Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?

Ke ka Ntlha Yang fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?

“Ke ne ke na le ditsala di le mmalwa . . . Mme ba simolola go tlwaelana le mosetsana yo mongwe mme e ne e re fa ke ya kwa go bone, ba ne ba didimala. . . . Ba ne ba simolola go intlhokomolosa mo dilong tsotlhe. Go ne ga nkutlwisa botlhoko tota.”—Karen. *

SENO se ka diragalela le ditsala tse di ntshanang seinong. Letsatsi lengwe bobedi jono ke monwana le lenala; letsatsi le le latelang le go buisana ga ba buisane. Nora wa dingwaga di le 17 o bolela jaana: “Tsala e tshwanetse go nna mongwe yo o ka ikaegang ka ene le go mo ikanya, mongwe yo o ka lebang kwa go ene mo maemong le fa e le afe.” Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe tsala ya gago e kgolo e ka simolola go itshwara jaaka mmaba wa gago yo mogolo.

Botsala bo mo Kotsing

Ke eng se se dirang gore ditsala tse di utlwanang thata di fetoge e nne baba? Mo go Sandra, bothata bo simologile fa tsala ya gagwe e bong Megan a ne a adimile bolaose bongwe jwa gagwe jo a bo ratang thata. Sandra o bolela jaana: “Fa a bo busa, bo ne bo le leswe e bile bo gagogilenyana mo letsogong. Ga a ka a itshwenya le go mpolelela, e kete ga nkitla ke lemoga.” Sandra o ne a ikutlwa jang ka go se akanyetse ga ga Megan? O bolela jaana: “Ke ne ke galefile tota. Go ne go nthaya gore ga a tlotle dilo tsa me . . . kana maikutlo a me.”

O ka utlwisiwa botlhoko gape ke fa tsala ya gago e dira kana e bua sengwe se se go tlhabisang ditlhong. Seno se ne sa diragalela Cindy fa a ne a bolelela setlhopha sa bana ba a neng a tsena sekolo le bone gore o ne a ise a bale buka e a neng a tshwanetse go kwala pego ka yone. Ka tshoganetso fela, tsala ya gagwe e bong Kate a simolola go mo tlhasela ka mafoko. Cindy o gakologelwa jaana: “O ne a ntlhabisa ditlhong fa pele ga setlhopha sa ditsala tsa rona. Ke ne ke mo galefetse tota. Dilo di ne tsa fetoga morago ga tiragalo eo.”

Ka dinako tse dingwe ditsala di a katogana fa tsala e nngwe e simolola go fetsa nako e ntsi e na le balekane ba basha. Bonnie wa dingwaga di le 13 o bolela jaana: “Ke ne ke na le tsala nngwe e e molemo thata e e neng ya simolola go tlwaelana le segongwananyana sengwe. O ne a simolola go intlhokomolosa.” Kana e ka tswa e le gore o simolola go lemoga maikaelelo mangwe a a bofitlha mo tsaleng ya gago. Joe wa dingwaga tse 13 o bolela jaana: “Nna le Bobby re ne re le ditsala tse di ntshanang seinong. Ke ne ke akanya gore o nthatela se ke leng sone, mme ke ne ka bona moragonyana gore o nthata fela ka gonne rre a bereka mo dipapatsong mme ka metlha a kgona go bona dithekethe tsa metshameko le tsa dikonsarata.” Joe o ikutlwa jang gone jaanong? O bolela jaana: “Ga nkitla ke tlhola ke ikanya Bobby!”

Mo maemong a mangwe tsala e ka nna ya bolelela ba bangwe tshedimosetso e o neng o batla gore e nne khupamarama. Ka sekai, Allison o ne a bua le tsala ya gagwe e bong Sara ka bothata bongwe jwa modirimmogo le ene jo e leng sephiri. Letsatsi le le latelang Sara o ne a umaka seno fa pele ga modirimmogo yono. Allison a re: “Ke ne ke sa itse gore a ka nna le molomo o mogolo jaana! Ke ne ke shakgetse tota.” Rachel wa dingwaga di le 16 le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang fa tsala ya gagwe e e gaufi e ne e bolelela ba bangwe sengwe se ba tlotlileng ka sone mo sephiring. Rachel o bolela jaana: “Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong e bile gape ke na le maikutlo a gore o ntshwabisitse. Ke ne ka akanya gore, ‘A ke tla tlhola ke mmulela mafatlha a me gape?’”

Botsala bo ka lo thusa go nonotshana mo maikutlong, segolobogolo fa yo mongwe a amega ka yo mongwe, lo ikanyana e bile lo tlotlana. Le fa go ntse jalo, le e leng ditsala tse dikgolo di ka nna le mathata. Baebele e akgela jaana ka tshosologo: “Go na le balekane ba ba sekametseng mo go senyaneng.” (Diane 18:24, NW) Go sa kgathalesege gore bothata ke bofe, go ka utlwisa botlhoko fa o ikutlwa gore o swabisitswe ke tsala. Ke ka ntlha yang fa seno se direga?

Lebaka La go Bo Botsala bo Senyega

Ga go na batho bape ba e leng ditsala—e ka tswa e le basha kana bagolo—ba ba se kitlang ba nna le mathata. Ee, ke fela jaaka morutwa wa Mokeresete e bong Jakobe a kwadile: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2; 1 Johane 1:8) E re ka rotlhe re dira diphoso, go tshwanetse ga lebelelwa gore go ise go ye kae tsala e tla dira kana e bue sengwe se se tla go utlwisang botlhoko. O ka nna wa bo wa gakologelwa nako e le wena o kileng wa utlwisa motho yono botlhoko ka yone. (Moreri 7:22) Lisa wa dingwaga di le 20 o bolela jaana: “Rotlhe ga re a itekanela mme re tlile go utlwisana botlhoko ka nako nngwe.”

Kwantle ga go sa itekanela ga batho, go na le mathata a mangwe gape a a ka akarediwang. Gakologelwa gore fa o ntse o gola, dilo tse o di ratang—mmogo le tse di ratwang ke ditsala tsa gago—di a fetoga. Ka jalo, batho ba babedi ba ba kileng ba bo ba leba dilo ka tsela e e tshwanang ba ka nna ba fitlhela gore jaanong ka iketlo ba nna ba nna le ditsela tse di farologaneng tsa go leba dilo. Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a bua jaana a hutsafetse ka tsala ya gagwe e kgolo: “Ga re tlhole re founelana thata jaaka pele mme fa re bua, ga re tlhole re dumalana mo go sepe fela.”

Gone mme, go kgaogana fela ke kgang e nngwe. Mme ke ka ntlha yang batho ba bangwe ba utlwisa ditsala tsa bone botlhoko? Gantsi ke go nna lefufa. Ka sekai, go ka nna ga direga gore tsala ya gago e simolole e sa go rate ka ntlha ya ditalenta tsa gago kana dilo tse o kgonang go di dira. (Bapisa Genesise 37:4; 1 Samuele 18:7-9.) Jaaka Baebele e bolela, “lefufa ke sebodu mo marapong.” (Diane 14:30, NW) Le godisa bopelotshetlha le tšhakgalo. Le fa go ka tswa go bakwa ke eng, o ka dirang fa tsala ya gago e go utlwisitse botlhoko?

Go Baakanya Dilo

Rachel o bolela jaana: “Sa ntlha, ke leba motho yono mme ke leke go tlhomamisa gore a o dirile ka boomo.” Fa go buiwa ka wena kana ga dirwa sengwe se o ikutlwang gore ke go go tlontlolola, o se ke wa laolwa fela ke maikutlo a nako eo. Mo boemong jwa moo, nna pelotelele mme o akanye gape ka seno. (Diane 14:29) A tota go galefela go tlontlololwa gono ga gago go tla tokafatsa boemo? Fa o sena go akanyetsa maemo ka kelotlhoko, o ka nna wa tlhopha go latela kgakololo e e mo go Pesalema 4:4, (NW): “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa. Buelang mo pelong ya lona, mo bolaong jwa lona, mme lo didimale.” Ka go dira jalo o ka nna wa tlhopha go tlogela ‘lorato lo bipe letshutitshuti la maleo.’—1 Petere 4:8.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa o ikutlwa gore o ka se itlhokomolose boitshwaro jono jo bo go utlwisitseng botlhoko? Mo boemong jo bo ntseng jalo, go ka nna botoka gore o buisane le motho yono. Frank wa dingwaga di le 13 o bolela jaana: “Kopanang mmogo, lo le babedi fela mme lo buisane ka se se diragetseng. Fa o sa dire jalo, o tlile go mo tshwara ka pelo.” Susan wa dingwaga di le 16, le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Selo se se molemolemo se o ka se dirang ke go ba bolelela gore o ne o ba ikanya mme ba go swabisitse.” Jacqueline le ene o rata gore go rarabololwe dilo le motho ka boene. A re: “Ke leka go buisana le motho ka bothata jono. Gantsi motho yono o kgona go go bolelela se se mo maikutlong a gagwe mme lo kgona go rarabolola bothata gone fela foo.”

Gone mme o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o se ke wa buisana le tsala ya gago o galefile. Baebele e bolela jaana: “Motho yo o šakgalang bobe o tlhotlheletsa kgang, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano.” (Diane 15:18) Ka jalo emela go fitlha o kokobetse pele ga o ka leka go rarabolola bothata. Lisa o dumela jaana: “Kwa tshimologong o shakgetse tota mme o tshwanetse wa emela go fitlha o kokobetse. Emela go fitlha o sa tlhole o galefetse motho yono thata. Go tswa foo o ka nna wa ya kwa mothong yono mme wa nna fa fatshe le go tlotla dilo ka kagiso le ene.”

Lefoko la konokono ke “kagiso.” Gakologelwa gore boikaelelo jwa gago ga se go bolelela tsala ya gago tse a letseng a di ja ka tlala. Ke go rarabolola dilo ka kagiso le gore fa go kgonega, lo boe lo nne ditsala gape. (Pesalema 34:14) Ka jalo bua go tswa pelong. Lisa o akantsha jaana: “O ka nna wa re, ‘Ke tsala ya gago mme le wena o tsala ya me; mme ke batla go itse fela gore go diragetseng.’ O tlhoka go itse lebaka le le dirileng gore a dire se a se dirileng. Fa o le itse, gantsi ga go thata go lebana le boemo joo.”

Go tla bo go sa siama go leka go ipusolosetsa, gongwe ka go seba ka motho yono le go leka go dira gore ba bangwe ba eme le wena. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwalela Baroma jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Ke boammaaruri gore go sa kgathalesege gore o go utlwisitse botlhoko go le kana kang, go ipusolosetsa go tla dira dilo maswe le go feta. Nora o bolela jaana: “Go ipusolosetsa ga go thuse sepe ka gonne ga lo kitla lo tlhola lo nna ditsala gape.” Mo boemong jwa moo, o okeditse ka gore go dira bojotlhe jwa gago go siamisa botsala jwa lona “go tla dira gore o ikutlwe o le motho yo o botoka.”

Mme go tweng fa e le gore tsala ya gago ga e tsibogele maiteko a gore lo boelane gape? Mo boemong jo bo ntseng jalo, gakologelwa gore ditsala di nna ka mefuta e e farologaneng. Mogakolodi wa tsa malapa e bong Judith McCleese o bolela jaana: “Ga se mongwe le mongwe yo o mmitsang tsala yo o tla nnang tsala e lo ntshanang seinong le yone. Lemoga gore o ka nna le mefuta e e farologaneng ya ditsala.” Le fa go ntse jalo, o ka gomodiwa ke gore o dirile karolo ya gago go dira gore lo boe lo agisane gape. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

Mathata a tla wela le e leng ditsala tse dikgolo. Fa o ka kgona go itshokela mathata o sa letle gore a senye tsela e o lebang ba bangwe ka yone kana e o itebang ka yone, o tla kgona go tswelela sentle go nna mogolo yo o nang le boikarabelo. Le fa gone bangwe ba ka nna ba ‘sekamela mo go senyaneng,’ Baebele e re tlhomamisetsa gape gore “go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarraa motho.”—Diane 18:24NW.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

O ka nna wa baakanya botsala ka go buisana ka se se diragetseng