Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo e e Tlhomameng

Tsholofelo e e Tlhomameng

Tsholofelo e e Tlhomameng

MO E batlileng e nna dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, Jesu, yo gantsi a bidiwang monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, o ne a atlholelwa loso go ne go sa tshwanela. Fa a ntse a pegilwe mo koteng ya tlhokofatso, modirabosula mongwe yo o neng a pegilwe fa thoko ga gagwe o ne a mo sotla jaana: “O Keresete, ga ke re? Ipoloke o bo o re boloke.”

Ka nako eo, modirabosula yo mongwe yo le ene a neng a atlholetswe loso o ne a kgala monna yono ka bogale a re: “A ga o boife Modimo ka gope, e re ka jaanong o le mo katlholong e e tshwanang? E bile rona, eleruri, re mo go yone ka tshiamiso, gonne re amogela ka botlalo se se re tshwanelang ka ntlha ya dilo tse re neng ra di dira; mme monna yono ene ga aa dira sepe se se duleng mo tseleng.” Morago ga moo o ne a retologela kwa go Jesu mme a mo kopa jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.”

Jesu o ne a mo araba jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaeseng.”—Luke 23:39-43.

Jesu o ne a mmeela tsholofelo e e molemolemo. Moaposetoloi Paulo o ne a bona kafa tsholofelo eno e neng ya ama Jesu ka gone, fa a akgela jaana: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong.”—Bahebera 12:2.

Mo ‘boipelong’ jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga ga Jesu, go ne go akarediwa tebelelo ya go ipelela go tshela gape le Rraagwe kwa legodimong le go nna Mmusi wa Bogosi jwa Modimo kgabagare. Gape, o ne a tla ipelela go amogela kwa legodimong balatedi ba gagwe ba ba lekilweng le ba ba ikanyegang ba ba tlileng go busa le ene e le dikgosi mo godimo ga lefatshe. (Johane 14:2, 3; Bafilipi 2:7-11; Tshenolo 20:5, 6) Ka gone, Jesu o ne a bolela eng fa a ne a solofetsa modirabosula yo o ikwatlhaileng gore o ne a tla nna mo Paradaiseng?

Modirabosula O na Le Tsholofelo Efe?

Monna yono o ne a sa tshwanelege go busa le Jesu kwa legodimong. Ga a balelwe mo palong ya batho bao Jesu a neng a ba raya a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:28, 29) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a solofetsa gore modirabosula yono o tla nna le ene kwa Paradaiseng. Tsholofetso eno e tla diragadiwa jang?

Monna le mosadi ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba bewa ke Jehofa Modimo mo Paradaiseng, tshimo ya boitumelo e e bidiwang Edene. (Genesise 2:8, 15) Tshimo eno ya Edene e ne e le mo lefatsheng, mme Modimo o ne a ikaeletse gore lefatshe lotlhe e nne paradaise. Le fa go ntse jalo, Adame le Efa ba ne ba tlola taolo ya Modimo mme ba ntshiwa mo legaeng leno le lentle la bone. (Genesise 3:23, 24) Mme Jesu o ne a bolela gore Paradaise e tla tsosolosiwa le gore e tla akaretsa lefatshe lotlhe.

Fa moaposetoloi Petere a ne a botsa Jesu gore ene le baaposetoloikaene ba ne ba tlile go bona tuelo efe ka ntlha ya go mo latela, Jesu o ne a solofetsa jaana: “Mo tlhōlongsesha, fa Morwa motho a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang, lona ba lo ntshetseng morago le lona ka bolona lo tla nna mo ditulong tse di lesome le bobedi tsa bogosi.” (Mathaio 19:27, 28) Se se kgatlhang ke gore, fa Luke a bega ka motlotlo ono, mo boemong jwa gore a re “mo tlhōlongsesha,” o nopola Jesu a re “mo tsamaisong e e tlang ya dilo.”—Luke 18:28-30.

Ka jalo, e tla re fa Jesu a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang kwa legodimong, mmogo le ba ba tlileng go busa le ene, o tla tlhoma tsamaiso e ntšha ya dilo ya tshiamo. (2 Timotheo 2:11, 12; Tshenolo 5:10; 14:1, 3) Ka puso ya ga Keresete ya selegodimo, boikaelelo jwa Modimo jwa ntlhantlha jwa gore lefatshe lotlhe e nne paradaise bo tla diragadiwa!

Ka nako ya puso eno ya Bogosi, Jesu o tla diragatsa se a neng a se solofetsa sesenyi se se neng sa swela fa thoko ga gagwe. O tla se tsosa, mme monna yono o tla nna mmusiwa wa ga Jesu wa selefatshe. Morago ga moo modirabosula yono o tla newa tshono ya go dira dilo tse Modimo a di batlang mme a tshelele ruri mo pusong ya Bogosi. Ruri re ka ipelela tebelelo e e theilweng mo Baebeleng ya go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng!

Botshelo bo ka Nna le Bokao

Akanya fela gore tsholofelo eno e e molemolemo e dira gore matshelo a rona a nne le bokao go le kana kang. E ka kgona go re thusa go sireletsa megopolo ya rona mo dilong tsa masetlapelo tse di bakwang ke go akanya dilo ka tsela e e sa siamang. Paulo o ne a tshwantsha tsholofelo eno le karolwana ya botlhokwa ya seaparo sa phemelo sa semoya. O ne a bolela gore re tshwanetse go apara “tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo.”—1 Bathesalonika 5:8; Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.

Tsholofelo eno e boloka motho a ntse a tshela. Mo Paradaiseng e e tlang, bodutu bo tla tseelwa sebaka ke dikeledi tsa boitumelo jaaka fa baratiwa ba rona ba tsosiwa ke “[Modimo yo] o tsosang baswi.” (2 Bakorintha 1:9) Mme go utlwisiwa botlhoko ke go koafala mo mmeleng, ditlhabi le go se kgone go tsamaya go tla bo go lebetswe, gonne “setlhotsa se tlaa [tlola] jaaka kwalata.” ‘Nama ya motho e tlaa šafala bogolo go ya ngwanyana,’ mme o tla “boela mo malatsing a bokau jwa gagwe.”—Isaia 35:6; Jobe 33:25.

Ka nako eo, fa “monni wa gona [a se] ketla a re: ‘Ke a bobola,’” go tlalelwa ka ntlha ya bolwetse jo bo sa foleng e tla bo e le selo se se sa tlholeng se gakologelwa. (Isaia 33:24) Go utlwisiwa botlhoko ke kgatelelo ya maikutlo e e sa feleng go tla fetolwa go nna “boitumelo jwa bosakhutleng.” (Isaia 35:10) Go itlhoboga gonne o na le bolwetse jo bo sa foleng go tla nyelela mmogo le loso ka bolone, mmaba wa bogologolo wa batho.—1 Bakorintha 15:26.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Nna o akantse thata ka tsholofelo e e molemolemo ya lefatshe le lesha la Modimo