Gantsi bana ba ba ntseng jalo ba newa ditiro, fa batsadi ba bone ba ntse kwa gae, ba se na ditiro.

Go oketsa tshotlego ya bone, bana ba ba berekang kwa matlong ba sotliwa motlhofo ka tlhakanelodikobo le ka go teketiwa. Bana ba bantsi ba tsewa ka dikgoka, ba isiwe kwa dikampeng tse di kwa kgakala le legae le go bofiwa ka dikeetane bosigo gore ba se ke ba ngwega. Motshegare, ba ka nna ba dirisiwa go aga ditsela le go epa matikiri.

Tsela e nngwe gape e bana ba dirwang gore ba se ka ba itumelela dingwaga tsa bone tsa bongwana ka yone ke ka go patelediwa go nyalwa. Anti-Slavery International e tlhalosa kgang nngwe e e diragetseng jaana: “Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 12 o bolelelwa gore lelapa la gaabo le rulagantse gore a nyalwe ke monna mongwe wa dingwaga di le 60. Fa go buiwa, ga twe a ka kgona go gana, mme totatota ga a newe sebaka seo sa go diragatsa tshwanelo eo e bile ga a itse le go itse gore a ka gana.”

Makgoba a Sekoloto

Babereki ba le makgolo a le dikete ba tshwerwe ke bahiri ba bone le go bewa kwa mafelong a ba berekelang mo go one gore go duelwe madi mangwe a ba a adimilweng kana a a adimilweng batsadi ba bone. Ka tlwaelo, mokgwa wa go patelela motho yo mongwe go bereka o dirwa thata kwa dikgaolong tsa temo, kwa babereki ba dirang jaaka batlhanka fela kana jaaka balemirui. Mo maemong mangwe, dikoloto tseno di fetisediwa go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe, go tlhomamisa gore maloko a lelapa leo a nnela batshwarwa ruri. Mo maemong a mangwe, bahiri ba ba kolotiwang madi ba rekisetsa mohiri yo mosha sekoloto sa bone. Mo maemong a a maswe thata, badiri ba ba patelelwang go bereka ga ba duelwe sepe mo go se ba se dirang. Kana ba ka nna ba newa madinyana a a rileng go sa le gale mme ba tshwanetse go a busa fa ba amogela, mme seno se nne se boaboelediwe gantsintsi, e le gore ba nne goyagoile le mohiri wa bone.

Bokgoba Jwa Sedumedi

Binti wa kwa Afrika Bophirima, o na le dingwaga di le 12 mme ke mongwe wa basetsana ba le dikete ba ba direlang e le trocosi, mo go rayang “makgoba a medimo” ka puo ya Se-Ewe. O ne a patelediwa go tshela botshelo jwa bokgoba le go duelela tlolomolao e a sa e dirang—go betelelwa ga ga mmaagwe mo go dirileng gore a tsalwe! Gone jaanong tiro e le yosi e a e dirang ke go direla moruti mongwe wa mo lefelong la bone wa boselamose ditiro tsa mo gae. Moragonyana, ditiro tsa ga Binti di tla oketsega go akaretsa gore a tlhakanele dikobo le moruti yono, yo e leng mong wa gagwe. Ka jalo fa Binti a le mo dingwageng tsa bogare o tla emisediwa ka yo mongwe—moruti o tla bona basetsana ba bangwe ba bantle gore e nne bo-trocosi.

Jaaka Binti, diketekete tsa batho ba ba leng mo bokgobeng jwa sedumedi ba ntshiwa ke ba malapa a bone gore ba nne makgoba go letlanyetsa tiro nngwe e go tsewang e le boleo kana tlolomolao e e dirilweng kgatlhanong le molawana mongwe o o boitshepo. Kwa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, basetsana le basadi ba patelelwa go dira ditiro tsa bodumedi le go tlhakanela dikobo le baruti kana batho ba bangwe—go bolelwa gore basadi bao ba nyetswe ke modimo. Mo maemong a mantsi basadi ba dira ditirelo tse dingwe tse ba sa di duelelweng. Ga ba a letlelelwa go fuduga kwa ba nnang teng kana kwa ba berekang gone e bile gantsi ba nna mo botlhankeng jono ka dingwaga di le dintsi.

Mokgwa o o Tlwaelegileng wa go Dira Batho Makgoba

Le fa gone dinaga di le dintsi di bolela gore di fedisitse bokgoba semolao, kwa dikgaolong tse dingwe go boetswe gape kwa mokgweng o o tlwaelegileng wa go dira batho makgoba. Gantsi seno se diragala kwa dikgaolong tse di aparetsweng ke dikgotlhang tsa selegae kana ntwa. Anti-Slavery International e bega jaana: “Kwa mafelong a go lowang kwa go one molao ga o tlhole o latelwa mme masole kana digopa tse di tsholang dibetsa ba kgona go patelela batho gore ba ba berekele ba sa ba duele . . . ba sa boife gore ba tla otlhaiwa; ditiro tse di ntseng jalo di ne tsa begiwa segolobogolo kwa mafelong a a laolwang ke ditlhopha tse di tlhometseng tse puso ya tsone e iseng e amogelwe mo lefatsheng lotlhe.” Le fa go ntse jalo, mokgatlho one ono o boletse gape gore “bosheng jaana gape go ile ga begwa gore masole a puso a patelela baagi go dira jaaka makgoba, e leng selo se se seng kafa molaong. Gape go ile ga begwa gore masole le digopa tse di tsholang dibetsa di tsenetse kgwebo ya makgoba, ba rekisa batho ba ba ba gapileng gore ba berekele ba bangwe.”

Ka maswabi, phutso ya bokgoba e sa ntse e khidia batho ka ditsela tse dintsi le mekgwa e e sa lemosegeng. Ema go sekae mme o akanye gape ka dipalopalo tse di amegang—dimilione tsa batho ba ba bogang e le makgoba go ralala lefatshe. Mme o akanye lekgoba le le lengwe kana a le mabedi a segompieno a o sa tswang go bala ka dikgang tsa bone mo ditsebeng tseno—gongwe Lin-Lin kana Binti. A o batla go bona tlolomolao ya bokgoba jwa segompieno e emisitswe? A go tla ke go diragale gore bokgoba bo fedisiwe gotlhelele? Pele ga seno se ka direga, go tshwanetse ga dirwa diphetogo tse dikgolo. Tsweetswee bala ka tsone mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di buang ka go berekisiwa ga bana mo makasineng wa Tsogang! ya June 8, 1999.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

GO SENKA THARABOLOLO

Mekgatlho e e farologaneng ya puso, e e jaaka United Nations Children’s Fund le International Labor Organization e tshwere phage ka mangana e leka go loga maano a go fedisa bokgoba jwa segompieno le go diragatsa maano ao. Mo godimo ga moo, mekgatlho e mengwe e mentsintsi e e seng ya puso, e e jaaka ya Anti-Slavery International le Human Rights Watch le yone e lekile ka natla go lemosa batho ka bokgoba jwa segompieno le go golola bagolegwa ba jone. E mengwe ya mekgatlho eno e leka go dira gore go simololwe go dirwe matshwao a a kgethegileng a a tla supang gore dilwana ga di a dirwa ke makgoba kana ka go berekisa bana ka thata. Mekgatlho e mengwe e ikuela kwa pusong kwa dinageng tse “bojanala jwa tlhakanelodikobo” bo simologileng gone gore go tlhongwe molao wa gore batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba otlhaiwe fa ba boela kwa nageng ya bone. Batho bangwe ba e leng balwela ditshwanelo tsa botho ba ne ba bo ba naya bagwebi ba makgoba le baokamedi ba bone madi a mantsi thata gore ba golole makgoba a mantsi kafa ba ka kgonang ka teng. Seno se tsositse dipuopuo, e re ka ditiro tse di ntseng jalo di ka simolola kgwebo e e dirang madi a mantsi ya makgoba le go dira gore ba oketse tlhwatlhwa ya bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basetsanyana ba bantsi ba patelelwa go nyalwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

UNITED NATIONS/J.P. LAFFONT

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Makgoba a a tshwerweng a fodile mola gore ba ye go bona dijo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ricardo Funari

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Ka dinako tse dingwe bana ba bannye ba patelelwa go nna masole

[Motswedi wa Setshwantsho]

UNITED NATIONS/J.P. LAFFONT